Botsofe jwa ga Dafita
1 E rile kgosi Dafita a sena go tsofala le go phela malatsi a mantsi, a bo a sa thuthafale, le fa ba mo apesa dikobo.
2 Mme batlhanka ba gagwe ba mo raya ba re: “A kgosi morena wa rona a batlelwe morweetsana wa lekgarebe gore a mo direle, a mo oke. Mme fa a robala fa sehubeng sa gago, foo kgosi, morena wa rona o tla thuthafala.”
3 Ke fa ba batla morweetsana yo montle mo lefatsheng lotlhe la Iseraele; ba bona Abisaga wa Suneme, ba mo isa kwa kgosing.
4 Morweetsana yoo o ne a le montle thata; a tla a nna mooki wa kgosi a e direla, mme kgosi ya se ka ya ikopanya nae.
Atonia o batla bogosi
5 Mme Atonia morwa Hagithe o ne a ikgodisa a re: “Ke tla nna kgosi!” Le gona a ipatlela dikoloi le bapalami ba dipitse le banna ba le 50 ba ba mo dikanyetsang.
6 Mme rraagwe a se ka a mo kgalemela ka letsatsi lepe go re: “O direlang jalo?” Le gona o ne a bopegile sentle thata, mme mmaagwe a mo tshotse a tlhomaganna Abesalomo.
7 Mme a gakololana le Joabe morwa Seruya le moperesiti Abjathare; bone ba thusa Atonia, ba goga nae.
8 Mme moperesiti Satoke le Benaya morwa Joyata le moporofeti Nathane le Simei le Rei le bagale ba ga Dafita bone ba se ka ba utlwana le Atonia.
9 Jaanong e rile Atonia a tlhaba difutshane le dikgomo le dinamane tse di nontshitsweng fa Lefikeng-la-Noga le le bapileng le motswedi wa Rogele, a laletsa bomorwa-rraagwe botlhe, e bong bana ba kgosi le banna ba Juta botlhe ba e leng batlhanka ba kgosi.
10 Mme a se ka a laletsa moporofeti Nathane le Benaya le bagale le Salomo morwa-rraagwe.
Salomo o dirwa kgosi
11 Foo Nathane a raya Batsheba mmaagwe Salomo a re: “A o setse o utlwile gore Atonia morwa Hagithe o itirile kgosi kwa ntle ga kitso ya ga Dafita, morena wa rona?
12 Tlaya kwano, ke tle ke go gakolole gore o tle o boloke bophelo jwa gago le jwa ga Salomo morwao.
13 Yaa o tsene kwa go kgosi Dafita, o mmotse o re: ‘Kgosi, morena wa me, a ga o ikanela lelata la gago ka wesi wa re: Ruri, Salomo morwao o tla nna kgosi sehularong sa me; ke ene yo o tla nnang mo sedulong sa me sa bogosi? Jaanong ke ka ntlha ya eng fa Atonia a dule kgosi?’
14 Bona, e tla re o sa ntse o bua le kgosi le nna ke tsene ke go setse morago, ke tle go tlatsa mafoko a gago.”
15 Ke fa Batsheba a tsena kwa kgosing mo ntlwaneng. Mme kgosi e ne e tsofetse thata, Abisaga wa kwa Suneme a ntse a direla kgosi.
16 Jaanong Batsheba a inama a ikobela kgosi. Mme kgosi ya re: “O batla eng?”
17 A e raya a re: “Morena wa me, wena ka wesi o ikanetse lelata la gago kaMorena, Modimo wa gago, wa re: ‘Ruri, Salomo morwao o tla nna kgosi morago ga me; ke ene yo o tla nnang mo sedulong sa me sa bogosi.’
18 Mme jaanong bona, Atonia o dule kgosi, mme wena kgosi morena wa me o sa itse.
19 O tlhabile dikgomo le dinamane tse di nontshitsweng le difutshane ka bontsi, a laletsa bomorwa kgosi botlhe le moperesiti Abjathare le Joabe molaodi wa batlhabani, mme a se ka a laletsa Salomo, motlhanka wa gago.
20 Mme wena kgosi, morena wa me, matlho a Baiseraele botlhe a go lebeletse gore o ba itsise yo o tla nnang mo sedulong sa bogosi sa kgosi, morena wa me, morago ga gagwe.
21 Fa go sa nne jalo, nna le Salomo morwaake re tla bonwa molato mogang fa kgosi, morena wa me, a sena go robala le borraagwe.”
22 Jaanong ya re a sa ntse a bua le kgosi, ga tsena moporofeti Nathane.
23 Ke fa ba begela kgosi ba re: “Moporofeti Nathane ke yo.” Mme ya re a sena go tsena fa pele ga kgosi, a inamisetsa sefatlhego fa fatshe fa pele ga kgosi.
24 Mme Nathane a re: “Kgosi, morena wa me, a wena o laetse wa re: ‘Atonia o tla nna kgosi sehularong sa gago? Ke ene yo o tla nnang mo sedulong sa gago sa bogosi’?
25 Gonne o ile kajeno, a tlhaba dikgomo le dinamane tse di nontshitsweng le difutshane ka bontsi, a laletsa bomorwa kgosi botlhe le balaodi ba batlhabani le moperesiti Abjathare. Bona, ba a ja, ba a nwa fa pele ga gagwe ba ntse ba re: ‘A kgosi Atonia a phele!’
26 Mme nna motlhanka wa gago le moperesiti Satoke le Benaya morwa Joyata le Salomo motlhanka wa gago ga a ka a re laletsa.
27 Fa selo se se dirafetse ka taelo ya kgosi, morena wa me, ka ntlha ya eng ga o a ka wa itsise batlhanka ba gago yo o tla nnang mo sedulong sa bogosi sa kgosi, morena wa me morago ga gagwe?”
