1 DIKGOSI 17

Elia le leuba

1 Elia wa Thišebe mongwe wa baagi ba Gileate o kile a raya Ahabe a re: “Ka bophelo jwaMorena,Modimo wa Iseraele, yo ke mo direlang! Ka dinyaga tseno ga go kitla go nna monyo le e seng pula, fa e se ka lefoko la me!”

2 Mme lefoko laMorenala tla kwa go ene la re:

3 “Tloga mono o ye kwa botlhabatsatsi, o fete o iphitlhe fa nokaneng ya Kerithe e e ntlheng ya botlhabatsatsi ya Joretane.

4 O tla nwa mo nokaneng eo, mme ke laetse magakabe gore a go otle teng.”

5 A dira ka fa lefokong laMorena; a ya a dula fa nokaneng ya Kerithe e e ntlheng ya botlhabatsatsi ya Joretane.

6 Magakabe a nna a mo isetsa senkgwe le nama mo mosong le maitsiboa, mme a nwa mo nokaneng.

7 Mme ya re sebaka se sena go feta, nokana ya kgala, ka go ne go se na pula mo lefatsheng.

Elia le motlholagadi wa Sarefathe

8 Ke fa lefoko laMorenale tla kwa go ene le re:

9 “Bothologa o ye kwa motseng wa Sarefathe o e leng wa Sitone, o nne gona; bona, ke laetse mosadi wa motlholagadi wa teng gore a go tlamele.”

10 A bothologa a ya kwa Sarefathe. Ya re a goroga kwa kgorong ya motse, a fitlhela mosadi wa motlholagadi teng a rwalela. Mme a mmitsa a re: “A ko o ye go ntshiela metsinyana ka sego gore ke nwe.”

11 Ya re mosadi a ya go a tsaya, a mmitsa gape, a mo raya a re: “O be o ntlele thathana ya senkgwe.”

12 Mme mosadi a re: “Ka bophelo jwaMorena, Modimo wa gago! Ga ke na senkgwe fa e se bupenyana fela mo nkgwaneng jo bo ka tlalang seatla le lookwanyana mo modutwaneng. Mme ke fano, ke rwalela dikgonyana gore ke ye kwa gae, ke bo ipesetse le morwaake gore re je, re tloge re swe.”

13 Mme Elia a mo raya a re: “Se boife! Yaa kwa gae o fete o dire jaaka o buile. Fela pele o ntirele senkgwenyana ka jona, o se ntsisetse, mme morago o ka itirela le morwao.

14 GonneMorena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana o a re: ‘Bupe jo bo mo nkgwaneng ga bo ne bo fela le lookwane lo lo mo modutwaneng ga lo ne lo tlhokafala go fitlhelela letsatsing leMorenaO tla nesang pula mo lefatsheng ka lone.’ ”

15 Mosadi a ya a dira ka fa lefokong la ga Elia, a ja, ene mosadi le Elia le ba lapa la gagwe malatsi a mantsi.

16 Bupe jo bo mo nkgwaneng jwa se ka jwa fela le lookwane lo lo mo modutwaneng lwa se ka lwa tlhokafala ka fa lefokong laMorenale o le buileng ka Elia.

17 Mme morago ga dilo tseo ga lwala morwa mosadi yo e leng mong wa lelapa. Bolwetse jwa gagwe bo ne bo le bogolo thata go fitlha a be a fela mowa, a swa.

18 Ke fa mosadi a raya Elia a re: “O ntiretseng, monna wa Modimo? Ntlha e kete o tlile go nna gore go gopolwe molato wa me, mme morwaake a bolawe!”

19 Mme a fetola mosadi a re: “Nneela morwao!” A ba a mo tsaya mmaagwe a mo farile, a mo tlhatlosetsa kwa ntlwaneng ya gagwe e e kwa godimo fa a nnang teng, a feta a mo namalatsa mo bolaong jwa gagwe.

20 A ba a rapelaMorenaa re: “Morena, Modimo wa me, motlholagadi yo ke leng moeng wa gagwe a tota o mo diretse tse di bosula ka go bolaya morwawe?”

21 A ba a patlama mo godimo ga ngwana gararo, a rapelaMorenaa re: “Morena, Modimo wa me, a mowa wa ngwana yo o boele mo go ene!”

22 MmeMorenaa utlwa lentswe la ga Elia, mme mowa wa ngwana wa boela mo go ene, a ba a phela.

23 Jaanong Elia a tsaya ngwana, a mo folosa mo ntlwaneng e e kwa godimo, a mo isa mo ntlong, a mo neela mmaagwe. Elia a ba a re: “Bona, morwao o a phela!”

24 Ke fa mosadi a raya Elia a re: “Jaanong ke a lemoga gore o monna wa Modimo le go re lefoko laMorenale o le buang ke boammaaruri.”