Kgosi Amasia wa Juta
1 Amasia morwa Joase kgosi ya Juta o ne a simolola go busa kwa Juta ka ngwaga wa bobedi wa puso ya ga Joase morwa Joahase kgosi ya Iseraele.
2 Ya re a nna kgosi, a bo a le dinyaga di le 25, a busa dinyaga di le 29 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Joatane wa Jerusalema.
3 A dira tse di siameng mo matlhong aMorena, le fa e se jaaka Dafita rraagwe mogolwagolwane; a dira fela jaaka go ne go dira Joase rraagwe.
4 Fela dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa; batho ba nna ba dira ditlhabelo le go tshuba maswalo kwa dithoteng tsa tlhabelo.
5 Jaanong ya re bogosi bo sena go tlhomama mo diatleng tsa gagwe, a bolaya batlhanka ba gagwe ba ba neng ba bolaya kgosi rraagwe.
6 Mme a se ka a bolaya bomorwa babolai bao jaaka go kwadilwe mo lokwalong lwa molao wa ga Moše, faMorenaa laelang teng a re: “A borra-bana ba se ka ba bolaelwa bana, le bana ba se ka ba bolaelwa borraabo, mme a mongwe le mongwe a bolaelwe boleo jwa gagwe.”
7 O kile a bolaya Baetomo ba le 10 000 mo Lebaleng la Letswai, a thopa motse wa Sela mo ntweng, a ba a o taya leina la Jokotheele; le kajeno e sa le lone.
8 Metlheng eo Amasia a roma barongwi kwa go Joase, morwa Joahase morwa Jehu kgosi ya Iseraele, a re: “Tlaa re thulane?”
9 Mme Joase kgosi ya Iseraele a roma kwa go Amasia kgosi ya Juta a re: “Mosu wa kwa Lebanone wa roma kwa mosetereng o o kwa Lebanone wa re: ‘Neela morwaake morwadio go nna mosadi.’ Mme diphologolo tsa naga tse di kwa Lebanone tsa feta tsa gataka mosu oo.
10 Ka nnete o fentse Baetomo, mme jaanong o a ikgogomosa. Ipoke o itulele kwa lapeng la gago. Ke ka ntlha ya eng fa o rata go itatlhela mo kotsing gore o we mmogo le Bajuta?”
11 Mme Amasia a se ka a utlwa. Ke fa Joase kgosi ya Iseraele a bolola, mme ba thulana tlhabanong, ene le Amasia kgosi ya Juta kwa Betšhemeše nageng ya Juta.
12 Mme Bajuta ba fenngwa ke Baiseraele ba tshaba, mongwe le mongwe a ya kwa ditenteng tsa gagwe.
13 Joase kgosi ya Iseraele a ba a tshwara Amasia kgosi ya Juta morwa Joase morwa Ahasia kwa Betšhemeše, a mo isa kwa Jerusalema; a ba a diga lobota lwa Jerusalema mabogo a le 400 go tswa kgorong ya Eferaime go fitlha kgorong ya sekhutlo.
14 A ba a tsaya gouta yotlhe le selefera le dilo tsotlhe tse di fitlhelwang mo Tempeleng yaMorenale mo mahumong a ntlo ya kgosi le batho ba peeletso, a ba a boela kwa Samaria.
15 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Joase le tse o neng a di dira le tsa bopelokgale jwa gagwe le ka fa a neng a tlhabana ka teng le Amasia kgosi ya Juta kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.
16 Mme Joase a robala le borraagwe, a ba a fitlhwa kwa Samaria fa dikgosing tsa Iseraele, mme Jerobeame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
Loso lwa kgosi Amasia wa Juta
17 E rile Joase morwa Joahase kgosi ya Iseraele a sena go swa, Amasia morwa Joase kgosi ya Juta a phela dinyaga di le 15.
18 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Amasia kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta.
19 Mme ba mo tsosetsa moferefere mo Jerusalema. Ke fa a tshabela kwa Lagiše, mme ba roma batho, ba mo latelela kwa Lagiše, ba mmolaela teng.
20 Ba mo tlisa ka dipitse, mme a fitlhwa mo Jerusalema fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita.
21 Ke fa batho botlhe ba Juta ba tsaya Asaria yo o neng a le dinyaga di le 16 fela, ba mo dira kgosi mo boemong jwa ga Amasia rraagwe.
22 Ke ene yo o neng a agelela motse wa Elathe, a o busetsa go Juta, kgosi Amasia e sena go robala le borraa-yona.
Kgosi Jerobeame II wa Iseraele
23 Jerobeame morwa Joase kgosi ya Iseraele a simolola go busa kwa Samaria ka ngwaga wa 15 wa puso ya ga Amasia morwa Joase kgosi ya Juta; a busa dinyaga di le 41.
24 Mme a dira tse di bosula mo matlhong aMorena, a se ka a tlogela sepe sa maleo otlhe a ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele.
25 Ke ene yo o neng a thopolola naga ya Iseraele go tloga ntlheng ya Hamathe go fitlha kwa Lewatleng la Lebala la Joretane ka fa lefokong laMorena, Modimo wa Iseraele, le o neng o le buile ka motlhanka wa ona, e bong moporofeti Jona morwa Amithai wa Gathe-Hefere.
26 GonneMorenao ne a bonye pogisego ya Baiseraele e galaka thata; ba feletswe ke thata botlhe, go se na mothusi wa Iseraele.
27 KanaMorenao ne a ise a bue gore go phimolwe leina la Iseraele fa tlase ga legodimo, mme a ba namolela ka Jerobeame morwa Joase.
28 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Jerobeame le tsotlhe tse o neng a di dira le tsa bopelokgale jwa gagwe jaaka a tlhabana le jaaka a busetsa tse e neng e le tsa Juta kwa Damaseko le Hamathe go Iseraele kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.
29 Mme Jerobeame a robala le borraagwe, a fitlhwa kwa Samaria fa dikgosing tsa Iseraele, mme Sagaria morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.