Elia o tshabela kwa thabeng ya Sinai
1 Mme Ahabe a bolelela Isebele tsotlhe tse Elia o di dirileng le ka fa a bolaileng baporofeti botlhe ka teng ka tšhaka.
2 Ke fa Isebele a roma morongwi kwa go Elia a re: “A medimo e mpetse, e be e nkokeletse, fa ke sa dire ka bophelo jwa gago kamoso go le kana jaaka o dirile ka maphelo a bone botlhe.”
3 Ke fa Elia a boifa, mme a nanoga a tsamaya go boloka bophelo jwa gagwe, a fitlha kwa Bereseba wa Juta, a tlogela modiredi wa gagwe teng.
4 Mme ene a ya kwa sekakeng ka leeto la letsatsi, a fitlha a dula fa tlase ga motlopi, a ikopela go swa a re: “Jaanong go lekanye,Morena, tsaya mowa wa me; gonne ga ke a siama go gaisa borre.”
5 A ba a robala, a thulamela fa tlase ga motlopi oo, a ba a utlwa moengele a mo ama a mo raya a re: “Tsoga o je!”
6 Ya re a leba, a fitlhela fa tlhogong ya gagwe go le senkgwe se se besitsweng mo matlapeng a a bolelo le modutwana wa metsi. Jaanong a ja a nwa, a boa a robala gape.
7 Mme moengele waMorenaa tla la bobedi, a mo ama a re: “Tsoga o je! Go seng jalo leeto le ka go palela.”
8 Ke fa a tsoga, a a ja a a nwa, a tsamaya malatsi a le 40 le masigo a le 40 ka thata ya dijo tseo go ya go fitlha kwa thabeng ya Modimo ya Horebe.
9 Teng a tsena mo logageng, a lala gona. A utlwa lefoko laMorenale tla kwa go ene, le mmotsa le re: “O dirang fano, Elia?”
10 A araba a re: “Ke lwetseMorena, Modimo wa masomosomo, ka tlhoafalo; gonne Baiseraele ba tlogetse kgolagano ya gago, ba thubagantse dialetare tsa gago, ba bolaile baporofeti ba gago ka tšhaka, mo go setseng nna ke le nosi fela, mme ba batla go mpolaya.”
11 MmeMorenaa re: “Tswela kwa ntle o eme mo thabeng fa pele gaMorena.” Ke faMorenaa feta, mmeMorenaa etelelwa pele ke ledimo le legolo le le thata le le phatlolang dithaba le le thubaganyang mafika, mmeMorenao ne a se yo mo ledimong. Ledimo la latelwa ke thoromo ya lefatshe, mmeMorenaO ne a se yo mo thoromong ya lefatshe.
12 Thoromo ya lefatshe ya latelwa ke molelo, mmeMorenaO ne a se yo mo molelong; molelo wa latelwa ke phefonyana e tshesane.
13 Ya re Elia a utlwa yona, a ipipa sefatlhego ka kobo ya gagwe, a tswela kwa ntle, a ema mo mojakong wa logaga, a utlwa lentswe le mmotsa le re: “O dirang fano, Elia?”
14 A araba a re: “Ke lwetseMorena, Modimo wa masomosomo, ka tlhoafalo, gonne Baiseraele ba tlogetse kgolagano ya gago, ba thubagantse dialetare tsa gago, ba bolaile baporofeti ba gago ka tšhaka, mo ke setseng ke le nosi fela, mme ba batla go mpolaya.”
15 MmeMorenaa mo raya a re: “Ikgate motlhala, o ye kwa sekakeng sa Damaseko, o tsene teng, o fete o tlotse Hasaele go nna kgosi ya Siria.
16 O be o tlotse Jehu morwa Nimesi go nna kgosi ya Iseraele; o be o tlotse Elisa morwa Safate wa Abele-Megola go nna moporofeti mo boemong jwa gago.
17 Mme go tla dirafala go re: Yo o falolang mo tšhakeng ya ga Hasaele a bolawe ke Jehu; le yo o falolang mo tšhakeng ya ga Jehu a bolawe ke Elisa.
18 Mme ke tla sadisa ba le 7 000 mo Iseraeleng ba mangole a bone a iseng a ke a khubamele Baale, ba melomo ya bone e iseng e ke e mo atle.”
Elisa o a bidiwa
19 E rile Elia a tloga teng, a fitlhela Elisa morwa Safate, a lema ka dipholo tsa dijoko di le 12 di le fa pele ga gagwe, ene a le fa go tsa joko ya some pedi. Jaanong ya re Elia a feta fa go ene, a latlhela kobo ya gagwe mo go ene.
20 Ke fa Elisa a tlogela dipholo, a siana a sala Elia morago a re: “Ka thapelo, nte ke ye go atla rre le mme, foo ke tla go latela.” A mo araba a re: “Yaa o boe! Kana ke go diretseng!”
21 Ke fa a boa, a mo tlogela, a tsaya dipholo tsa joko eo, a di tlhaba, a apaya dinama tsa tsona ka dijoko, a di naya batho, ba ja. A ba a wela tsela, a latela Elia a mo direla.