1 DIKGOSI 8

Letlole la Kgolagano ya Morena le isiwa kwa Tempeleng

1 Morago ga moo Salomo a kgobokanya bagolo ba Iseraele le dikgosana tsotlhe tsa ditso le ditlhogo tsa dikgoro tsa Baiseraele kwa go ene kwa Jerusalema, e le go tsaya Letlole la Kgolagano yaMorenakwa motseng wa ga Dafita o e leng Sione.

2 Le banna botlhe ba Iseraele ba phuthegela kwa go kgosi Salomo moletlong ka kgwedi ya Ethanime; ke yona kgwedi ya bosupa.

3 Jaanong e rile bagolo botlhe ba Iseraele ba sena go goroga, baperesiti ba tsaya Letlole,

4 ba tlisa Letlole laMorenale Tente ya Boipontsho le dilo tsotlhe tse di boitshepo tse di neng di le mo go yona; baperesiti le Balefi ba di tlisa.

5 Mme kgosi Salomo le phuthego yotlhe ya Baiseraele ba ba neng ba phuthegetse kwa go ene, ba na nae fa pele ga Letlole, ba tlisa ditlhabelo tsa difutshane le tsa dikgomo tse dintsi tse di se nang palo.

6 Baperesiti ba isa Letlole la Kgolagano yaMorenakwa felong ga lone kwa Felong fa go kwa Tengteng ga Ntlo ya Modimo, e bong ga Boitshepo-jwa-Maitshepo kwa tlase ga diphuka tsa boKerubime,

7 ka boKerubime ba ne ba tsharolotse diphuka godimo ga Letlole; ba sireletsa Letlole le disikari tsa lone ba le okame.

8 Disikari di ne di le ditelele, mo dintlha tsa tsona di neng di bonala kwa Felong-ga-Boitshepo ka fa ntle ga Felo fa go kwa Tengteng, mme di sa bonale ka kwa ntle; di sa le teng go fitlha letsatsing la kajeno.

9 Go ne go se sepe mo Letloleng fa e se matlapa a mabedi a maboti a Moše o neng a a tsenya mo teng kwa thabeng ya Horebe, kwaMorenao neng a dira kgolagano teng le Baiseraele, jale fa ba huduga kwa lefatsheng la Egepeto.

10 Jaanong e rile baperesiti ba tswa mo Felong-ga-Boitshepo, leru la tlala ka Ntlo yaMorena,

11 mo baperesiti ba bileng ba palelwa ke go ema le go dira tsa tirelo-Modimo ka ntlha ya leru; gonne kgalalelo yaMorenae ne e tletse mo Ntlong yaMorena.

12 Ke fa Salomo a re:

“Morenaa re,

o rata go nna mo bontshong

jwa maru.

13 Jaanong ke go agetse Ntlo,

ke bonno jo bo tlhomameng,

gore o nne teng ka

bosakhutleng.”

Salomo o bua le batho

14 Jaanong kgosi ya retologa, ya tshegofatsa phuthego yotlhe ya Iseraele, phuthego e ntse e eme.

15 Gape ya re: “A go tumisiweMorena, Modimo wa Iseraele, o o dirafaditseng ka seatla sa ona se o se solofeditseng Dafita rre ka molomo wa ona wa re:

16 ‘E sa le ka letsatsi le ke ntshitseng morafe wa me wa Iseraele kwa Egepeto ka lone, ga ke ise nke ke tlhophe motse ope mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele go aga Ntlo teng gore leina la me le nne teng; mme ke tlhaotse Dafita gore a okamele morafe wa me wa Iseraele.’

17 “E rile rre Dafita a ikaeletse go agela leina laMorena, Modimo wa Iseraele, Ntlo

18 Morenaa raya Dafita rre a re: ‘Maikaelelo a pelo ya gago a go agela leina la me Ntlo a siame.

19 Fela wena ga o ne o aga Ntlo ya me, mme morwao yo o tla mo tsalang ke ene yo o tla agelang leina la me Ntlo.’

20 “JaanongMorenao dirafaditse lefoko la gagwe le o le buileng. Kana ke tsogile mo boemong jwa ga Dafita rre, ke ntse mo sedulong sa bogosi sa Iseraele jaakaMorenaa buile, ke agetse leina laMorena, Modimo wa Iseraele, Ntlo,

21 ke baakanyeditse Letlole bonno teng le tshupo ya kgolagano yaMorenae leng mo go lone e o e dirileng le borraetsho, jale fa a ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto.”

