2 SAMUELE 21

Ditlogolo tsa ga Saule di a bolawa

1 Go kile ga bo go le tlala mo malatsing a ga Dafita dinyaga di le tharo tse di tlhomaganyeng. Jaanong ya re Dafita a botsaMorena,Morenaa re: “Go na le molato wa madi mo go Saule le ba lapa la gagwe; ka gonne o bolaile Bagibeone.”

2 Ke fa kgosi e bitsa Bagibeone, e ba botsa – kana Bagibeone e ne e se Baiseraele, mme e le masalela a Baamori. (Jaanong le fa Baiseraele ba ne ba ba ikanetse go ba rekegela, Saule o ne a ntse a ba bolaya ka go tlhoafalela Baiseraele le Bajuta.)

3 Dafita a botsa Bagibeone a re: “Nka lo direlang, nka dira thuanyo ka eng gore lo tshegofatse boswa jwaMorena?”

4 Bagibeone ba mo araba ba re: “Ga re batle selefera le gouta mo go Saule le mo go ba lapa la gagwe; le gona ga go a re tshwanela go bolaya motho mo Iseraeleng.” A ba a ba botsa a re: “Lona lo a reng, ke lo direle eng?”

5 Ba araba kgosi ba re: “Monna yole yo o re feditseng, a re logela maano a go re nyeletsa gore re se ka ra tlhola re nna teng mo nageng yotlhe ya Iseraele,

6 a re neelwe banna ba supa ba e leng bana ba gagwe gore re ba pegeleMorenakwa Gibea wa ga Saule motlhophiwa waMorena.” Kgosi ya re: “Ke tla ba lo neela.”

7 Mme kgosi ya rekegela Mefibosethe morwa Jonathane morwa Saule ka ntlha ya maikano aMorenaa a neng a le fa gare ga bone, fa gare ga Dafita le Jonathane morwa Saule.

8 Fela bomorwa ba babedi ba ga Ritsepha morwadia Aya ba a ba tshotseng le Saule, e bong Aremoni le Mefibosethe le bomorwa ba batlhano ba ga Merabe morwadia Saule ba a ba tshotseng le Ateriele morwa Baresilai wa Mehola, kgosi ya ba tsaya,

9 ya ba neela mo diatleng tsa Bagibeone, mme ba ba kaletsa mo thabeng fa pele gaMorena, ba swa mmogo ka bosupa jwa bone. Ba bolawa mo malatsing a ntlha a thobo mo tshimologong ya kotulo ya garase.

10 Ke fa Ritsepha morwadia Aya a tsaya lesela la khutsafalo, a le ikalela mo letlapeng, e le ka tshimologo ya kotulo go ya go fitlhelela pula e e tswang kwa legodimong ya kgogolamoko e ba na; a se ka a leseletsa dinonyane tsa loapi go nna mo go bone motshegare le e seng dibata tsa naga bosigo.

11 E rile Dafita a begelwa se Ritsepha morwadi Aya mogadingwana wa ga Saule a se dirileng,

12 Dafita a ya a tsaya marapo a ga Saule le Jonathane morwawe kwa go beng ba motse wa Jabese kwa Gileate, a ditoto tse ba neng ba di utswa kwa loboteng lwa Betšheane kwa Bafelesita ba neng ba di pegile teng ka letsatsi le Bafelesita ba fentseng Saule ka lone kwa Gileboa;

13 a tlhatlosa marapo a ga Saule le Jonathane morwawe go tswa teng; le gona ba phutha marapo a bone bale ba ba kaleditsweng,

14 ba a fitlha mmogo le marapo a ga Saule le Jonathane morwawe mo nageng ya Benyamene kwa Sela mo mabitleng a ga Khiše rraagwe. Ba dira tsotlhe tse kgosi e di ba laetseng. Morago ga moo Modimo wa tlhomogela lefatshe leo pelo.

Diganka tsa Bafelesita di fenngwa ke Baiseraele

15 Go kile ga nna ntwa gape ya Bafelesita le Baiseraele. Ke fa Dafita a bolola le batlhanka ba gagwe nae, ba tlhabana le Bafelesita, mme Dafita a lapa.

16 Ke fa Išebi-Benobe mongwe wa mekaloba a re o bolaya Dafita. Bokete jwa lerumo la gagwe e ne e le dišekele di le 300 tsa kgotlho, a tlamilwe ka tšhaka e ntšhwa.

17 Mme Abisai morwa Seruya a mo thusa, a fenya Mofelesita yoo a mmolaya. Foo banna ba ga Dafita ba ikanela Dafita ba re: “Ga o kitla o tlhola o bolola le rona go ya tlhabanong, e se re gongwe wa tima lobone lwa Iseraele.”

18 Morago ga moo ga tsoga ntwa gape kwa Gobe le Bafelesita. Foo Sibegai wa Mohuša a bolaya Safe yo e neng e le mokaloba.

19 Ga ba ga tlhabanwa gape le Bafelesita kwa Gobe. Ke fa Elehanane morwa Jaire wa Betleheme a bolaya Goliathe wa Gathe yo lore lwa lerumo la gagwe lo neng lo le kana ka tlhomeso.

20 Ga ba ga lowa ntwa gape kwa Gathe. Teng go ne go le monna yo moleele thata, a na le menwana e merataro mo diatleng tsoo pedi le menwana e merataro mo dinaong tsoo pedi, mmogo e le menwana e le 24. Le ene e ne e le mokaloba.

21 Mme ya re a kgoba Iseraele, a bolawa ke Jonathane morwa Simei mogoloa Dafita.

22 Ba bane bao e ne e le ba losika lwa mekaloba kwa Gathe, mme ba bolawa ke Dafita le ke batlhanka ba gagwe.