2 DIKGOSI 8

Mosadi wa Suneme o a boa

1 Elisa o ne a laetse mosadi yo a kileng a phedisa morwawe a re: “Nanoga, wena le ba lapa la gago, o ye go jaka kwa o ka jakang teng. GonneMorenao tsisa tlala.” E bile ya tla mo lefatsheng dinyaga di supa.

2 Mosadi a nanoga, a dira ka fa lefokong la monna wa Modimo, a huduga le ba lapa la gagwe, a jaka kwa lefatsheng la Bafelesita dinyaga di supa.

3 Mme e rile dinyaga di supa di sena go feta, mosadi a boa kwa lefatsheng la Bafelesita; a feta a ya go ipega kwa kgosing ka ntlha ya ntlo ya gagwe le ka ntlha ya tshimo ya gagwe.

4 Mme kgosi ya bo e bua le Kehasi modiredi wa monna wa Modimo ya re: “A ko o mpolelele ditiro tse dikgolo tsotlhe tse Elisa o di dirileng.”

5 Jaanong ya re a bolelela kgosi jaaka a kile a tsosa moswi, ga tlhaga ene mosadi yo a kileng a tsosa morwawe, a ipega mo kgosing ka ntlha ya ntlo ya gagwe le ka ntlha ya tshimo ya gagwe. Ke fa Kehasi a re: “Kgosi, mong wa me, mosadi yole ke ene yo; le morwawe ke ene yo, yo Elisa o kileng a mo tsosa.”

6 Kgosi ya botsa mosadi, mme a e bolelela. Kgosi ya ba ya mo neela modiredi mongwe wa lapa la yona ya re: “Mmusetse tsotlhe tse o neng a na natso le tsotlhe tse tshimo e di ntshitseng go tloga letsatsing le o neng a tlogela lefatshe ka lone go fitlha jaanong.”

Elisa le kgosi Benehatate wa Siria

7 Letsatsi le lengwe Elisa a ya kwa Damaseko, mme Benehatate kgosi ya Siria a bo a lwala. Ke fa a begelwa go twe: “Monna wa Modimo o gorogile mono.”

8 Jaanong kgosi ya laela Hasaele ya re: “Tsaya mpho, o ye go kgatlhantsha monna wa Modimo, o be o botseMorenaka ene gore a ke tla fola mo bolwetseng jo?”

9 Mme Hasaele a ya go mo kgatlhantsha, a tshotse mpho ya dilo tse dintle tsa mefutafuta tsa Damaseko, e le morwalo wa dikammele di le 40. A fitlha a ema fa pele ga gagwe a re: “Morwao Benehatate kgosi ya Siria o nthomile kwano go wena a re: ‘A ke tla fola mo bolwetseng jo?’ ”

10 Elisa a mo araba a re: “Yaa o mo ree o re: ‘O tla fola bolwetse.’ MmeMorenao ntshupeditse gore o tla swa e se ka bolwetse.”

11 Monna wa Modimo a emisa sefatlhego sa gagwe, a rerega mo go fetang tekanyo, a ba a lela.

12 Mme Hasaele a botsa a re: “Mong wa me o lelelang?” A fetola a re: “Ke a lela, gonne ke itse tse di bosula tse o tla di direlang Baiseraele. Metse e e femetsweng ya bone o tla e latlhela mo molelong, o bolaya makau a bone ka tšhaka, o tšhwetlakanya bana ba bone, o phunya ba baimana ba bone dimpa.”

13 Hasaele a ba a re: “Kana motlhanka wa gago yo e leng ntšwa ke eng, mo a ka dirang dilo tse di kana tse?” Elisa a araba a re: “Morenao go mpontshitse o le kgosi ya Siria.”

14 A ba a tloga kwa go Elisa, mme ya re a fitlha kwa go mongwagwe, ene a mmotsa a re: “Elisa o go reile a reng?” A araba a re: “O ntheile a re: ‘O tla fola bolwetse.’ ”

15 Mme kamoso a tsaya kobo, a e ina mo metsing, a e ala mo sefatlhegong sa gagwe mo a bileng a swa, mme Hasaele a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Kgosi Jorame wa Juta

16 Jorame morwa Josafate kgosi ya Juta o ne a simolola go busa ka ngwaga wa botlhano wa puso ya ga Jorame morwa Ahabe kgosi ya Iseraele.

17 E rile a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 32; a busa dinyaga di pedi kwa Jerusalema.

18 A sepela mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele jaaka go dirile ba lapa la ga Ahabe; gonne morwadia Ahabe e ne e le mosadi wa gagwe, mme a dira tse di bosula mo matlhong aMorena.

19 MmeMorenaa bo a sa rate go senya Juta ka ntlha ya ga Dafita motlhanka wa gagwe, jaaka a ne a mo solofeditse go naya ene le bomorwawe lobone ka metlha yotlhe.

20 Ka malatsi a gagwe Baetomo ba ikepa ba tswa mo taolong ya Juta, ba ipeela kgosi.

21 Ke fa Jorame a bolola, a ya kwa Saire a na le dikoloi tsotlhe tsa ntwa. Mme a nanoga bosigo, a sutlha Baetomo ba ba mo tsentseng gare, ene le balaodi ba dikoloi tsa ntwa, mme batlhabani ba tshabela kwa gae.

22 Baetomo ba ikepa jalo, ba tswa mo pusong ya Juta go fitlha letsatsing la kajeno. Ba Lebena le bone ba ikepa ka sona sebaka seo.

23 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Jorame le tsotlhe tse o neng a di dira, kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta.

24 Mme Jorame a robala le borraagwe, a fitlhwa fa go bone mo motseng wa ga Dafita, mme Ahasia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Kgosi Ahasia wa Juta

25 Ahasia morwa Jorame kgosi ya Juta a simolola go busa ka ngwaga wa some pedi wa puso ya ga Jorame morwa Ahabe kgosi ya Iseraele.

26 Ya re Ahasia a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 22; a busa ngwaga o le mongwe fela kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Athalea morwadia Ahabe morwa Omeri kgosi ya Iseraele.

27 A sepela mo tseleng ya lelapa la ga Ahabe, a dira tse di bosula mo matlhong aMorenajaaka ba lapa la ga Ahabe; gonne rraagwe e ne e le mokgonyane wa lelapa la ga Ahabe.

28 O kile a ya le Jorame morwa Ahabe go tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria kwa Ramothe wa Gileate, mme Basiria ba khutla Jorame.

29 Ke fa kgosi Jorame a boa gore a alafiwe dintho kwa Iserele tse Basiria ba di mo ntshitseng kwa Ramothe, fa a tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria. Mme Ahasia morwa Jorame kgosi ya Juta a ya go lekola Jorame morwa Ahabe kwa Iserele, ka a ne a lwala.