Thapelo ya ga Salomo

22 Ke fa Salomo a ema fa pele ga aletare yaMorena, phuthego yotlhe ya Iseraele e mo lebile, a tsholeletsa mabogo kwa legodimong

23 a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, kwa godimo mo legodimong le fa fatshe mo lefatsheng ga go na modimo ope o o tshwanang nao. Wena o bolokela batlhanka ba gago kgolagano le bopelotlhomogi fa ba sepela fa pele ga gago ka pelo yotlhe.

24 Wena o diretse motlhanka wa gago Dafita rre tse o di mo solofeditseng. Ruri, o ne o di buile ka molomo wa gago, mme jaanong o di dirafaditse ka seatla sa gago jaaka go ntse kajeno.

25 “Jaanong he,Morena, Modimo wa Iseraele, dirafaletsa motlhanka wa gago Dafita rre le tse o di mo solofeditseng wa re: ‘Ga o kitla o tlhoka monna fa pele ga me yo o dutseng mo sedulong sa bogosi sa Iseraele; ke raya fela fa bana ba gago ba disa tsela ya bone ka go sepela fa pele ga me jaaka wena.’

26 Jaanong he, Modimo wa Iseraele, ka thapelo, a lefoko la gago le o le solofeditseng motlhanka wa gago Dafita rre le direlwe nnete.

27 “Mme a ruri Modimo o ka aga mono lefatsheng? Kana legodimo le legodimo le le godimodimo ga le go lekane. Jaanong Ntlo e ke e agileng yona e tlhaela bogolo jang!

28 Morena, Modimo wa me, ngoka thapelo ya motlhanka wa gago le mokokotlelo wa gagwe gore o utlwe go goelela le go rapela mo motlhanka wa gago a go rapelang fa pele ga gago kajeno

29 le gore matlho a gago e nne a a budulogetseng Ntlo e bosigo le motshegare, e bong felo fa o buileng ka ga gona wa re: ‘Leina la gago,’ Modimo, le tla nna teng; gape le go re o utlwe thapelo e motlhanka wa gago o tla e rapelang a lebile felo fano.

30 A ko o utlwe mokokotlelo wa motlhanka wa gago le wa morafe wa gago wa Iseraele o ba tla o rapelang ba lebile felo fa; o utlwe o le kwa felong fa o nnang teng kwa legodimong, mme o re o o utlwa o ba itshwarele.

31 “E re fa motho a leofetse mongwe-ka-ene, mme ba mo ikanisa gore a ikhutse, mme a tla a bua khutso fa pele ga aletare ya gago fa Ntlong e,

32 foo o utlwe o le kwa legodimong, o itshupe ka tiro, o direle batlhanka ba gago tshiamo ka go atlhola moikepi, o re o molato ka go digela mosepele wa gagwe mo tlhogong ya gagwe le ka go atlholela mosiami, o re ga a na molato ka go mo naya ka fa tshiamong ya gagwe.

33 “E re fa morafe wa gago wa Baiseraele o fenngwa ke mmaba, ka ba tla bo ba go leofetse, mme ba sokologela kwa go wena, ba ipolela leina la gago, ba rapela, ba go kokotlela mo Ntlong e,

34 foo o utlwe o le kwa legodimong, o itshwarele boleo jwa morafe wa gago wa Baiseraele, o ba busetse kwa nageng e o e fileng borraabo.

