1 DIKGOSI 2

Taelo ya ga Dafita ya bofelo

1 E rile malatsi a ga Dafita a go swa a atamela, a laela Salomo morwawe a re:

2 “Nna ke wela tseleng ya lefatshe lotlhe; wena tia o nne monna,

3 o dire ka tshwanelo fa pele gaMorena, Modimo wa gago, ka go sepela mo ditseleng tsa ona le ka go tshegetsa melao ya ona le ditaolo tsa ona le dithulaganyo tsa ona le ditshupo tsa ona jaaka di kwadilwe mo molaong wa ga Moše gore o tle o tswelele pele sentle mo go tsotlhe tse o di dirang gongwe le gongwe kwa o yang teng

4 le goreMorenaa dirafatse lefoko la gagwe le o le buileng ka ga me a re: ‘Fa bomorwao ba tlhokomela tsela tsa bone ka go sepela fa pele ga me ka boikanyo ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe, foo ga o kitla o tlhoka monna mo sedulong sa bogosi sa Iseraele.’

5 “Le gona o itse ka wesi se Joabe morwa Seruya a se ntiretseng, e bong se o neng a se direla balaodi ba babedi ba mephato ya Iseraele, e bong Abenere morwa Nere le Amasa morwa Jethere, ka fa a ba bolaileng ka teng, a tsholola madi a ntwa mo kagisong, a tlatsa moitlamo wa gagwe o o mo lethekeng la gagwe le ditlhako tse o di rweleng madi a ntwa.

6 Dira ka fa botlhaleng jwa gago gore o se ka wa folosetsa tlhogo e pududu ya gagwe kwa felong ga baswi ka kagiso.

7 “Mme bana ba ga Baresilai wa Gileate o ba direle ka bopelotlhomogi, ba nne le ba ba jelang fa lomating lwa gago; gonne ba nthusitse fela jalo jale fa ke tshaba Abesalomo mogoloo.

8 “Gape o sa ntse o na le Simei morwa Gera wa Mobenyamene wa Bahurime; o kile a ntlhapatsa mo go boitshegang ka letsatsi le ke neng ke ya kwa Mahanaime ka lone. Fela e rile a fologela kwa Joretane go nkgatlhantsha, ka mo ikanela kaMorenaka re: ‘Ga nkitla ke go bolaya ka tšhaka.’

9 Mme wena o se ka wa tlhoka go mmona molato; gonne wena o monna yo o botlhale. O tla itse sentle se o ka se mo direlang gore o folosetse tlhogo e pududu ya gagwe ka madi kwa felong ga baswi.”

Loso lwa ga Dafita

10 Jaanong Dafita a robala le borraagwe, a ba a fitlhwa mo motseng wa ga Dafita.

11 Mme Dafita a busa Baiseraele dinyaga di le 40; a busa dinyaga di supa kwa Heberone, a ba a busa dinyaga di le 33 kwa Jerusalema.

12 Morago ga moo Salomo a nna mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita rraagwe, mme bogosi jwa gagwe jwa tlhomama.

Loso lwa ga Atonia

13 Jaanong Atonia morwa Hagithe a ya kwa go Batsheba mmaagwe Salomo. Ene a mmotsa a re: “A o tla ka kagiso?” A araba a re: “Ee, ke tla ka kagiso.”

14 A ba a re: “Ke tsile go bua nao.” Batsheba a re: “Bua.”

15 Ke fa Atonia a re: “O a itse gore bogosi e ne e le jwa me. Baiseraele botlhe ba ne ba lebeletse gore go tla busa nna. Mme bogosi jwa ntlogela, ya nna jwa ga nnake; gonne o bo neilwe keMorena.

16 Jaanong ke kopa selo se le sengwe fela mo go wena; o se ka wa nkganela ka sona.” Batsheba a mo araba a re: “Bua.”

17 Atonia a re: “A ko o bue le kgosi Salomo; gonne wena ga a ka ke a go swabisa, gore a nnee Abisaga wa Suneme go nna mosadi wa me.”

18 Batsheba a re: “Go siame, ke tla go buela le kgosi.”

19 Ke fa Batsheba a tsena kwa go kgosi Salomo go buela Atonia nae. Mme kgosi ya nanoga, ya mo kgatlhantsha, ya mo ikobela. Jaanong ya nna mo sedulong sa yona sa bogosi; le ene mma-kgosi a tsisediwa sedulo, a nna mo ntlheng ya le le jang la yona.

20 Jaanong Batsheba a re: “Ke kopa kopo e potlana e le nngwe mo go wena. O se ka wa gana.” Kgosi ya mo araba ya re: “Kopa, mma, gonne ga nkitla ke go ganela ka yona.”

21 Batsheba a re: “A Abisaga wa Suneme a newe Atonia mogoloo go nna mosadi wa gagwe.”

22 Kgosi Salomo a fetola a raya mmaagwe a re: “O kopelelang Atonia Abisaga wa Suneme? Mo kopele le bogosi! Gonne ke nkgonne. Kana moperesiti Abjathare le Joabe morwa Seruya ba goga nae!”

23 Ke fa kgosi Salomo a ikana kaMorenaa re: “A Modimo o mpetse, o be o nkokeletse, fa Atonia a sa ka ke a bolawa ka ntlha ya lefoko le!

24 Mme jaanong, ka bophelo jwaMorenayo o ntlhomamisitseng, a mpaya mo sedulong sa bogosi sa ga rre Dafita, a nkagela ntlo jaaka a solofeditse – ruri, Atonia o tla bolawa kajeno.”

