Mafoko a bofelo a ga Dafita
1 Mafoko a bofelo a ga Dafita ke a; go bua Dafita morwa Isai, go bua monna yo o beilweng kwa godimo ke Motlodiwa wa Modimo wa ga Jakobe moopedi yo o ratwang wa difela tsa Iseraele, a re:
2 Mowa waMorenao buile
ka nna;
lefoko la gagwe
le mo lolemeng lwa me.
3 Go buile Modimo
wa Iseraele,
go ntheile Lefika la Iseraele
a re:
Yo o busang batho
ka tshiamo,
yo o busang ka poifo-Modimo
4 o tshwana le lesedi la moso,
e le moso o o se nang maru,
fa letsatsi le tlhaba
le le medisang botala
jo bonana mo lefatsheng
morago ga pula.
5 A lelapa la me ga le a nna jalo
fa pele ga Modimo?
Kana o dirile kgolagano
e e sa khutleng le nna
e e rulagantsweng gotlhe,
e e bolokwang.
Pholoso yotlhe ya me
le tsotlhe tse di nkgatlhang,
ruri o tla di tlhogisa.
6 Mme disenyi tsotlhe
di tshwana fela le mitlwa
e e latlhwang;
gonne ga e tshwarwe ka diatla.
7 Ga e angwe ke ope
fa e se ka selepe le ka ngakale.
Mme e tla fisiwa yotlhe
ka molelo teng foo.
Bagale ba ga Dafita le ditiro tsa bone
8 Maina a bagale ba ga Dafita ke a: Išebaale wa Hagemoni, tlhogo ya ba bararo; o kile a kgadikanya lerumo la gagwe godimo ga ba le 800 ba ba bolailweng ka nako e le nngwe.
9 Yo o tlhomaganang nae mo bagaleng ba bararo fa go Dafita e ne e le Eleasare morwa Doto morwa Ahohi. E rile ba kgoba Bafelesita ba ba neng ba phuthegile teng go tlhabana, mme banna ba Iseraele ba tshaba,
10 ene a ema a bolaya Bafelesita ga tsamaya seatla sa gagwe sa ba sa lapa, mme seatla sa gagwe sa kgomarela mo tšhakeng, moMorenao bileng a dira phenyo e kgolo ka letsatsi leo. Banna ba ba neng ba mo hularetse ba boa go thukhutha fela.
11 A tlhomagannwa ke Sama morwa Agee wa Harari. Bafelesita ba kile ba phuthegela kwa Legi; teng go ne go le tshimo e e tletseng lotlhodi. Mme ya re banna ba tshaba Bafelesita,
12 ene a ikemisa mo gare ga tshimo eo, a e amoga Bafelesita, a ba bolaya.Morenaa dira phenyo e kgolo ka mokgwa oo.
13 Ba bararo ba ditlhogo di le 30 tsa bagale ba kile ba theoga ba fitlha kwa go Dafita ka nako ya kotulo kwa logageng lwa Adulame. Lesomo la Bafelesita le ne le thibeletse mo molapong wa Refaime.
14 Ka nako eo Dafita o ne a le kwa thabeng e e femetsweng, mme setlhopha sa batlhabani ba Bafelesita se le kwa Betleheme.
15 Foo Dafita o ne a kgalegile a re: “Ke mang yo o tla nnosang metsi a a tswang go gelelwa kwa mokweleng o o fa kgorong ya Betleheme?”
16 Ke fa bagale ba bararo bao ba sutlhelela bothibelelo jwa Bafelesita, ba gelela metsi mo mokweleng o o fa kgorong ya Betleheme, ba a tsaya, ba a isa kwa go Dafita. Mme a gana go a nwa, a a tsholelelaMorena
17 a re: “A go nne kgakala le nna,Morena, go ka dira selo se. A nka nwa madi a banna ba ba ileng ba tsenya maphelo a bone mo kotsing?” Mme a gana go a nwa. Bagale ba bararo bao ba dirile jalo.
18 Abisai monnaa Joabe morwa Seruya, e ne e le tlhogo ya ba bararo. O kile a kgadikanya lerumo la gagwe godimo ga ba ba 300 ba o neng a ba bolaya, mme o ne a tumile mo go ba bararo bao.
19 O ne a tlotlegile bogolo go ba bararo bao, a tswa molaodi wa bone, mme a bo a sa lekane le ba bararo ba pele.
20 Benaya morwa Joyata morwa monna wa senatla wa ditiro tse dikgolo wa kwa Kapsheele ene a bolaya bagale ba babedi ba Moabe. Gape ke ene yo o kileng a fologa a bolaela tau mo mokweleng ka letsatsi la semathana.
21 E bile ke ene yo o neng a bolaya monna yo montle wa Moegepeto. Moegepeto yoo o ne a tshwere lerumo ka seatla, mme ene a mo wela ka thobane fela, a phamola lerumo mo seatleng sa Moegepeto, a mmolaya ka lerumo la gagwe.
22 Ke tse di dirilweng ke Benaya morwa Joyata. Mme a tuma mo bagaleng ba bararo.
23 O ne a tlotlegile bogolo go ba ba 30, mme a bo a sa lekane le ba bararo. Mme Dafita a mmaya go nna molaodi wa bafemedi ba gagwe.
24 Asahele monnaa Joabe e ne e le mongwe wa ba ba 30 le Elehanane morwa Doto wa Betleheme
25 le Sama wa Harote le Eleka wa Harote
26 le Helese wa Phelete le Ira morwa Ikese wa Thekoa
27 le Abiesere wa Anathothe le Mebunai wa Huša
28 le Salemone wa Ahohi le Maharai wa Netofa
29 le Helebe morwa Baana wa Netofa le Ithai morwa Ribai wa Gibea wa Babenyamene
30 le Benaya wa Phirathone le Hitai wa Nagale-Gaaše
31 le Abi-Alebone wa Areba le Asemawethe wa Barehume
32 le Eliaba wa Saalebone le Jašene wa Kuni le Jonathane morwa
33 Sama wa Harari le Ahiame morwa Sarare wa Harari
34 le Elifelete morwa Ahasebai wa Maaga le Eliame morwa Ahithofele wa Gilo
35 le Hesero wa Karemele le Phaarai wa Arabe
36 le Igale morwa Nathane wa Soba le Bani wa Gate
37 le Seleke wa Moamone le Naharai wa Beerothe motshola-dibolai wa ga Joabe morwa Seruya
38 le Ira wa Moithere le Garebe wa Moithere
39 le Uria wa Mohethe. Botlhe ba ne ba le 37.