35 “E re fa legodimo le tswetswe go se na pula, ka ba tla bo ba go leofetse, mme ba rapela ba lebile felo fa, ba ipolela leina la gago, ba latlha boleo jwa bone, ka o tla bo o ba kokobetsa,

36 foo o utlwe o le kwa legodimong, o itshwarele boleo jwa motlhanka wa gago le jwa morafe wa gago wa Baiseraele – kana o ba ruta tsela e e siameng e ba tshwanetseng go sepela mo go yona – o nesetse lefatshe la gago pula le o le neileng morafe wa gago go nna boswa.

37 “E re fa go le tlala mo lefatsheng, fa go le leroborobo, fa go le phori gongwe mongadule gongwe boijane gongwe tsie, fa mmaba wa morafe a o dikanyetsa ka ntwa mo lefatsheng kwa go nngwe ya dikgoro tsa ona, le fa go le pogo efe gongwe bolwetse bofe,

38 foo o utlwe thapelo nngwe le nngwe le selelo sengwe le sengwe, le fa e le sa motho ofe, le fa e le sa morafe otlhe wa gago wa Baiseraele, ka ba tla bo ba lemoga gore ke petso, mongwe le mongwe mo pelong ya gagwe, ba tsholeletsa mabogo kwa Ntlong e,

39 foo o utlwe o le kwa legodimong kwa bonnong kwa o nnang teng, o ba itshwarele, o itshupe ka tiro, o nee mongwe le mongwe ka fa ditsamaong tsotlhe tsa gagwe. Kana o itse pelo ya gagwe! Gonne ke wena o le wesi fela o itseng pelo ya motho mongwe le mongwe

40 gore ba go boife ka malatsi otlhe a ba phelang ka ona mo lefatsheng le o le neileng borraetsho.

41 “Le ene moditšhaba yo e seng wa morafe wa gago wa Iseraele, fa a tswa kwa lefatsheng le le kgakala ka ntlha ya leina la gago, o mo utlwe;

42 gonne ba tla utlwela leina le legolo la gago le seatla se se thata sa gago le letsogo le le otlologileng la gago. Fa a tla a rapela a lebile Ntlo e,

43 foo o utlwe o le kwa legodimong kwa bonnong kwa o nnang teng, o dire tsotlhe tse moditšhaba o goelang kwa go wena ka ntlha ya tsona gore merafe yotlhe ya lefatshe e itse leina la gago, e go boife jaaka morafe wa gago wa Iseraele; e be e lemoge gore Ntlo e, e ke e agileng, e agetswe leina la gago.

44 “E re fa morafe wa gago o bolola go ya go tlhabana le baba ba ona ka taelo ya gago, mme ba rapelaMorenaba lebile kwa motseng o ò o tlhophileng le kwa Ntlong e ke e agetseng leina le gago,

45 foo o utlwe thapelo ya bone le selelo sa bone o le kwa legodimong, o ba direle tshiamo.

46 “E re fa ba go leofela – kana ga go na motho yo o sa leofeng! – mme o ba galefela, o ba neela mo diatleng tsa mmaba, mme bathopi ba bone ba ba isa mo botshwarong kwa lefatsheng la mmaba le le kgakala gongwe le le gaufi;

47 jaanong fa ba itshôla kwa lefatsheng le ba isitsweng teng mo botshwarong, ba sokologa, ba lelela kwa go wena kwa lefatsheng la bathopi ba bone ba re: ‘Re leofile, ra dira tse di sokameng, ra ikepa!’

48 Fa ba boela jalo kwa go wena ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe ba le kwa lefatsheng la baba ba bone ba ba ba isitseng mo botshwarong, ba go rapela ba lebile kwa lefatsheng la bone le o le neileng borraabo le kwa motseng o ò o tlhophileng le kwa Ntlong e ke e agetseng leina la gago,

49 foo o utlwe thapelo ya bone le selelo sa bone o le kwa legodimong kwa bonnong kwa o nnang teng, o ba direla tshiamo;

50 o itshwarele morafe wa gago tse ba go leofetseng ka tsona le ditlolo tsotlhe tsa bone tse ba ikepileng mo go wena ka tsona, o ba neele go bona boutlwelo-botlhoko mo bathoping ba bone gore ba ba utlwele botlhoko.

