Asaria gongwe Usia, kgosi ya Juta
1 Asaria morwa Amasia kgosi ya Juta o ne a simolola go busa ka ngwaga wa 27 wa puso ya ga Jerobeame kgosi ya Iseraele.
2 E rile a nna kgosi, a bo a le dinyaga di le 16, a busa dinyaga di le 52 kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jegolea wa Jerusalema.
3 A dira tse di siameng mo matlhong aMorenafela jaaka go dirile Amasia rraagwe.
4 Fela dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa; batho ba nna ba dira ditlhabelo le go tshuba maswalo mo dithoteng tsa tlhabelo.
5 MmeMorenaa betsa kgosi, mme ya bolawa ke lepero go fitlha letsatsing la loso lwa yona, ya nna mo ntlong e e kwa thoko. Mme Jothame morwa kgosi o ne a e tshwarelela, a okamela ntlo ya bogosi a busa batho ba lefatshe.
6 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Asaria le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta.
7 Mme Asaria a robala le borraagwe, mme ba mo fitlha fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita, mme Jothame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
Kgosi Sagaria wa Iseraele
8 Sagaria morwa Jerobeame o ne a simolola go busa Iseraele ka ngwaga wa 38 wa puso ya ga Asaria kgosi ya Juta; a busa dikgwedi di le thataro kwa Samaria.
9 A dira tse di bosula mo matlhong aMorenajaaka go dirile borraagwe; a se ka a tlogela maleo a ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele.
10 Mme Sadume morwa Jabese a mo tsosetsa moferefere, a mo itaya fa pele ga morafe, a mmolaya, a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
11 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Sagaria, kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.
12 Ke lone lefoko laMorenale o kileng a le bua le Jehu a re: “Bomorwao ba tla nna mo sedulong sa bogosi sa Iseraele go ya losikeng lwa bone.” Ga nna jalo.
Kgosi Sadume wa Iseraele
13 Sadume morwa Jabese o ne a simolola go busa ka ngwaga wa 39 wa puso ya ga Usia kgosi ya Juta, a busa sebakanyana sa kgwedi fela kwa Samaria.
14 Ke fa Menaheme morwa Gadi a bolola kwa Thiresa, a fitlha kwa Samaria, a fenya Sadume morwa Jabese kwa Samaria, a mmolaya, a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
15 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Sadume le moferefere o a neng a o tsosa kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.
16 Ka metlha eo Menaheme a bolaya motse wa Thifesa le botlhe ba ba neng ba le mo go ona le dinaga tsa ona go tloga kwa Thiresa, ka ba se ka ba mmulela. A o bolaya, a ba a gagola ba baimana botlhe ba ona dimpa.
Kgosi Menaheme wa Iseraele
17 Menaheme morwa Gadi o ne a simolola go busa Iseraele ka ngwaga wa 39 wa puso ya ga Asaria kgosi ya Juta; a busa dinyaga di le some kwa Samaria.
18 A dira tse di bosula mo matlhong aMorenaka malatsi otlhe a gagwe, a se ka a tlogela maleo a ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele.
19 Ka malatsi a gagwe ga tlhaga Phule kgosi ya Asiria, a tlhasela lefatshe. Ke fa Menaheme a naya Phule ditalente di le sekete tsa selefera gore mabogo a gagwe a nne nae go tlhomamisa bogosi mo seatleng sa gagwe.
20 Mme Menaheme a kgethisa Baiseraele madi ao, e bong bahumi botlhe gore monna a le mongwe a nee kgosi ya Asiria dišekele di le 50 tsa selefera. Ke fa kgosi ya Asiria e boa, ya se ka ya nna mo lefatsheng la Baiseraele.
21 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Menaheme le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.
22 Mme Menaheme a robala le borraagwe, mme Phekaya morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
Kgosi Phekaya wa Iseraele
23 Phekaya morwa Menaheme o ne a simolola go busa Iseraele ka ngwaga wa 50 wa puso ya ga Asaria kgosi ya Juta; a busa dinyaga di le pedi kwa Samaria.
24 A dira tse di bosula mo matlhong aMorena; a se ka a tlogela maleo a ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele.
25 Mme Pheka morwa Remalea mothusi wa gagwe wa motlhabani a mo tsosetsa moferefere, a mo fenya kwa Samaria mo kagong ya phemelo ya ntlo ya kgosi mmogo le Arekobe le Arie – Pheka ene a na le banna ba le 50 ba Gileate – a mmolaya, a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
26 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Phekaya le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.
Kgosi Pheka wa Iseraele
27 Pheka morwa Remalea o ne a simolola go busa Iseraele ka ngwaga wa 52 wa puso ya ga Asaria kgosi ya Juta; a busa dinyaga di le 20 kwa Samaria.
28 A dira tse di bosula mo matlhong aMorena; a se ka a tlogela maleo a ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele.
29 Ka sebaka sa ga Pheka kgosi ya Iseraele ga tla Thigelathe-Philesere kgosi ya Asiria, a thopa Iyone le Abele-Bethe-Maaga le Janoa le Keteše le Hasore le Gileate le Galelea, e bong naga yotlhe ya Nafetale, a isa batho ba teng mo botshwarong kwa Asiria.
30 Mme Hosea morwa Ela a tsosetsa Pheka morwa Remalea moferefere, a mo fenya a mmolaya, a nna kgosi mo boemong jwa gagwe ka ngwaga wa 20 wa puso ya ga Jothame morwa Usia.
31 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Pheka le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.
Kgosi Jothame wa Juta
32 Jothame morwa Usia kgosi ya Juta o ne a simolola go busa ka ngwaga wa bobedi wa puso ya ga Pheka morwa Remalea kgosi ya Iseraele.
33 Ya re a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 25; a busa dinyaga di le 16 kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jeruša morwadia Satoke.
34 A dira tse di siameng mo matlhong aMorena, a dira fela jaaka go dirile Usia rraagwe.
35 Fela dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa; batho ba nna ba dira ditlhabelo le go tshuba maswalo mo dithoteng tsa tlhabelo. Ke ene yo o neng a aga kgoro ya Ntlo yaMorenae e bidiwang: E e kwa godimo.
36 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Jothame le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta.
37 Ka metlha eoMorenaa simolola go laela Resine kgosi ya Siria le Pheka morwa Remalea kgosi ya Iseraele gore ba tlhasele Juta.
38 Mme Jothame a robala le borraagwe, a ba a fitlhwa fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita rraagwe, mme Ahase morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.