1 DITIRAFALO 18

Diphenyo tsa ga Dafita

1 Morago ga moo Dafita a fenya Bafelesita, a ba dira batlhanka, a ba a ba amoga mošate wa Gathe le metsana ya ona.

2 A fenya le Bamoabe, le bone ba nna batlhanka ba gagwe ba mo ntshetsa lekgetho.

3 Dafita a ba a fenya Hatatesere kgosi ya Soba ntlheng ya Hamathe, jale fa a ya go tlhomamisa puso ya gagwe kwa nokeng ya Ferathe.

4 Dafita a mo amoga dikoloi tsa ntwa di le 1 000 le bapalami ba le 7 000 le banna ba le 20 000 ba dinao. Dafita a ba a golafatsa dipitse tsa dikoloi tsotlhe ka go di kgaola mesifa ya maoto, a sadisa dipitse di le 100 fela tsa tsona.

5 Mme ya re Basiria ba Damaseko ba tla go thusa Hatatesere kgosi ya Soba, Dafita a bolaya banna ba le 22 000 ba Basiria.

6 Dafita a ba a baya balebedi ba puso mo Siria wa Damaseko; Basiria ba nna balala ba ga Dafita ba ba mo ntshetsang lekgetho.Morenaa naya Dafita phenyo gongwe le gongwe kwa a yang teng.

7 Le gona Dafita a tsaya dithebe tsa gouta tse di neng di tshotswe ke batlhanka ba ga Hatatesere, a di isa kwa Jerusalema.

8 Dafita a ba a thopa kgotlho e ntsintsi kwa metseng ya ga Hatatesere kwa Tibegathe le kwa Khune. Salomo a dira lewatle la kgotlho le maotwana le didiri tsa kgotlho ka yona.

9 E rile Thou kgosi ya Hamathe a utlwa gore Dafita o fentse mephato yotlhe ya ga Hatatesere kgosi ya Soba,

10 a roma Hatorame morwawe kwa go kgosi Dafita go mmotsa bophelo le go mo eleletsa letlhogonolo, ka a tlhabanye le Hatatesere, a mo fenya – gonne Hatatesere o ne a ntse a tlhabana le Thou – a ba a romela Dafita dilo tsa mefutafuta tsa gouta le tsa selefera le tsa kgotlho.

11 Le tseo kgosi Dafita a di itshepisetsaMorenammogo le selefera le gouta tse o di tsereng mo ditšhabeng tsotlhe, kwa go Baetomo le Bamoabe le Baamone le Bafelesita le Baamaleke.

12 Mme Abisai morwa Seruya a bolaya Baetomo ba le 18 000 mo lebaleng la letswai.

13 Mme Dafita a baya balebedi ba puso ya gagwe kwa Etomo. Baetomo botlhe ba nna mo pusong ya gagwe.Morenaa mo naya phenyo gongwe le gongwe kwa a bololelang teng.

14 Dafita o ne a busa Iseraele yotlhe, a ntse a direla morafe otlhe wa gagwe ka molao le tshiamo.

15 Joabe morwa Seruya e ne e le molaodi wa mephato; Josafate morwa Ahilote e le seatla sa kgosi.

16 Satoke morwa Ahitube le Ahimelege morwa Abjathare e ne e le baperesiti, Sausa e le mokwaledi.

17 Benaya morwa Joyata e ne e le molaodi wa Bakerethi le Baphelethe, bafemedi ba kgosi; bomorwa Dafita ba pele ba thusa kgosi.