Moporofeti Miga o tlhagisa Ahabe
1 Ba ne ba nna kagisong dinyaga di le tharo go se na ntwa fa gare ga Basiria le Baiseraele.
2 Ka ngwaga wa boraro kgosi ya Iseraele ya etelwa ke Josafate kgosi ya Juta.
3 Ke fa kgosi ya Iseraele e raya batlhanka ba yona e re: “A lo a itse gore, motse wa Ramothe kwa Gileate ke wa rona? Mme re ituletse fela, ga re o gape mo diatleng tsa kgosi ya Siria.”
4 Ya ba ya botsa Josafate ya re: “A o tla ya le nna kwa tlhabanong kwa Ramothe mo Gileate?” Josafate a araba kgosi ya Iseraele a re: “Re tla ya mmogo, morafe wa me le wa gago, dipitse tsa me le tsa gago.”
5 Josafate a ba a raya kgosi ya Iseraele a re: “A ko o botse lefoko laMorenapele.”
6 Ke fa kgosi ya Iseraele e kgobokanya baporofeti, e ka ne e le banna ba le 400, e ba botsa e re: “A ke ke ye go lwela Ramothe kwa Gileate, kampo ke lese?” Ba araba ba re: “Bolola, Morena o tla mo neela mo diatleng tsa kgosi.”
7 Mme Josafate a re: “A ga go na moporofeti yo mongwe waMorenamono yo re ka mmotsang?”
8 Kgosi ya Iseraele ya araba Josafate ya re: “Go sa ntse go le monna a le mongwe yo re ka botsangMorenaka ene, mme ke mo tlhoile, gonne ga a bolelele pele tse di molemo ka ga me, fa e se tse di bosula fela. Ke Miga morwa Imela.” Mme Josafate a re: “A kgosi e se re jalo.”
9 Ke fa kgosi ya Iseraele e bitsa modiredi mongwe wa lapa la yona e re: “Akofa o bitse Miga morwa Imela.”
10 Mme kgosi ya Iseraele le Josafate kgosi ya Juta tsa bo di dutse nngwe le nngwe mo sedulong sa yona sa bogosi, di apere tsa bogosi, e le mo seboaneng fa mojakong wa kgoro ya Samaria, baporofeti botlhe ba ntse ba bolela pele fa pele ga tsona.
11 Mme Setekia morwa Kenana o ne a itiretse dinaka tsa tshipi, a tla natso a re: “Morenao bua jaana a re: ‘O tla tlhaba Basiria ka dinaka tse go fitlhelela ba felelele.’ ”
12 Le baporofeti botlhe ba bolelela pele jalo ba re: “Bololela motse wa Ramothe kwa Gileate. O tla nna tlhogonolo, mmeMorenao tla o neela mo diatleng tsa kgosi.”
13 Mme morongwi yo o neng a ile go bitsa Miga a mo raya a re: “A ko o bone, mafoko a baporofeti a a utlwana, a molemo mo kgosing. Ka thapelo a lefoko la gago le tshwane le lefoko la mongwe wa bone, o bue tse di molemo.”
14 Mme Miga a re: “Ka bophelo jwaMorena! Ke tla bua tseMorenao di ntaelang.”
15 Ya re a fitlha kwa kgosing, kgosi ya mmotsa ya re: “Miga, a ke re ye kwa Ramothe kwa Gileate go tlhabana kampo re lese?” A e araba a re: “Bolola, o tla nna tlhogonolo, mmeMorenao tla o neela mo diatleng tsa kgosi.”
16 Mme kgosi ya mo raya ya re: “Ke go ikanisega kae gore o se ka wa mpolelela sepe fa e se boammaaruri fela mo leineng laMorena?”
17 A fetola a re: “Ke bonye Baiseraele botlhe ba phatlaletse kwa dithabeng jaaka dinku tse di se nang modisa. MmeMorenaa re: ‘Ga ba na morena. A mongwe le mongwe a boele kwa gae ka kagiso!’ ”
18 Ke fa kgosi ya Iseraele e raya Josafate e re: “A ga ke a go bolelela gore ga a bolele pele tse di molemo ka ga me fa e se tse di bosula fela.”
19 Miga a ba a re: “Ka moo utlwa lefoko laMorena. Ke bonyeMorenaa dutse mo sedulong sa gagwe sa bogosi le mephato yotlhe ya legodimo e eme fa go ene mo ntlheng ya le le jang la gagwe le mo ntlheng ya la molema.
20 Morenao rile: ‘Ke mang yo o tla tsietsang Ahabe gore a bolole, a tle a swele kwa Ramothe kwa Gileate?’ Mongwe a bua jaana, yo mongwe a bua kago sele.
21 Ga tlhagelela mowa wa ema fa pele gaMorenawa re: ‘Ke nna ke tla mo tsietsang.’
22 MmeMorenaa o botsa a re: ‘Ka eng?’Wa re: ‘Ke tla bolola go ya go nna mowa wa maaka mo melomong ya baporofeti botlhe ba gagwe.’Morenaa re: ‘O tla mo tsietsa, le gona o tla mo kgona. Tsamaya o dire jalo.’
23 “Jaanong he, bona,Morenao tsentse mowa wa maaka mo melomong ya baporofeti botlhe ba ba gago, mme totaMorenao buile tsa tatlhego ka ga gago.”
