2 DIKGOSI 5

Naamane wa Mosiria o fodisiwa lepero

1 Naamane molaodi wa mephato ya kgosi ya Siria e ne e le monna yo mogolo fa pele ga mongwagwe, e le motlotlegi; gonneMorenao ne a neile Basiria phenyo ka ene. Mme monna yoo wa mogale o ne a bolawa ke lepero.

2 Jaanong Basiria ba kile ba bolola ba le makoko, ba thopa mosetsana yo monnye mo lefatsheng la Iseraele; ene a nna lelata la mosadi wa ga Naamane.

3 Mme a raya mohumagadi wa gagwe a re: “Ao! Fa mong wa me a ka bo a le kwa go moporofeti yo o kwa Samaria, foo ene o ka bo a tlosa lepero mo go ene.”

4 Ke fa Naamane a tsena, a bolelela morena wa gagwe a re: “Mosetsana yo o tswang kwa lefatsheng la Iseraele o buile jaana le jaana.”

5 Mme kgosi ya Siria ya re: “Tsamaya o ye teng, ke tla romela kgosi ya Iseraele lokwalo.” A tsamaya a tshotse ditalente di le some tsa selefera le dišekele di le 6 000 tsa gouta le diaparo di le some tsa mokgabo;

6 a isa lokwalo loo kwa kgosing ya Iseraele lo lo reng: “Jaanong fa lokwalo lo, lo fitlha koo go wena, o itse gore ke romile Naamane motlhanka wa me koo go wena gore o tlose lepero mo go ene.”

7 Ya re kgosi ya Iseraele e buisa lokwalo loo, ya ikgagola diaparo ya re: “A ke Modimo go ka bolaya le go ka phedisa, fa yoo a roma go nna gore ke golole monna mo leperong? Nnyaya! Lo ka lemoga, lwa bona fela gore o batla go lwa le nna.”

8 Ya re Elisa monna wa Modimo a utlwa go twe: Kgosi ya Iseraele e ikgagotse diaparo! A roma kwa kgosing a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o ikgagotse diaparo? A a tle kwa go nna gore a itse, fa go na le moporofeti mo Iseraeleng.”

9 Naamane a tla ka dipitse tsa gagwe le ka dikoloi tsa gagwe, a ema fa mojakong wa ga Elisa.

10 Mme Elisa a roma morongwi a re: “Yaa o tlhape gasupa mo Joretane, foo mmele wa gago o tla go boela, mme o itsheka.”

11 Ke fa Naamane a galefa a tsamaya a re: “Kana ke ne ka re: O tla tswa ka esi a ema, a bitsa leina laMorena, Modimo wa gagwe, a kgadikanya letsogo godimo ga felo fa go leng lepero, a tlosa lepero jalo.

12 Dinoka tsa Damaseko tsa Abana le Farephare a ga di phale metsi aotlhe a Iseraele? A ga nka ke ka tlhapa mo go tsona ka itsheka?” Mme a hulara a tsamaya a ngadile.

13 Mme batlhanka ba gagwe ba mo atamela, ba bua nae ba re: “Rra, fa moporofeti a ka bo a go laetse go dira se segolo, a o ka bo o sa se dire? Bogolo jang, ka a go laetse fela a re: ‘Tlhapa, mme o tla itsheka.’ ”

14 Ke fa a fologa, a ikina gasupa mo Joretane ka fa lefokong la monna wa Modimo. Mme nama ya gagwe ya boa, ya tshwana le nama ya mosimanyana, a itsheka.

15 Jaanong a boela kwa monneng wa Modimo ene le lesomo lotlhe la gagwe, a tla a ema fa pele ga gagwe a re: “A ko o bone, ke lemogile gore ga go na Modimo mo lefatsheng lotlhe fa e se mo Iseraeleng fela. Jaanong he, a ko o amogele mpho ya tebogo mo motlhankeng wa gago.”

16 Mme Elisa a re: “Ka botshelo jwaMorenayo ke mo direlang! Ga ke ne ke e amogela.” Le fa a mo emelela go e tsaya, a gana.

17 Ke fa Naamane a re: “Le fa go sa nna jalo, ka thapelo a motlhanka wa gago a fiwe mmu o o ka rwalwang ke meboulwe e le mebedi. Gonne motlhanka wa gago ga a kitla a tlhola a direla medimo e sele ditlhabelo tsa phiso le ditlhabelo tse di jewang fa e seMorenafela.

18 Fela aMorenaa itshwarele motlhanka wa gago mo selong se fa ya re mong wa me a tsena mo ntlong ya ga Rimone go obamela gona, a ikaega ka letsogo la me, le nna ke ikobe mo ntlong ya ga Rimone, fa ene a obamela mo ntlong ya ga Rimone; aMorenaa itshwarele motlhanka wa gago mo selong se.”

19 A mo raya a re: “Tsamaya ka kagiso!” Mme ya re a sena go tloga sebaka mo go ene,

20 Kehasi, modiredi wa ga Elisa monna wa Modimo a re: “Kana mong wa me o rekegetse Naamane wa Mosiria yoo, a sa amogela sepe mo seatleng sa gagwe sa tse o neng a di tlisitse. Ka botshelo jwaMorena! Ke tla taboga, ke mo latela, ke amogela sengwe mo go ene.”

21 Mme Kehasi a latela Naemane ka potlako. Ya re Naamane a mmona a tla a mo sianetse, a fologa mo koloing, a mo kgatlhantsha a re: “A go siame koo?”

22 A re: “Ee, go siame. Mong wa me o nthomile a re: ‘Bona, ke gona go tlang makau a le mabedi go nna a barutwa ba boporofeti, a tswa kwa dithabeng tsa Eferaime. A ko o ba nee talente e le nngwe ya selefera le diaparo di le pedi tsa mokgabo.’ ”

23 Naamane a re: “Ka thapelo tsaya ditalente di le pedi.” Mme a mo emelela, a bofelela ditalente tse pedi mo dikgetseng di le pedi le diaparo tse pedi tsa mokgabo, a di neela badiredi ba le babedi ba gagwe, ba di mo rwalela.

24 Jaanong ya re ba fitlha kwa thabaneng, a di tsaya mo diatleng tsa bone, a di boloka mo ntlong, a naya banna bao tsela, mme ba tsamaya.

25 Mme ya re a sena go tsena le go ema fa pele fa mongwagwe, Elisa a mmotsa a re: “O tswa kae, Kehasi?” A re: “Motlhanka wa gago ga a tswe gope.”

26 Mme Elisa a mo raya a re: “A pelo ya me e ne e se na nao, fa monna a retologa, a fologa mo koloing ya gagwe, a go kgatlhantsha? A ke nako ya go tsaya selefera le go tsaya diaparo le ditlhare tsa olefa le masimo a moweine le dinku le dikgomo le batlhanka le malata?

27 Fela lepero la ga Naamane le tla ngaparela wena le ba losika lwa gago ka metlha yotlhe.” Ke fa a tloga fa pele ga gagwe, a tswa a sweufetse ka lepero jaaka semathana.