51 Gonne ke bone morafe wa gago le boswa jwa gago, ba o ba ntshitseng kwa Egepeto mo teng ga leiso le le gakolosang tshipi.

52 “A matlho a gago a nne a budulogetse selelo sa motlhanka wa gago le selelo sa morafe wa gago wa Iseraele gore o ba utlwe mogang ba go rapelang.

53 Gonne wena o ba lomolotse mo merafeng yotlhe ya lefatshe go nna boswa jwa gago jaaka o buile ka Moše motlhanka wa gago jale fa o ntsha borraetsho kwa Egepeto, Morena Modimo.”

Bokhutlo jwa thapelo

54 Jaanong ya re Salomo a sena go rapela thapelo yotlhe e le mokokotlelo o moMoreneng, a khubamologa fa pele ga aletare yaMorenafa a neng a khubame teng, a tsholeleditse mabogo kwa legodimong;

55 a ema a tshegofatsa phuthego yotlhe ya Iseraele a tlhatlositse lentswe a re:

56 “A go tumisiweMorenayo o neileng morafe wa gagwe wa Iseraele boikhutso fela jaaka a solofeditse. Ga go na lefoko lepe la tsholofetso yotlhe e e molemo e o e buileng ka Moše motlhanka wa gagwe, le le sa dirafalang.

57 AMorena, Modimo wa rona o nne le rona jaaka o ne o na le borraetsho; a o se ka wa re tlogela le e seng go re latlha.

58 Mme a o sekamisetse dipelo tsa rona kwa go ona gore re sepele gotlhe mo ditseleng tsa ona, re tshegetse ditaolo tsa ona le melao ya ona le ditshiamelo tsa ona tse o di laetseng borraetsho.

59 Mme mafoko a me a, a ke kokotletseng fa pele gaMorenaka ona, a a nne gaufi leMorena, Modimo wa rona, bosigo le motshegare gore o direle motlhanka wa ona le morafe wa ona wa Iseraele tshiamo ka fa go batlegang ka teng ka letsatsi lengwe le lengwe

60 gore merafe yotlhe ya lefatshe e tle e itse goreMorenake ene Modimo, go se ope o sele.

61 Mme a dipelo tsa lona di ineeleMorena, Modimo wa rona, ka botlalo gore lo sepele ka fa melaong ya ona, lo tshegetse ditaolo tsa ona jaaka gompieno.”

Kgakolo ya Tempele

62 Jaanong kgosi le Baiseraele botlhe nayo ba direlaMorenaditlhabelo:

63 Salomo a tlhaba ditlhabelo tsa tebogo, a di tlhabelaMorena, e bong dikgomo di le 22 000 le difutshane di le 120 000. Kgosi le Baiseraele botlhe ba ne ba kgakola Ntlo yaMorenajalo.

64 Ka letsatsi leo kgosi ya itshepisa bogare jwa lelapa le le mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Ntlo yaMorena; gonne teng o ne a tlisa ditlhabelo tsa phiso le ditshupelo tsa bupe le mafura a ditlhabelo tsa tebogo, ka aletare ya kgotlho e e neng e le fa pele gaMorenae le potlana, e sa lekane ditlhabelo tsa phiso le ditshupelo tsa bupe le mafura a ditlhabelo tsa tebogo.

65 Le gona ka sebaka seo Salomo a dira moletlo le Baiseraele botlhe e le phuthego e kgolo, ba tswa mo lefatsheng lotlhe go simolola ntlheng ya Hamathe go ya go fitlha kwa molatswaneng wa Egepeto, ba le fa pele gaMorena, Modimo wa rona, malatsi a supa le malatsi a supa gape, e le malatsi a le 14 mmogo.

66 Ka letsatsi la robedi Salomo a naya morafe tsela, mme ba eleletsa kgosi letlhogonolo, ba boela kwa ditenteng tsa bone ba itumetse ba le pelo-di-thabileng ka ntlha ya tse di molemo tsotlhe tseMorenao di diretseng Dafita motlhanka wa gagwe le Iseraele morafe wa gagwe.