Go wa ga Jerusalema
1 E rile ka ngwaga wa robongwe wa puso ya ga Setekia ka letsatsi la some la kgwedi ya some ga tla Nebukatenesare kgosi ya Babele kwa motseng wa Jerusalema, a na le mephato yotlhe ya gagwe, a o dikanyetsa ka ntwa, mme ba aga dikago tsa go o tlhasela mo tikologong.
2 Motse wa nna wa dikanyediwa jalo ke ntwa go ya ngwageng wa some le motso o le mongwe wa puso ya kgosi Setekia.
3 Mme ka la robongwe la kgwedi ya bone tlala ya nna e kgolo mo motseng; batho ba ba tswang kwa nageng ba tlhoka dijo.
4 Ya baa gona ba sutlhelelang mo motseng. Ya re Setekia le banna botlhe ba batlhabani ba bona jalo, ba tshaba ba tswa mo motseng bosigo ka tsela ya kgoro e e fa gare ga dipota tse pedi e e fa tshimong ya kgosi – Bakalatea ba ntse ba dikanyeditse motse – Setekia a tshaba ka tsela e e yang kwa Lebaleng la Joretane.
5 Mme batlhabani ba Bakalatea ba latelela kgosi, ba e tshwarela mo nageng ya Jerigo. Ke fa batlhabani botlhe ba gagwe ba phatlalala ba mo tshabela.
6 Bakalatea ba tshwara kgosi, ba e isa kwa kgosing ya Babele kwa Ribela, ba e atlholela petso teng.
7 Ba bolaya bomorwa Setekia fa pele ga matlho a gagwe, mme Nebukatenesare a foufatsa matlho a ga Setekia, a mmofa ka dikeetane, a mo isa kwa Babele.
Tempele e a senngwa
8 Ka ngwaga wa 19 wa puso ya ga Nebukatenesare kgosi ya Babele ka kgwedi ya botlhano e supa ga tla Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, motlhanka wa kgosi ya Babele kwa Jerusalema.
9 A fisa Ntlo yaMorenale ntlo ya kgosi le matlo otlhe a Jerusalema; a fisa matlo a magolo otlhe ka molelo.
10 Batlhabani botlhe ba Bakalatea ba ba neng ba na le tlhogo ya bafemedi ba kgosi ba diga dipota tsa Jerusalema tikologong.
11 Mme masalela a batho ba ba setseng mo motseng le bathobi ba ba ineetseng kgosi ya Babele le masalela a bontsi Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, ya ba isa mo botshwarong.
12 Fela bangwe ba bahumanegi ba kwa nageng tlhogo ya bafemedi ba kgosi ya ba sadisa go nna balemi ba masimo a moweine le ba masimo a mangwe.
13 Mme maotwana a kgotlho a a neng a le fa Ntlong yaMorenale dikolotsana tsa tlhatswetso le lewatle la kgotlho tse di neng di le fa Ntlong yaMorenaBakalatea ba di thubaganya, ba isa kgotlho ya tsona kwa Babele.
14 Le gona ba tsaya dipitsa le diolola-melora le dithipa le megopo le dilo tsotlhe tsa kgotlho tse go neng go dirwa ka tsona mo tirelong-Modimo.
15 Molaodi wa bafemedi ba kgosi a tsaya ditshola-molelo le megopo e e kgatshetsang; e bong tsotlhe tse e leng gouta fela le tsotlhe tse e leng selefera fela.
16 Maotwana a mabedi le lewatle le dikolotsana tsa tlhatswetso tse Salomo o neng a di diretse Ntlo yaMorena, bokete jwa kgotlho ya dilo tsotlhe tseo ba palelwa ke go bo lekanya.
17 Bogodimo jwa lekotwana e ne e le mabogo a le 18, mme go le tlhogo ya kgotlho mo godimo ga lone; bogodimo jwa tlhogo e le mabogo a le mararo. Tharaanyo ya digaranata e ne e kgabisa tlhogo mo tikologong e le ya kgotlho yotlhe. Le lekotwana la bobedi le ne le kgabisitswe jalo ka digaranata tse di mo tharaanyong.
Batho ba Juta ba isiwa kwa Babele
18 Le gona molaodi wa bafemedi ba kgosi a tsaya Seraya moperesiti yo mogolo le Sefanya moperesiti wa bobedi le badisa ba bararo ba mojako;
19 mo motseng a tsaya modiredi wa lapa la kgosi a le mongwe yo e neng e le mookamedi wa batlhabani le banna ba batlhano ba kgosing ba ba fitlhetsweng mo motseng le mokwaledi wa molaodi wa batlhabani yo o neng a kua mephato ya batlhabani mo bathong ba lefatshe le banna ba le 60 ba batho ba kwa nageng ba ba fitlhetsweng mo motseng.
20 Bone bao Nebusaratane, molaodi wa bafemedi ba kgosi, a ba tsaya, a ba isa kwa kgosing ya Babele kwa Ribela.
21 Mme kgosi ya Babele ya ba itaya, ya ba bolaela kwa Ribela mo nageng ya Hamathe. Ka mokgwa oo Bajuta ba ne ba ntshiwa mo lefatsheng la bone.
Ketaleo o dirwa mookamedi wa Juta
22 Fa e le batho ba Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o neng a ba sadisitse mo lefatsheng la Juta a dira Ketalea morwa Ahikame morwa Safane mookamedi wa bone.
23 Jaanong e rile balaodi botlhe ba mephato, bone le mephato ya bone, ba utlwa gore kgosi ya Babele e laodisitse Ketalea lefatshe, ba tla kwa go Ketalea kwa Mitsepha, e bong Isemaele morwa Nethanya le Johanane morwa Karea le Seraya morwa Thanumethe wa kwa Netofa le Jaasanya morwa monna wa kwa Maaga, bone le mephato ya bone.
24 Mme Ketalea a ba ikanela le banna ba bone a ba raya a re: “Se boifeng batlhanka ba Bakalatea. Nnang mo lefatsheng lo direle kgosi ya Babele. Foo lo tla phela sentle.”
25 Mme e rile ka kgwedi ya bosupa ga tla ene Isemaele, morwa Nethanya morwa Elisama wa losika lwa kgosi, a na le banna ba le some, ba bolaya Ketalea le Bajuta le Bakalatea ba ba neng ba na nae kwa Mitsepha, ba a swa.
26 Ke fa morafe otlhe, ba bannye le ba bagolo ba na le balaodi ba mephato ba falalela kwa Egepeto; gonne ba ne ba boifa Bakalatea.
Joyagine o gololwa mo kgolegong
27 Jaanong e rile Joyagine kgosi ya Juta e sena go fetsa dinyaga di le 37 e ntse e le mo kgolegong ka kgwedi ya 12 e le 27, Ewile-Merotage kgosi ya Babele ya tlhomogela Joyagine kgosi ya Juta pelo, ya mo ntsha mo ntlong ya kgolegelo. E ne e le ka ngwaga wa ntlha wa puso ya gagwe.
28 Ya bua nae ka bopelonomi, sedulo sa gagwe sa bogosi ya se okamisa ditulo tsa dikgosi tse di neng di na nae kwa Babele.
29 Ya ba ya mo apola diaparo tsa kgolego, ya mo apesa tsa tlotlo, mme a nna a jela fa pele ga yona ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.
30 Tse a phelang ka tsona o ne a di fiwa ke kgosi ya Babele ka botlalo ka fa go batlegang ka teng letsatsi lengwe le lengwe ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.