24 Ke fa Setekia morwa Kenana a atamela a faphola Miga mo lesameng a re: “Mowa waMorenao ntlogetse jang, wa bua nao?”
25 Miga a araba a re: “O tla bona ka letsatsi leo o tla tsenang ntlo le ntlwana ka lone go ya go iphitlha.”
26 Mme kgosi ya Iseraele ya re: “Tshwara Miga, o mo ise kwa go Amone molaodi wa motse le kwa go Joase morwa kgosi,
27 o re: ‘Kgosi e buile jaana ya re: Tsenyang yo mo ntlong ya kgolegelo, a jele bogobe tlase, le metsi a se ka a mo lekana go fitlhelela ke boe ka kagiso.’ ”
28 Mme Miga a re: “Fa o boa tota ka kagiso,Morenao tla bo a sa bua ka nna.” A ba a re: “Utlwang, lona merafe yotlhe!”
Loso lwa ga Ahabe
29 Jaanong kgosi ya Iseraele le Josafate kgosi ya Juta tsa bololela Ramothe kwa Gileate.
30 Mme kgosi ya Iseraele ya raya Josafate ya re: “Ke tla ba ikgakisa, ke tsena jalo mo tlhabanong, wena o nne o ntse o apere diaparo tsa gago tsa bogosi.” Kgosi ya Iseraele ya apara diaparo di sele, ya tsena jalo mo tlhabanong.
31 Mme kgosi ya Siria e ne e laetse balaodi ba dikoloi tsa ntwa di le 32 tsa yona ya re: “Lo se ka lwa tlhabana le ope yo monnye gongwe yo mogolo fa e se le kgosi ya Iseraele e le yosi fela.”
32 Mme e rile balaodi ba dikoloi ba bona Josafate, ba re: “Ahee, ke ene kgosi ya Iseraele!” mme ba fapogela kwa go ene go tlhabana nae. Ke fa Josafate a goa.
33 Mme ya re balaodi ba dikoloi ba lemoga gore ga se ene kgosi ya Iseraele, ba boa, ba mo tlogela.
34 Mme monna mongwe a gagamatsa bora, a hula fela ka phopholetso, a tlhaba kgosi ya Iseraele fa makopanong a diaparo tsa tshipi. Mme kgosi ya raya mokgweeletsi wa yona ya re: “Sokolola koloi o nntshe mo tlhabanong, gonne ke khutlegile.”
35 Jaanong ya re tlhabano e gakala ka letsatsi leo, kgosi ya bo e eme ka go itshoka mo koloing e lebaganye le Basiria. Mme mantsiboa ya swa, koloi e tletse madi a ntho ya yona.
36 Mme ya re letsatsi le phirima, ga utlwala mokgosi mo bothibelelong o o reng: “A mongwe le mongwe a boele kwa motseng wa ga gabo le kwa nageng ya ga gabo.”
37 Kgosi ya swa jalo, ya isiwa kwa Samaria, ya fitlhwa teng.
38 Mme ya re ba tlhatswa koloi fa letsheng la Samaria, dintšwa tsa latswa madi a yona, mme diaka tsa tlhapa teng ka fa lefokong laMorenale o le buileng.
39 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Ahabe le tsotlhe tse o neng a di dira le ntlo ya dinaka tsa tlou e o neng a e aga le metse yotlhe e o e agileng kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.
40 Mme Ahabe a robala le borraagwe, mme Ahasia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
Josafate o busa Juta
41 Josafate morwa Asa o ne a simolola go busa Juta ka ngwaga wa bone wa puso ya ga Ahabe kgosi ya Iseraele.
42 E rile Josafate a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 35; a busa dinyaga di le 25 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Asuba morwadia Silegi.
43 O ne a sepela gotlhe mo tseleng ya ga Asa rraagwe a sa fapoge mo go yona; a dira tse di siameng mo matlhong aMorena.
44 Fela dithota tsa tlhabelo ga di a ka tsa tlosiwa. Batho ba ne ba sa ntse ba dira ditlhabelo le go tshuba maswalo mo dithoteng tsa tlhabelo.
45 Josafate o ne a agisanya le kgosi ya Iseraele.
46 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Josafate le ditiro tsa bopelokgale tsa gagwe tse o neng a di dira le ka fa a tlhabanyeng ka teng kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta.
47 Le masalela a banna ba ba direlang medimo ka boaka a a neng a setse mo malatsing a ga Asa rraagwe, Josafate a a nyeletsa mo lefatsheng.
48 Mme ga bo go se na kgosi kwa Etomo ka sebaka seo; go busa monna yo o beilweng.
49 Le gona Josafate o ne a dira dikepe tsa Tharesise go ya go tsaya gouta kwa Ofire, mme tsa se ka tsa ya, ka di ne di robega kwa Esione-Gebere.
50 Ka sebaka sele Ahasia morwa Ahabe a raya Josafate a re: “A batlhanka ba me ba tsamae le batlhanka ba gago mo dikepeng;” mme Josafate a gana.
51 Mme Josafate a robala le borraagwe, a fitlhwa fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita rraagwe, mme Jorame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
Kgosi Ahasia wa Iseraele
52 Ahasia morwa Ahabe a nna kgosi ya Baiseraele kwa Samaria ka ngwaga wa 17 wa puso ya ga Josafate kgosi ya Juta; a busa Iseraele dinyaga di le pedi.
53 A dira tse di bosula mo matlhong aMorena, a sepela mo tseleng ya ga rraagwe le mo tseleng ya ga mmaagwe le mo tseleng ya ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele.
54 A direla Baale, a mo obamela, a galefisaMorenaModimo wa Iseraele, fela jaaka rraagwe a ne a dira.