Kgosi e kgalemelwa ke moporofeti Nathane. Boikwatlhao jwa yona le petso ya yona
1 Ka mooMorenaa roma moporofeti Nathane kwa go Dafita. Ya re a fitlha kwa go ene, a mo raya a re: “Go ne go le banna ba le babedi mo motseng o le mongwe; yo mongwe o ne a humile, yo mongwe a humanegile.
2 Mohumi a bo a na le dinku le dikgomo tse dintsi thata.
3 Mohumanegi ene a bo a se na sepe fa e se kwanyana e namagadi e le nngwe e a e rekileng, a e otla, ya gola e ntse e na nae le bana ba gagwe, e ja thathana ya gagwe, e nwa ka senwelo sa gagwe, e robala a e farile e le jaaka morwadie.
4 Mme ya re monna wa mohumi a etetswe ke moeng, a rekegela dinku tsa gagwe le dikgomo tsa gagwe go tsaya nngwe ya tsona go baakanyetsa moeti yo o mo etetseng dijo, mme a tsaya kwanyana e namagadi ya monna wa mohumanegi, a e tlhabela monna yo o neng a mo etetse.”
5 Ke fa Dafita a tukela monna yoo bogale thata, a raya Nathane a re: “Ka bophelo jwaMorena! Monna yo o dirileng jalo o tshwanetse go bolawa.
6 Le gona a a lefe kwanyana eo ka tse nne, ka a dirile tiro eo, a se ka a tlhomoga pelo.”
7 Ke fa Nathane a raya Dafita a re: “Monna yoo ke wena!MorenaModimo wa Iseraele o bua jaana o a re: ‘Nna ke go tloditse go nna kgosi ya Iseraele, ke bile ke go pholositse mo diatleng tsa ga Saule
8 ka ba ka go naya ntlo ya morena wa gago le basadi ba morena wa gago mo difarong tsa gago, ka go neela gape Baiseraele le Bajuta, mme fa go ise go lekane, nka go okeletsa tse le tse.’
9 Ke ka ntlha ya eng he, fa wena o nyaditse lefoko laMorena, wa dira tse di bosula mo matlhong a gagwe: O bolaile Uria wa Mohethe ka tšhaka, wa tsaya mosadi wa gagwe go nna mosadi wa gago; kana ene Uria o mmolaisitse tšhaka ya Baamone!
10 Ka moo he, tšhaka ga e kitla e tloga mo lapeng la gago ka metlha le metlha, ka o nnyaditse, wa thukhutha Uria wa Mohethe mosadi go nna wa gago.
11 Morenao bua jaana a re: ‘Bona, ke tla go direla petso e tswa mo lapeng la gago, ke go amoga basadi mo matlhong a gago, ke ba naya yo mongwe, mo a bileng a tla robala le basadi ba gago go le motshegare.
12 Wena o dirile jalo mo sephiring, mme nna ke tla dirafatsa lefoko leo fa pele ga Baiseraele botlhe le mo leseding la letsatsi.’ ”
13 Dafita a raya Nathane a re: “Ke leofetseMorena.” Nathane a fetola Dafita a re: “Fa o re jalo,Morenao itshwaretse boleo jwa gago. Ga o nke o swa.
14 Fela e re ka o re sotlisitse baba baMorenaka tiro eo, ka moo morwao yo ò mo tsaletsweng o tshwanetse go swa.”
Ngwana wa ga Dafita o a swa
15 Jaanong Nathane a ya kwa lapeng la gagwe, mmeMorenaa itaya ngwana yo mosadi wa ga Uria a mo tsholetseng Dafita, mo a neng a lwala thata.
16 Ke fa Dafita a batla Modimo ka ntlha ya mosimanyana mo felong ga boitshepo; Dafita a itima dijo, mme e ne ya re fa a tla mo gae, a lale a namaletse fa fatshe.
17 Mme bagolo ba ntlo ya gagwe ba nanoga, ba ema fa go ene, ba re ba mo tsosa fa fatshe, mme a gana, a se ka a ja dijo nabo.
18 Ka letsatsi la bosupa ngwana a swa. Mme batlhanka ba ga Dafita ba boifa go mo itsise gore ngwana o sule. Gonne ba ne ba re: “Kana e rile ngwana a sa ntse a phela, ra bua nae, mme a se ka a utlwa se re se bolelang. Re ka mmolelela jang ra re: ‘Ngwana o sule’? Go ka nna kotsi.”
19 Jaanong ya re Dafita a bona batlhanka ba gagwe ba sebelana, a lemoga gore ngwana o sule. A botsa batlhanka ba gagwe a re: “A ngwana o sule?” Ba re: “Ee, o sule.”
20 Ke fa Dafita a namologa fa fatshe, a tlhapa, a tlôla, a apara diaparo tse dingwe, a ya kwa Ntlong yaMorenaa obamela; a ba a ya kwa ntlong ya gagwe, a kopa gore ba mmee dijo pele, a ja.
21 Mme batlhanka ba gagwe ba mmotsa ba re: “Ke eng se o se dirileng? E rile ngwana a sa ntse a phela, wa itima go ja, wa lela, mme ya re ngwana a sena go swa, wa namologa, wa ja dijo.”
22 A araba a re: “E rile ngwana a sa ntse a phela, ka itima dijo, ka lela; gonne ke re: ‘Go itse mang, go gongweMorenao ka ntlhomogela pelo, ngwana a phela.’
23 Mme jaanong a sule, nka itimelang dijo? A nka mmusa gape? Nnyaya, ke nna ke tla yang kwa go ene; ga se ene yo o ka boelang kwano go nna.”
Botsalo jwa ga Salomo
24 E rile Dafita a sena go gomotsa Batsheba mosadi wa gagwe, a tsena kwa go ene, a robala nae, mme a ithwala, a belega ngwana wa mosimane, a mo taya leina la Salomo; ene yooMorenaa mo rata,
25 a roma moporofeti Nathane gore a mo tee leina la Jedityaka ntlha yaMorena.
Raba o a thopiwa
26 Mme Joabe a nna a tlhabana le Raba wa Baamone, a ba ba thopa motse wa kgosing.
27 Joabe a ba a roma barongwi kwa go Dafita a re: “Ke lole le Raba, ke bile ke thopile motse o o fa metsing.
28 Ka moo he, phutha banna ba ba setseng, o dikanyetse motse oo ka ntwa, o o thope, e se re gongwe wa thopiwa ke nna, mme ka bokwa ka ntlha ya ona.”
29 Ke fa Dafita a phutha batlhabani botlhe, a ya kwa Raba, a lwa nao, a o thopa;
30 a tsaya serwalo sa Milekome,a se tlosa mo tlhogong ya ona, bokete jwa sona e le talente e le nngwe ya gouta, se na le taemane e e tlhokegang, yona ya rwesiwa Dafita tlhogong; a ntsha thopo e kgolo thata mo motseng oo.
31 A ba a ntsha batho ba ba neng ba le mo go ona, a ba dirisa ka šage le ka dikepu tsa tshipi le ka dilepe tsa tshipi le ka dibopi tsa diekana; a direla metse yotlhe ya Baamone jalo. Jaanong Dafita le batlhabani botlhe ba boela kwa Jerusalema.