Dintwa tsa ga Dafita le diphenyo tsa gagwe
1 Morago ga moo Dafita a fenya Bafelesita, a ba tsenya pusong ya gagwe, a amoga Bafelesita thata ya go busa dinaga tse e seng tsa bone.
2 A fenya le Bamoabe, a ba ladisa fa fatshe, a ba lekanya ka mogala; mogala wa dira ditlhopha tse tharo, tse pedi tsa bolawa, se le sengwe sa phedisiwa. Bamoabe ba nna batho ba ga Dafita ba ba mo kgethelang.
3 Dafita a fenya le Hatatesere morwa Rehobe kgosi ya Soba, fa e ile go tsosa puso ya yone gape kwa nokeng ya Ferathe.
4 Dafita a mo amoga bapalami ba dipitse ba le 1 700 le banna ba dinao ba le 20 000. Dafita a kgaola dipitse tsotlhe mesifa ya maoto, a sadisa dipitse di le lekgolo fela mo go tsona.
5 Mme ya re Basiria ba Damaseko ba tla go thusa Hatatesere kgosi ya Soba, Dafita a bolaya banna ba le 22 000 ba bone.
6 Dafita a ba a baya balebeledi ba puso ya gagwe kwa Siria wa Damaseko; Basiria ba nna batho ba ga Dafita ba ba mo kgethelang.Morenaa naya Dafita phenyo gongwe le gongwe kwa a yang teng.
7 Le gona Dafita a tsaya dithebe tsa gouta tse batlhanka ba ga Hatatesere ba neng ba di tshotse, a di isa kwa Jerusalema.
8 Kgosi Dafita a thopa kgotlho e ntsi thata kwa metseng ya ga Hatatesere, kwa Beta le kwa Berothai.
9 E rile Thoi kgosi ya Hamathe a utlwa gore Dafita o fentse mephato yotlhe ya ga Hatatesere,
10 a roma Jorame morwawe kwa go kgosi Dafita go mmotsa bophelo le go mo leboga, ka a tlhabanye le Hatatesere, a mo fenya – gonne Hatatesere o ne a ntse a tlhabana le Thoi – Jorame a tla le dilo tsa selefera le tsa gouta le tsa kgotlho.
11 Tseo le tsona kgosi Dafita a di itshepisetsaMorenammogo le selefera le gouta tse o di itshepisitseng, a di tsere kwa ditšhabeng tsotlhe tse o neng a di ruile,
12 e bong kwa Siria le kwa Moabe le kwa go Baamone le kwa go Bafelesita le kwa go Baamaleke le mo thopong ya ga Hatatesere morwa Rehobe, kgosi ya Soba.
13 Dafita a itirela leina jalo. Mme ya re a boa a sena go fenya Basiria, a bolaya Baetomo mo mokgatsheng wa letswai, banna ba le 18 000.
14 A ba a baya balebeledi ba puso ya gagwe kwa Etomo, a ba baya mo Etomo yotlhe. Baetomo botlhe ba nna mo pusong ya ga Dafita.Morenaa naya Dafita phenyo gongwe le gongwe kwa a yang teng.
15 Dafita o ne a busa Iseraele yotlhe, a ntse a direla morafe otlhe wa gagwe ka molao le tshiamo.
16 Joabe morwa Seruya e ne e le molaodi wa mephato; Josafate morwa Ahilote e le seatla sa kgosi.
17 Satoke morwa Ahitube le Ahimelege morwa Abjathare e ne e le baperesiti; Seraya e le mokwaledi.
18 Benaya morwa Joyata e ne e le molaodi wa Bakerethi le Baphelethe; bomorwa kgosi Dafita e ne e le baperesiti.