2 DIKGOSI 13

Go busa Joahase kwa Iseraele

1 Joahase morwa Jehu o ne a simolola go busa Iseraele kwa Samaria ka ngwaga wa 23 wa puso ya ga Joase morwa Ahasia kgosi ya Juta; a busa dinyaga di le 17.

2 A dira tse di bosula mo matlhong aMorena, a sepela boleong jwa ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele; a se ka a bo tlogela.

3 Ke faMorenaa tukela Baiseraele bogale a ba neela mo diatleng tsa ga Hasaele kgosi ya Siria le mo diatleng tsa ga Benehatate morwa Hasaele ka metlha yotlhe ele.

4 Mme Joahase a kopa bopelotlhomogi fa pele gaMorena, mmeMorenaa mo utlwa. Gonne o ne a bona pitlagano ya Baiseraele, ka kgosi ya Siria e ba pitlaganya.

5 Morenaa naya Iseraele mogolodi, mme ene a ba golola mo diatleng tsa Basiria, mme Baiseraele ba iketla gape mo ditenteng tsa bone jaaka gale.

6 Fela ba se ka ba tlogela boleo jwa lelapa la ga Jerobeame yo o neng a leofisa Baiseraele, mme ba sepela mo go jona; le gona modimako wa Ašera wa bo o ntse o eme kwa Samaria.

7 Kana kgosi ya Siria e ne e se ka ya sadisetsa Joahase batlhabani, fa e se bapalami ba le 50 le dikoloi tsa ntwa di le some le batlhabani ba dinao ba le 10 000 fela; gonne e ne e ba nyeleditse, ya ba dira jaaka lerole, fa go phothwa mabele.

8 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Joahase le tsotlhe tse o neng a di dira le ditiro tsa bopelokgale tsa gagwe kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.

9 Mme Joahase a robala le borraagwe, a fitlhwa kwa Samaria, mme Joase morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Kgosi Joase wa Iseraele

10 Joase morwa Joahase a simolola go busa Iseraele kwa Samaria ka ngwaga wa 37 wa puso ya ga Joase kgosi ya Juta; a busa dinyaga di le 16.

11 Mme a dira tse di bosula mo matlhong aMorena, a se ka a tlogela boleo jotlhe jwa ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele, a sepela mo go jona.

12 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Joase le tsotlhe tse o neng a di dira le bopelokgale jwa gagwe, fa a ne a tlhabana le Amasia kgosi ya Juta kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.

13 Mme Joase a robala le borraagwe, mme Jerobeamea nna mo sedulong sa bogosi sa gagwe. Joase a fitlhwa kwa Samaria fa dikgosing tsa Iseraele.

Loso lwa ga Elisa

14 E rile Elisa a lwala bolwetse jo o neng a swa ka jona, Joase kgosi ya Iseraele a tla kwa go ene, a mo lelela a re: “Rra wee! Rra wee! Koloi ya Iseraele le bapalami ba yona.”

15 Ke fa Elisa a mo raya a re: “Tsaya bora le metsu.” Ya re a sena go mo tseela bora le metsu,

16 a raya kgosi ya Iseraele a re: “Baya letsogo mo boreng.” A baya letsogo mo go jona, mme Elisa a baya diatla mo diatleng tsa kgosi

17 a re: “Bula fenstere e e lebileng kwa botlhabatsatsi.” Mme a e bula. Elisa a ba a re: “Hula.” Mme a hula. Ke fa Elisa a re: “Ke motsu wa phenyo waMorenale motsu wa go fenya Basiria, mme o tla fenya Basiria gotlhe kwa Afeke.”

18 Elisa a ba a re: “Tsaya metsu!” A e tsaya. Jaanong a raya kgosi ya Iseraele a re: “Iteela fa fatshe.” A itaya gararo a khutla.

19 Ke fa monna wa Modimo a mo galefela a re: “O ka bo o iteile gatlhano gongwe garataro, foo o ne o tla fenya Basiria go ya o ba nyeletsa. Mme jaanong o tla fenya Basiria gararo fela.”

20 Jaanong Elisa a swa, mme ba mo fitlha. Mme makoko a dinokwane a Bamoabe a ne a tlhasela lefatshe ka tshimologo ya ngwaga.

21 Mme ya re ba fitlha motho, ba bona lekoko le tlhaga. Ke fa ba latlhela moswi mo lebitleng la ga Elisa ba tshaba. Mme ya re moswi a ama marapo a ga Elisa, a tsoga, a ema ka dinao.

Baiseraele ba lwa le Basiria

22 Mme Hasaele kgosi ya Siria o ne a ntse a patika Baiseraele ka malatsi otlhe a ga Joahase.

23 FelaMorenaa ba tlhomogela pelo, a ba utlwela botlhoko, a ba ngoka ka ntlha ya kgolagano ya gagwe e o e dirileng le Aborahame le Isaka le Jakobe; a se ka a rata go ba senya, a se ka a ba latlha fa pele ga gagwe go fitlha foo.

24 Jaanong ya re Hasaele kgosi ya Siria a sena go swa ga busa Benehatate morwawe mo boemong jwa gagwe.

25 Ke fa Joase morwa Joahase a thopolola metse mo diatleng tsa ga Benehatate morwa Hasaele e yoo o neng a e thopile mo diatleng tsa go Joahase rraagwe mo ntweng. Joase a mo fenya gararo, a busa metse ya Iseraele jalo.