Dafita le Siba
1 E rile Dafita a sena go feta setlhoa go le gonnye, Siba motlhanka wa ga Mefibosethe a mo kgatlhantsha, a na le diesele di le pedi di belesitswe disale, di belege dinkgwe di le 200 le dinkgwe di le 100 tsa maswabi a moweine le maungo a letlhafula a le 100 le lekuka la weine.
2 Mme kgosi ya botsa Siba ya re: “O dirang ka dilo tse?” Siba a re: “Diesele ke tsa go palangwa ke ba lapa la kgosi; dinkgwe le maungo ke tse di yang go jewa ke batlhanka; weine ke e e nowang ke ba ba lapileng mo sekakeng.”
3 Kgosi ya ba ya botsa ya re: “Morwa mong-wa-go o kae?” Siba a araba kgosi a re: “Ene o setse kwa Jerusalema, gonne a re: ‘Kajeno Baiseraele ba tla mpusetsa bogosi jwa ga rre.’ ”
4 Ke fa kgosi e raya Siba e re: “Gona tsotlhe tse e leng tsa ga Mefibosethe e tla nna tsa gago.” Siba a re: “Ke a ikoba. A ke bone bopelotlhomogi mo matlhong a gago, kgosi mong wa me!”
Dafita le Simei
5 Jaanong e rile kgosi Dafita a fitlha kwa Bahurime, ga tlhaga monna teng wa losika lwa ga Saule, leina la gagwe e le Simei morwa Gera; ene a tlhaga a ntse a tlhapatsa;
6 a konopa Dafita le batlhanka botlhe ba kgosi Dafita ka majwe, le fa batho botlhe le bagale botlhe ba ntse ba le mo ntlheng ya le le jang la gagwe le mo ntlheng ya la molema la gagwe.
7 Ya re Simei a tlhapatsa, a bua jaana a re: “Tloga, tloga, wena motsholodi wa madi, sesenyi ke wena!
8 Morenao busoloseditse madi otlhe a ba lapa la ga Saule mo go wena, wena yo o duleng kgosi mo boemong jwa gagwe.Morenao bile o neetse bogosi mo diatleng tsa ga Abesalomo morwao, mme wena o fano mo tatlhegong ya gago; gonne o monna yo o tsholotseng madi.”
9 Ke fa Abisai morwa Seruya a botsa kgosi a re: “A ntšwa e e suleng e, e ka tlhapatsa kgosi mong wa me? Nte ke ye teng, ke ye go mo kgaola tlhogo!”
10 Mme kgosi ya re: “Ga ke na sepe le tseo tsa lona bomorwa Seruya! Mo leseng, a tlhapatse jalo; gonneMorenao mo laetse a re: ‘Tlhapatsa Dafita!’ Jaanong ke mang yo o ka reng: ‘O direlang jalo?’ ”
11 Dafita a ba a raya Abisai le batlhanka botlhe ba gagwe a re: “Kana fa morwaake yo o duleng mo mmeleng wa me a batla go mpolaya, bogolo jang Mobenyamene yo! Mo leseng, a tlhapatse! GonneMorenao mo laetse jalo.
12 Ka gongweMorenao tla leba tatlhego ya me, a mpusetsa tse di molemo boemong jwa khutso e e nkhutsitseng kajeno.”
13 Jaanong Dafita le banna ba gagwe ba fetela pele mo tseleng, mme Simei a tsamaya a ntse a lebaganye nae a le mo ntlheng ya thaba a ntse a tlhapatsa, a konopa ka majwe le ka makwete a lebaganye nae.
14 Kgosi ya fitlha le batho botlhe ba ba nang nayo kwa Joretane ba lapile, mme ba itapolosa teng.
Abesalomo o fitlha kwa Jerusalema
15 Mme Abesalomo le banna botlhe ba Iseraele ba fitlha kwa Jerusalema; le Ahithofele a na nae.
16 Jaanong ya re Husai wa Moaregi, tsala ya ga Dafita, a tsena kwa go Abesalomo, a raya Abesalomo a re: “A kgosi e phele! A kgosi e phele!”
17 Mme Abesalomo a botsa Husai a re: “A ke lone lorato lwa go rata tsala ya gago? Ntlha ga o a ya nayo?”
18 Ke fa Husai a raya Abesalomo a re: “Nnyaya! Ene yo o tlhaotsweng keMorenale morafe o le banna botlhe ba Iseraele ke ene yo ke tla nnang wa gagwe, ke nna nae.
19 La bobedi, ke direla mang? A ga se morwawe? Ke tla go direla fela jaaka ke diretse rraago.”
20 Jaanong Abesalomo a raya Ahithofele a re: “Gakololanang gore re ka dirang?”
21 Ahithofele a fetola Abesalomo a re: “Tsena kwa bagadingwaneng ba ga rraago ba o ba tlogetseng go disa ntlo; foo Baiseraele botlhe ba tla utlwa gore o tenetse rraago ruri, mme diatla tsa botlhe ba ba nang nao di tla tia.”
22 Ke fa ba tlhomela Abesalomo tente mo godimo ga dithulelo tsa ntlo, mme Abesalomo a tsena kwa bagadingwaneng ba ga rraagwe mo ponong ya Baiseraele botlhe.
23 Mo metlheng ele kgakololo e Ahithofele o ne a tla a e ntshe e ne e tshwana le e e tswang mo Modimong. Kgakololo nngwe le nngwe ya ga Ahithofele e ne e le jalo mo go Dafita le mo go Abesalomo.