2 DIKGOSI 6

Tshipi e a kokobala

1 Barutwa ba boporofeti ba kile ba raya Elisa ba re: “A ko o bone, felo fa re nnang teng fa pele ga gago ga go re lekane.

2 Nte re ye kwa Joretane, mongwe le mongwe a ye go tsaya tlhomeso e le nngwe gore re itirele manno ka tsona mo re ka nnang teng.” A ba raya a re: “Yaang he!”

3 Mme mongwe a re: “Tsweetswee a ko o ye le batlhanka ba gago.” A araba a re: “Ke tla ya.”

4 A ya nabo. Ya re ba sena go fitlha kwa Joretane, ba rema ditlhare.

5 Mme ya re mongwe a rema setlhare ka selepe, sa wela mo metsing. A ba a goa a re: “Ijoo! Mong wa me, kana se adimilwe!”

6 Mme monna wa Modimo a re: “Se wetse kae?” Ya re a mmontsha felo fao, a kgaola thupa, a e latlhela gona, a kokobatsa tshipi jalo.

7 A ba a re: “E inole.” A ntsha letsogo, a e tsaya.

Basiria ba a fenngwa

8 E kile ya re kgosi ya Siria e tlhabana le Iseraele, ya gakololana le batlhanka ba yona ya re: “Bothibelelo jwa me bo tla nna kwa go re.”

9 Mme monna wa Modimo a roma kwa kgosing ya Iseraele a re: “Itise gore o se ka wa feta felo foo, gonne Basiria ba fologela teng.”

10 Ke fa kgosi ya Iseraele e roma batlhabani kwa felong fa monna wa Modimo a go e boleletseng. O ne a tle a e tlhagise jalo gore e itise teng e seng gangwe gongwe gabedi fela.

11 Mme kgosi ya Siria ya huduega pelo ka ntlha ya selo se, ya bitsa batlhanka ba yona, ya ba raya ya re: “A ga lo ka ke lwa mpolelela gore ke mang mo go rona yo o gogang le kgosi ya Iseraele?”

12 Mme mongwe wa batlhanka ba yona a re: “Nnyaya, kgosi, mong wa me! Ke Elisa moporofeti wa kwa Iseraele yo o itsiseng kgosi ya Iseraele mafoko a ò a buang mo ntlwaneng ya gago ya borobalo.”

13 Ke fa kgosi e re: “Yaang lo tlhole fa a leng teng gore ke rome, ke mo tshware.” Ba e begela ba re: “Itse gore o kwa Dothane.”

14 Jaanong ya roma dipitse le dikoloi tsa ntwa le mophato o mogolo wa batlhabani teng; ba fitlha bosigo, ba dika motse.

15 Mme e rile modiredi wa monna wa Modimo a phakela a tsoga, a tswela kwa ntle, a fitlhela batlhabani ba dikanyeditse motse ka dipitse le dikoloi tsa ntwa. Jaanong modiredi wa gagwe a mo raya a re: “Ijoo, mong wa me, re tla dira jang?”

16 A fetola a re: “Se boife! Gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta bale.”

17 Elisa a ba a rapela a re: “Morena, a ko o mmudulole matlho gore a bone.”Morenaa budulola matlho a modiredi, mme a bona a fitlhela thaba e tletse dipitse le dikoloi tsa ntwa tsa molelo mo tikologong ya ga Elisa.

18 Jaanong ya re Basiria ba fologela kwa go ene, Elisa a rapelaMorenaa re: “A ko o betse batho ba ka bofofu.”Morenaa ba betsa ka bofofu ka fa lefokong la ga Elisa.

19 Ke fa Elisa a ba raya a re: “Tsela e ga se yona le motse o ga se ona. Ntshaleng morago, ke tla lo isa kwa monneng yo lo mmatlang.” Mme a ba isa kwa Samaria.

20 Ya re ba fitlha kwa Samaria, Elisa a rapela a re: “Morena, ba budulole matlho gore ba bone.”Morenaa ba budulola matlho, mme ba bona, ba fitlhela ba le mo gare ga Samaria.

21 Ya re kgosi ya Iseraele e ba bona, ya botsa Elisa ya re: “A ke ke ba bolae, rra?”

22 Mme a fetola a re: “Se ba bolae! A o ka bolaya ba o ba tshwereng ka tšhaka ya gago le ka bora jwa gago? Ba bee bogobe le metsi pele gore ba je, ba nwe, ba be ba boele kwa go mongwabo.”

23 Kgosi ya ba direla moletlo o mogolo wa dijo, ba a ja, ba a nwa; ya ba ya ba naya tsela, ba ya kwa go mongwabo. Mme go tloga foo makoko a a thukhuthang a Basiria a se ka a tlhola a tla mo lefatsheng la Iseraele.

Samaria o dikanyediwa ke ntwa

24 Morago ga moo Benehatate kgosi ya Siria ya phutha mephato yotlhe ya yona, ya bolola, ya dikanyetsa motse wa Samaria ka ntwa.

25 Ya re ba ntse ba o dikanyeditse jalo, ga nna tlala e kgolo mo Samaria ga tsamaya tlhogo ya esele ya rekwa ka dišekele di le 80 tsa selefera le karolo ya bone ya kabe ya mantle a maeba ya rekwa ka dišekele di le tlhano tsa selefera.

26 E kile ya re kgosi ya Iseraele e feta mo godimo ga lobota, mosadi a goela kwa go yona a re: “Nthuse, kgosi mong wa me!”

27 Mme ya fetola ya re: “FaMorenaa sa go thuse, nka go thusa ka tse di tswang kae, go se sepe kwa seboaneng le e seng kwa setšhwetlelong sa maungo?”

28 Kgosi ya ba ya mmotsa ya re: “Molato ke eng?” A re: “Mosadi yo, o letse a ntheile a re, ke ntshe morwaake gore re mo je kajeno; morwawe re tla mo ja kamoso.

29 Ra apaya morwaake jalo, ra mo ja. Mme ya re kamoso ke mo raya ke re: ‘Ntsha morwao gore re mo je!’ a bo a subile morwawe.”

30 Ya re kgosi e utlwa mafoko a mosadi yoo, ya ikgagola diaparo e ntse e tsamaya mo godimo ga lobota, mme batho ba bona e apere kgetse ka fa teng mo mmeleng wa yona.

31 Ya ba ya re: “A Modimo o ntirele jaana, o be o nkokeletse jaana fa letsatsi le ka phirima kajeno tlhogo ya ga Elisa morwa Safate e sa ntse e le mo go ene.”

32 Ya re Elisa a ntse a dutse mo ntlong ya gagwe a na le bagolo, kgosi ya roma monna yo o e etelelang pele. Mme ya re morongwi a ise a fitlhe kwa go ene, Elisa a raya bagolo a re: “A lo bonye gore morwa mmolai yo, o romile morongwi go nkgaola tlhogo. Okomelang! E re fa morongwi a tla, lo tswaleng setswalo, lo be lo mo kgorometse ka sona. Mokgwasa wa dinao tsa mongwagwe a ga o utlwale fa morago ga gagwe?”

33 Ya re a sa ntse a bua nabo, kgosi ya tlhaga, ya fologela kwa go ene, ya re: “Bonang, tatlhego e, e tswa kwaMoreneng. Ke sa ntse ke lebelela eng moMoreneng?”