1 DITIRAFALO 15

Ba ipaakanyetsa go isa Letlole la Kgolagano kwa Jerusalema

1 Dafita a ba a ikagela matlo mo motseng wa gagwe, a ba a baakanyetsa Letlole la Modimo felo, a le tlhomela tente.

2 Ka nako eo Dafita a laela a re: “Letlole la Modimo le se ka la sikarwa ke ope fa e se Balefi fela; gonne ke bone baMorenao ba tlhaotseng go sikara Letlole laMorenale go mo direla ka metlha yotlhe.”

3 Jaanong Dafita a phuthela Baiseraele botlhe kwa Jerusalema gore Letlole laMorenale isiwe kwa felong ga lone mo a go le baakanyeditseng.

4 Dafita a ba a kgobokanya ba ga gabo Arone le Balefi:

5 Ba ga gabo Kahathe e ne e le Uriele yo mogolo le ba ga gabo ba le 120.

6 Ba ga gabo Merari e ne e le Asaya yo mogolo le ba ga gabo ba le 220.

7 Ba ga gabo Geresone e ne e le Joele yo mogolo le ba ga gabo ba le 130.

8 Ba ga gabo Elisafane e ne e le Semaya yo mogolo le ba ga gabo ba le 200.

9 Ba ga gabo Heberone e ne e le Eliele yo mogolo le ba ga gabo ba le 80.

10 Ba ga gabo Usiele e ne e le Aminatabe yo mogolo le ba ga gabo ba le 112.

11 Dafita a ba a bitsa baperesiti Satoke le Abjathare le Balefi Uriele le Asaya le Joele le Semaya le Eliele le Aminatabe,

12 a ba raya a re: “Lona lo ditlhogo tsa dikgoro tsa Balefi. Itireng boitshepo, lona le ba ga lona gore lo ise Letlole laMorena, Modimo wa Iseraele, kwa felong fa ke go le baakanyeditseng.

13 E re ka ga ntlha lo ne lo se yo go ka le sikara, ke ka mooMorena, Modimo wa rona, o ne wa dira kgagolo mo go rona, gonne re ne re sa mmatla ka tshwanelo.”

14 Mme baperesiti le Balefi ba iitshepisa gore ba ye go tsaya Letlole laMorena, Modimo wa Iseraele.

15 Balefi ba feta ba sikara Letlole la Modimo ka disikari mo magetleng a bone, lone ba sa le ame jaaka go ne go laetse Moše ka fa lefokong laMorena.

16 Dafita a ba a laela ba bagolo ba Balefi gore ba emise ba ga bone ba e leng baopedi ba tshotse diletso, e bong diharepa le dikwadi le matlhao-a-mabogo gore ba utlwatse ditumo tsa boitumelo ka go tlhatlosa mantswe.

17 Mme Balefi ba emisa Hemane morwa Joele le Asafe morwa Beregia wa ba ga gabo le Ethane morwa Khusaya wa ba ga gabo Merari, ba e leng ba ga bone.

18 Ba ga bone ba thulaganyo ya bobedi ba nna nabo, e bong Sagaria le Jaasiele le Semiramothe le Jehiele le Uni le Eliabe le Benaya le Maaseya le Mathitya le Elifele le Mikeneya, le Obete-Etomo le Jegiele badisa ba kgoro.

19 Baopedi Hemane le Asafe le Ethane ba ne ba tshotse matlhao a kgotlho a mabogo, ba a letsa.

20 Mme Sagaria le Asiele le Semiramothe le Jehiele le Uni le Eliabe le Maaseya le Benaya ba ne ba tshotse diharepa go opedisa lentswe la ntlha.

21 Mme Mathitya le Elifele le Mikeneya le Obete-Etomo le Jegiele le Asasia ba tshotse dikgwadi go opedisa moporo.

22 Mme Kenanya, yo mogolo wa Balefi, o ne a okametse kopelo, a ruta go opela sentle, ka a ne a le setswerere.

23 Mme Beregia le Elekana e ne e le badisa ba mojako fa Letloleng.

24 Mme baperesiti Sebanya le Josafate le Nethanele le Amasai le Sagaria le Benaya le Eliesere ba letsa diphala fa pele ga Letlole la Modimo. Le Obete-Etomo le Jehia e ne e le badisa ba mojako fa Letloleng.

Letlole la Kgolagano le isiwa kwa Jerusalema

25 Jaanong Dafita le bagolo ba Iseraele le balaodi ba dikete ba ya go tsaya Letlole la Kgolagano yaMorenakwa ntlong ya ga Obete-Etomo ka boitumelo.

26 Mme e re ka Modimo o ne o thusa Balefi ba ba neng ba sikere Letlole la Kgolagano yaMorena, ga dirwa ditlhabelo tsa dipoo di supa le diphelehu di supa.

27 Dafita o ne a apere kobo e e boleta ya letseta, le Balefi botlhe ba apere jalo ba ba neng ba sikere Letlole le baopedi le Kenanya mookamedi wa kopelo ya baopedi. Dafita a bile a apere khiba ya boperesiti ya lesela le lesweu.

28 Baiseraele botlhe ba ne ba etleetsa Letlole la Kgolagano yaMorenaka tuduetso le tumo ya dinaka le ka diphala le ka matlhao-a-mabogo, ba ntse ba utlwatsa ditumo tsa diharepa le dikwadi.

29 E rile Letlole la Kgolagano yaMorenale fitlha kwa motseng wa ga Dafita, Migale morwadia Saule a okomela ka fenstere, a bona kgosi Dafita a tlola a bina, mme a mo nyatsa mo pelong ya gagwe.