25 Kgosi Salomo a roma Benaya morwa Joyata, a feta a mo wela, mme a swa.

Abjathare o ntshiwa mo boperesiting. Loso lwa ga Joabe

26 Fa e le Abjathare moperesiti, kgosi ya mo raya ya re: “Yaa kwa Anathothe kwa tshimong ya gago; gonne o tshwanetse go bolawa. Fela ga ke ne ke go bolaya kajeno, ka o ne o sikara Letlole la Morena Modimo fa pele ga rre Dafita le ka o ne o tlhakanela dipogiso tsotlhe le rre.”

27 Salomo a leleka Abjathare jalo, mo a se neng a tlhola a nna moperesiti waMorena, e le go dirafatsa lefoko laMorenale o le buileng ka go ntlo ya ga Eli kwa Silo.

28 E rile Joabe a utlwela dilo tseo, a tshabela kwa Tenteng yaMorena, a feta a tshwara dinaka tsa aletare. Kana Joabe a ne a gogile le Atonia, le fa a se ka a goga le Abesalomo.

29 Ga begelwa kgosi Salomo ga twe: “Joabe o tshabetse kwa Tenteng yaMorena. Ke yole fa aletareng.” Jaanong Salomo a roma Benaya morwa Joyata a re: “Yaa o mmolae!”

30 Mme ya re Benaya a fitlha kwa Tenteng yaMorena, a mo raya a re: “Kgosi e buile jaana ya re: ‘Tswaa moo!’ ” A fetola a re: “Nnyaya! Gonne ke rata go swela fano!” Benaya a isetsa kgosi lefoko a re: “Joabe o mphetotse jaana le jaana.”

31 Ke fa kgosi e mo laela a re: “Dira jaaka a buile, o mmolae, o mo fitlhe, mme madi a a se nang molato a a tsholotsweng ke Joabe o a tlose mo go nna le mo lapeng la ga rre.

32 AMorenaa busolosetse madi a o a tsholotseng mo tlhogong ya gagwe; ka gonne o wetse banna ba babedi ba ba neng ba mo gaisa ka tshiamo le molemo, a ba bolaya ka tšhaka, rre Dafita a sa itse, e bong Abenere morwa Nere, molaodi wa mephato ya Iseraele le Amasa morwa Jethere, molaodi wa mephato ya Juta

33 gore madi a bone a boele mo tlhogong ya ga Joabe le mo tlhogong tsa bana le bana ba bana ba gagwe ka bosakhutleng, mme kagiso e e tswang moMorenenga e nne le Dafita le losika lwa gagwe le lelapa la gagwe le sedulo sa bogosi sa gagwe ka bosakhutleng.”

34 Benaya morwa Joyata a ya, a mo wela, a mmolaya, mme a fitlhwa mo ntlong ya gagwe kwa sekakeng.

35 Mo boemong jwa gagwe kgosi ya baya Benaya morwa Joyata go laola mephato; kgosi ya ba ya baya moperesiti Satoke mo boemong jwa ga Abjathare go nna moperesiti yo mogolo.

Loso lwa ga Simei

36 Morago ga moo kgosi ya roma go bitsa Simei, ya mo laela ya re: “Ikagele ntlo mono Jerusalema, o nne teng. O se ka wa tloga mono go ya gope.

37 Mme ka letsatsi le o tswang ka lone, o tshela noka ya Kiterone, o itsetse ruri gore o tlile go swa. Foo go tla bo go ipolaile wena ka wesi.”

38 Simei a araba kgosi a re: “Lefoko leo le siame. Motlhanka wa gago o tla dira ka fa kgosi mong wa me a buileng ka teng.” Simei a nna jalo mo Jerusalema malatsi a mantsi.

39 Mme ya re dinyaga tse tharo di sena go feta, batlhanka ba le babedi ba ga Simei ba thobela kwa go Agiše morwa Maaga kgosi ya Gathe. Jaanong ya re Simei a begelwa go twe: “Batlhanka ba gago ba kwa Gathe.”

40 Simei a nanoga a belesa esele ya gagwe a ya kwa Gathe kwa go Agiše go batla batlhanka ba gagwe. Simei a ya jalo, a ya go tsaya batlhanka ba gagwe kwa Gathe.

41 Mme ga begelwa Salomo ga twe: “Simei o dule mo Jerusalema, a ya kwa Gathe, a ba a boa.”

42 Ke fa kgosi e roma go bitsa Simei, e mo raya e re: “Kana ke go ikanisitse kaMorena, ka go tlhagisa ka re: ‘Ka letsatsi le o tswang o ya gongwe ka lone o itsetse ruri gore o tlile go swa!’ Wa ba wa nthaya wa re: ‘Go siame. Ke utlwile.’

43 Jaanong ke ka ntlha ya eng fa o se ka wa tshegetsa se o se ikanetsengMorenale taelo e ke e go laetseng?”

44 Kgosi ya ba ya raya Simei ya re: “Wena ka wesi o itse bosula jotlhe mo pelong ya gago jo o bo diretseng rre Dafita. JaanongMorenao busetsa bosula jwa gago mo go wena,

45 mme kgosi Salomo o tshegofaditswe; sedulo sa bogosi sa ga Dafita se tla tlhomama fa pele gaMorenaka bosakhutleng.”

46 Jaanong kgosi ya laela Benaya morwa Joyata, mme ene a ya a mmolaya, mme a swa. Bogosi jwa tlhomamisiwa jalo mo diatleng tsa ga Salomo.