Dafita o bala Baiseraele
1 Morenao kile a tukela Baiseraele bogale gape, a tlhotlheletsa Dafita go ba senyetsa a re: “Yaa o bale Baiseraele le Bajuta.”
2 Ke fa kgosi e raya Joabe molaodi wa mephato yo o neng a na nayo e re: “A ko o ralale ditso tsotlhe tsa Iseraele go simolola kwa Dane go fitlha kwa Bereseba, lo bale morafe, ke tle ke itse palo ya one.”
3 Mme Joabe a fetola kgosi a re: “AMorena, Modimo wa gago, o okeletse morafe ga lekgolo, le fa ba setse ba le kanakana, mme matlho a kgosi mong wa me a ba bone ka boitumelo. Mme ke ka ntlha ya eng fa kgosi mong wa me a kgatlhwa ke tiro e?”
4 Fela taolo ya kgosi ya pateletsa Joabe le balaodi ba mephato. Joabe le balaodi ba mephato ba bolola jalo, ba romilwe ke kgosi go bala morafe wa Baiseraele.
5 Ba tshela Joretane, ba thibelela kwa Aroere ntlheng ya le le jang la motse o o fa gare ga molapo wa Gate le go fitlha kwa Jasere.
6 Ba feta ba ya kwa Gileate le kwa nageng ya Hoteši e e kwa tlase, ba be ba fitlha kwa Dane-Jaane le tikologong ya Sitone.
7 Ba be ba fitlha kwa motseng o o femetsweng wa Tiro le kwa metseng yotlhe ya Bahewi le ya Bakanana, ba fetela pele ba fetsa kwa Bereseba nageng ya borwa ya Juta.
8 Ba ralala naga yotlhe, mme ya re dikgwedi tse di le robongwe le malatsi a a 20 a sena go feta, ba goroga kwa Jerusalema.
9 Ke fa Joabe a neela kgosi palo ya batho ba ba badilweng. Baiseraele ba e leng banna ba batlhabani ba ba somolang tšhaka ba ne ba le dikete di le 800, mme banna ba Juta ba le dikete di le 500.
10 Mme e rile Dafita a sena go bala batho, a itewa ke letswalo. Ke fa Dafita a rayaMorenaa re: “Ke leofile thata ka se ke se dirileng. Mme jaanong,Morena, a ko o itshwarele molato wa motlhanka wa gago; gonne ke dirile bosilo jo bogolo.”
11 Ya re Dafita a tsoga mo mosong, lefoko laMorenala bo le tsile kwa go Gate moporofeti, mosedisetsi wa ga Dafita, le re:
12 “Yaa ò ree Dafita o re: ‘Morenao buile jaana a re: Ke baya dilo di le tharo fa pele ga gago. Itlhophele sengwe sa tsona gore ke se go direle.’ ”
13 Mme Gate a tsena kwa go Dafita, a mo itsise jalo, a mmotsa a re: “A o rata gore go tle tlala ya dinyaga tse supa mo lefatsheng la gago? Gongwe a o rata go tshaba baba ba gago dikgwedi di le tharo bone ba ntse ba go khutšhetse? Gongwe a o rata gore go nne leroborobo mo lefatsheng la gago malatsi a le mararo? Jaanong akanya o bone karabo sentle e ke tla e busetsang ene yo o nthomileng.”
14 Dafita a fetola Gate a re: “Ke tlaletswe thata. A bogolo re wele mo diatleng tsaMorena; gonne boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo bogolo; a ke se ka ka wela mo diatleng tsa batho.”
15 Dafita a itlhophela leroborobo. Malatsi ao e ne e le a thobo ya mabele a sekgoa.Morenaa ba a tlisa leroborobo mo Iseraeleng go simolola mo mosong go fitlha nakong e e beilweng. Ga swa batho ba morafe ba le dikete tse di 70 go tswa kwa Dane go fitlha kwa Bereseba.
16 Jaanong ya re moengele a otlololela Jerusalema letsogo go mo senya,Morenaa rebega bogale, mme a raya moengele yo o bolayang mo morafeng a re: “Go lekanye. Gonyetsa letsogo.” E ne e le fa moengele waMorenaa le fa seboaneng sa ga Arauna wa Mojebusi.
17 Ya re Dafita a bona moengele a ntse a bolaya batho ba morafe, a rayaMorenaa re: “Kana ke nna ke leofileng, ke nna ke sentseng, mme dinku tse, di dirileng? A letsogo la gago le ke le betse nna le ba lapa la ga rre!”
18 Ke fa Gate a tla kwa go Dafita ka letsatsi leo, a mo raya a re: “Tlhatloga o ageleMorenaaletare mo seboaneng sa ga Arauna wa Mojebusi.”
19 Dafita a tlhatloga jalo ka fa lefokong la ga Gate jaakaMorenaa laetse.
20 Ya re Arauna a šebašeba, a bona kgosi le batlhanka ba yona ba tla kwa go ene, Arauna a tswa a ikobela fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga kgosi.
21 Arauna a botsa a re: “Ke ka ntlha ya eng fa kgosi mong wa me a etela motlhanka wa gagwe?” Dafita a re: “Ke tsile go reka seboana se mo go wena le go agelaMorenaaletare mo go sona gore petso e tlosiwe mo morafeng.”
22 Mme Arauna a fetola Dafita a re: “A kgosi mong wa me a se tsee fela, a dire setlhabelo ka tse di siameng mo matlhong a gagwe. Bona, dikgomo tsa setlhabelo ke tse, mme meotlwana le dijoko tsa dipholo e ka nna dikgong.
23 Kgosi, dilo tsotlhe tse, Arauna o di naya kgosi.” Arauna a fela a raya kgosi a re: “AMorenaModimo wa gago o go itumelele!”
24 Mme kgosi ya fetola Arauna ya re: “Nnyaya! Ke rata go di reka mo go wena ka tlhwatlhwa ya tsona. Ga nkitla ke direlaMorena, Modimo wa me, ditlhabelo ka tse ke di filweng fela.” Ke fa Dafita a reka seboana seo le dikgomo tseo ka dišekele di le 50 tsa selefera.
25 Jaanong Dafita a agelaMorenaaletare gona, a dira ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo. Ke faMorenaa tlhomogela lefatshe pelo, mme petso ya khutla ya tlosiwa mo Iseraeleng.