1 DITIRAFALO 17

Dafita o amogela tsholofetso ya Modimo ka moporofeti Nathane

1 E rile Dafita a ntse a nna mo ntlong ya gagwe, a raya moporofeti Nathane a re: “Bona, nna ke nna mo ntlong ya mesetere, mme Letlole la Kgolagano yaMorenalone le fa tlase ga masela a tente.”

2 Nathane a araba Dafita a re: “Dira tsotlhe tse di mo pelong ya gago; gonne Modimo o na nao.”

3 Mme ya re bosigo joo ga tla lefoko la Modimo kwa go Nathane la re:

4 “Yaa o ree Dafita motlhanka wa me o reMorenao bua jaana o re: ‘Ga se wena o tla nkagelang ntlo ya go nna mo go yona.

5 Kana go tloga letsatsing le ke ntshitseng Baiseraele kwa Egepeto ka lone go fitlha letsatsing leno ga ke ise nke ke nne mo ntlong, ka nna ka sepela ka tente ya Taberenakele.

6 Gongwe le gongwe kwa ke ntseng ke sepetse teng le Baiseraele botlhe, a nkile ka bua lefoko fela le mongwe wa basiamisi ba Iseraele yo ke neng ke mo laetse go fudisa morafe wa me ka re: Ke ka ntlha ya eng fa lo sa nkagela ntlo ya mesetere?’

7 “Jaanong he, raya Dafita motlhanka wa me jaana o re: ‘Morenawa masomosomo o bua jaana a re: Ke nna ke go tsereng kwa morakeng o setse dinku morago gore o nne moeteledipele wa morafe wa me wa Iseraele.

8 Ka nna nao gongwe le gongwe kwa o ne wa ya teng, ka nyeletsa baba botlhe ba gago fa pele ga gago. Le gona ke tla go direla leina le le tshwanang le leina la ba bagolo ba ba mo lefatsheng.

9 Ke tla beela morafe wa me wa Iseraele manno, ke o tlhoma gore o nne mo felong ga ona, mme o se ka wa tlhola o rerega gore ba ba setlhogo ba se tlhole ba o bogisa jaaka pele

10 go tloga malatsing a ke beileng basiamisi ka ona ba ba neng ba busa morafe wa me wa Iseraele; mme ke tla kokobetsa baba botlhe ba gago, ke be ke go itsise go re:Morenao tla go agela ntlo.

11 E tla re fa malatsi a gago a sena go tlala fa o ya go robala le borraago, ke tsose wa losika lwa gago sehularong sa gago yo o tla nnang wa bomorwao, ke tlhomamisa bogosi jwa gagwe.

12 Ene o tla nkagela ntlo, mme ke tla tlhomamisa sedulo sa gagwe sa bogosi ka bosakhutleng.

13 Ke tla nna rraagwe, ene a nne morwaake; mme ga nkitla ke tlosa bopelotlhomogi jwa me mo go ene jaaka ke bo tlositse mo go yo o neng a le pele ga gago.

14 Ke tla mmaya mo ntlong ya me le mo bogosing jwa me ka bosakhutleng; sedulo sa bogosi sa gagwe se tla tlhomama ka bosakhutleng.’ ”

15 Nathane a bolelela Dafita mafoko otlhe ao le pono yotlhe eo fela jaaka a laetswe.

Thapelo ya ga Dafita ya tebogo

16 Ke fa kgosi Dafita a tsena, a nna fa pele gaMorenaa re: “Nna ke mang,Morena, Modimo? Le lotso lwa me ke eng, mo o bileng o mphitlhisitse fano?

17 Mme tseo ke tse dinnye mo matlhong a gago, Modimo; o bile o solofeditse ba lapa la motlhanka wa gago tse di kwa kgakala, mme o mpona ke le mothalo wa losika lo lo bopeletseng lwa bana ba bana,Morena, Modimo.

18 Mme Dafita o sa ntse a ka go raya a reng? Kana o itse motlhanka wa gago.

19 Morena, ke ka ntlha ya motlhanka wa gago le ka fa pelong ya gago fa o dirile selo se segolo seo sotlhe sa go itsise tiro tse dikgolo tsotlhe.

20 Morena, ga go na ope yo o tshwanang nao; le gona ga go modimo ope kwa ntle ga gago gongwe le gongwe mo re go utlwetseng ka ditsebe.

21 Ke setšhaba sefe mo lefatsheng se se tshwanang le morafe wa gago o le osi wa Iseraele o Modimo o ileng wa o ithekololela gore e nne morafe wa ona gore o itirele leina ka ditiro tse dikgolo le tse di boitshegang, ka go leleka ditšhaba fa pele ga morafe wa gago o ò o rekolotseng kwa Egepeto?

22 Mme morafe wa gago wa Iseraele ò o dirile morafe wa gago ka bosakhutleng; wenaMorenao dule Modimo wa bone.

23 “Mme jaanongMorena, a lefoko le o le buileng ka ga motlhanka wa gago le ka ga lelapa la gagwe le tlhomame ka bosakhutleng, mme o dire jaaka o buile.

24 Foo leina la gago le tla ikanyega, le nna legolo ka bosakhutleng mo go tla bong go twe: ‘Morenawa masomosomo, Modimo wa Iseraele, ke ona Modimo wa Iseraele;’ foo lelapa la ga Dafita motlhanka wa gago le tla bo le tlhomame fa pele ga gago.

25 Gonne wena Modimo wa me o senoletse motlhanka wa gago gore o tla mo agela ntlo; ke ka moo motlhanka wa gago o nameditsweng pelo go rapela fa pele ga gago.

26 Mme jaanongMorena, ke wena Modimo, o buile tse di molemo tseo ka ga motlhanka wa gago.

27 Jaanong he, go kgatlhile wena go tshegofatsa lelapa la motlhanka wa gago gore le nne fa pele ga gago ka bosakhutleng; gonne se wenaMorenao se tshegofaditseng se tla bo se tshegofaditswe ka bosakhutleng.”