1 Jaanong ka utlwa lentswe le legolo le tswa mo Tempeleng le raya baengele ba supa le re: “Yaang lo tshololele megotšwana e e supang ya bogale jwa Modimo mo lefatsheng.”
2 Wa ntlha a bolola, a tshololela mogotšwana wa gagwe mo lefatsheng; mme ga tswa ditlhagala tse di maswe, tse di botlhoko mo bathong ba ba neng ba na le letshwao la sebata, ba ba obamelang setshwantsho sa sona.
3 Wa bobedi a tshololela mogotšwana wa gagwe mo lewatleng; la fetoga madi e kete a moswi, mme diphedi tsotlhe tse di mo lewatleng tsa swa.
4 Wa boraro a tshololela mogotšwana wa gagwe mo dinokeng le mo metsweding ya metsi, tsa fetoga madi.
5 Jaanong ka utlwa moengele wa metsi a re:
“O siame,
wena Moitshepi
yo o leng teng,
yo o neng o le teng,
ka o atlhotse jalo.
6 Gonne ba tsholotse madi
a baitshepi le a baporofeti,
jaanong o ba nositse madi;
gonne go ba tshwanetse.”
7 Ka utlwa lentswe le le tswang kwa aletareng le re:
“Ee, Morena, Modimo,
Mothatayotlhe,
dikatlholo tsa gago
ke tsa boammaaruri,
di siame.”
8 Wa bone a tshololela mogotšwana wa gagwe mo letsatsing; ke fa le newa thata go fisa batho ka molelo.
9 Batho ba fisiwa ke mogote o mogolo; mme ba kgala leina la Modimo o o nang le thata mo dipetsong tseo, ba se ka ba tlhabologa go o obegela.
10 Wa botlhano a tshololela mogotšwana wa gagwe mo sedulong sa sebata; jaanong lefatshe la puso ya sona la fifala, ba itlhafuna diteme ka ntlha ya botlhoko.
11 Ba kgala Modimo wa legodimo ka ntlha ya matlhoko a bone le ka ntlha ya ditlhagala tsa bone, mme ba se ka ba bakela ditiro tsa bone.
12 Wa borataro a tshololela mogotšwana wa gagwe mo nokeng e kgolo ya Euferate; metsi a yona a kgala gore tsela ya dikgosi tse di tswang kwa botlhabatsatsi e baakanngwe.
13 Jaanong ka bona mewa e le meraro e e maswe e e tshwanang le digwagwa, e tswa mo molomong wa kgwanyape le mo molomong wa sebata le mo molomong wa moporofeti wa maaka;
14 gonne ke mewa ya medemone e e dirang ditshupo, e ya kwa dikgosing tsa lefatshe lotlhe go di phuthela tlhabanong ya letsatsi le legolo la Modimo wa thata yotlhe.
15 “Reetsa, ke tla tla jaaka legodu. Go sego yo o itisitseng, a apere diaparo gore a se tsamae a sa apara, batho ba bona bosaikatega jwa gagwe!”
16 Mewa eo ya phuthela dikgosi felong fa go bidiwang Haremagetone ka Sehebere.
17 Wa bosupa a tshololela mogotšwana wa gagwe mo leaping; jaanong ga tswa lentswe le legolo mo tempeleng, le tswa kwa sedulong sa bogosi le re: “Go dirafetse.”
18 Ga ba ga nna dikgadima le mantswe le ditumo tsa maru, le thoromo e kgolo ya lefatshe, jaaka go ise go ke go nne thoromo ya lefatshe e e kalokalo, fa e sa le motho a nna mo lefatsheng.
19 Motse o mogolo wa kgaogana dikarolo di le tharo, metse ya merafe ya wa, Babilone yo mogolo a gopolwa fa pele ga Modimo gore a nosiwe senwelo sa bojalwa jwa kgakalo ya bogale jwa ona.
20 Ditlhakatlhake tsotlhe tsa nyelela, le dithaba tsa se ka tsa tlhola di bonwa.
21 Sefako se segolo sa bokete jwa diponto di le lekgolo sa wela mo bathong, se tswa kwa legodimong; mme batho ba kgala Modimo ka ntlha ya petso ya sefako, ka petso ya sona e le e kgolo thata.