28 Ke fa kgosi Dafita a fetola a re: “Mpiletseng Batsheba.” Jaanong ya re a sena go tsena fa kgosing le go ema fa pele ga yona,
29 kgosi ya ikana ya re: “Ka bophelo jwaMorenayo o nkgolotseng mo tlalelong tsotlhe!
30 Ruri, ke tla dira ka letsatsi leno jaaka ke go ikanetse kaMorena, Modimo wa Iseraele, ka re: ‘Ruri, Salomo morwao o tla nna kgosi morago ga me; ke ene yo o tla nnang mo sedulong sa me sa bogosi mo boemong jwa me.’ ”
31 Ke fa Batsheba a inamela fa fatshe ka sefatlhego, a ikobela kgosi a re: “A kgosi Dafita, morena wa me, a phele ka bosakhutleng!”
32 Kgosi Dafita a ba a re: “Mpiletseng moperesiti Satoke le moporofeti Nathane le Benaya morwa Joyata.” Jaanong ya re ba sena go tla kwa kgosing,
33 kgosi ya ba laela ya re: “Tsayang batlhanka ba morena wa lona, lo ye nabo, mme Salomo morwaake lo mo palamise moulwe wa me, lo mo ise kwa Kihone.
34 Mme a moperesiti Satoke a mo tlotse teng a na le moporofeti Nathane go nna kgosi ya Iseraele! Lo be lo letse lonaka lo re: ‘A kgosi Salomo a phele!’
35 Lo be lo boele kwano lo mo setse morago; mme a ene a tle a nne mo sedulong sa me sa bogosi. Ene o tla nna kgosi mo boemong jwa me; ke laetse gore a nne moeteledipele wa Iseraele le wa Juta.”
36 Foo Benaya morwa Joyata a araba kgosi a re: “Pula! AMorena, Modimo wa kgosi, morena wa me le ene a bue jalo!
37 AMorenaa nne le Salomo jaaka a ne a ntse le kgosi, morena wa me! A a godise sedulo sa bogosi sa gagwe bogolo go sedulo sa bogosi sa kgosi Dafita, morena wa me!”
38 Jaanong moperesiti Satoke le moporofeti Nathane le Benaya morwa Joyata le Bakerethi le Bapheletheba fologa ba palamisitse Salomo moulwe wa kgosi Dafita ba mo isa kwa Kihone.
39 Moperesiti Satoke a ya go tsaya lonaka lwa lookwane mo Tenteng ya Modimo a tlotsa Salomo. Ke fa ba letsa lonaka, mme batho botlhe ba re: “A kgosi Salomo a phele!”
40 Morago ga moo batho botlhe ba tlhatloga ba mo setse morago, ba ntse ba letsa ditlhaka, ba ipela ka boitumelo jo bogolo, mo lefatshe le bileng la phatloga ka meduduetso ya bone.
41 Mme Atonia le botlhe ba ba laleditsweng ba ba neng ba na nae ba utlwa fela fa ba fetsa go ja. Ya re Joabe a utlwa tumo ya lonaka, a botsa a re: “Modumo o o tsogileng mo motseng ke wa eng?”
42 Ya re a sa ntse a bua, ga tla Jonathane morwa moperesiti Abjathare. Ke fa Atonia a re: “Tsena, gonne o monna wa maatlametlo, o tlisa mafoko a a molemo.”
43 Mme Jonathane a fetola, a raya Atonia a re: “Ruri, morena wa rona kgosi Dafita o tlhomile Salomo mo bogosing.
44 Kgosi e romile moperesiti Satoke nae le moporofeti Nathane le Benaya morwa Joyata le Bakerethi le Baphelethe, mme ba mo palamisa moulwe wa kgosi.
45 Moperesiti Satoke o bile o mo tloditse kwa Kihone go nna kgosi, a na le moporofeti Nathane. Ba boa teng ba ntse ba ipela, mo motse o bileng wa huduega. Ke ona modumo o lo o utlwileng.
46 Le gona Salomo o ntse mo sedulong sa bogosi.
47 Gape batlhanka ba kgosi ba setse ba tsenye go tshegofatsa morena wa rona kgosi Dafita ka go re: ‘A Modimo wa gago o tumise leina la ga Salomo, le gaise la gago; o godise sedulo sa bogosi sa gagwe se phale sa gago.’ Ke fa kgosi e obamela e le mo bolaong.
48 Kgosi e bile e buile jaana ya re: ‘A go bakweMorena, Modimo wa Iseraele, o o beileng mongwe wa losika lwa me kajeno, a nna mo sedulong sa me sa bogosi, matlho a me a ntse a mmona.’ ”
49 Ke fa botlhe ba tshoga ba ba laleditsweng ba ba gogang le Atonia, mme ba nanoga, ba itsamaela mongwe le mongwe tseleng ya gagwe.
50 Mme Atonia a boifa Salomo, ka moo a nanoga, a ya kwa Tenteng yaMorena, a tshwara dinaka tsa aletare.
51 Ga begelwa Salomo ga twe: “Bona, Atonia o boifa kgosi Salomo; o bile o tshwere dinaka tsa aletare a re: ‘A kgosi Salomo a inkanele pele gore, ga a kitla a bolaya motlhanka wa gagwe ka tšhaka.’ ”
52 Salomo a re: “Fa e le monna yo o ikanyegang, ga go kitla go wela thiri epe ya gagwe fa fatshe, mme fa bosula bo fitlhelwa mo go ene, o tshwanetse go swa.”
53 Kgosi Salomo a roma batho, ba mo folosa fa aletareng, a tla a ikobela kgosi Salomo. Salomo a mo raya a re: “Yaa kwa ntlong ya gago.”