1 SAMUELE 29

Dafita o busediwa ke Bafelesita kwa morago

1 Bafelesita ba ne ba phuthela mephato yotlhe ya bone kwa Afeke; Baiseraele bone ba bo ba thibeletse fa motsweding o o kwa Iserele.

2 Jaanong ya re balaodi ba mephato ya Bafelesita ba feta ka makgolo le dikete, Dafita le banna ba gagwe le bone ba feta kwa morago, ba na le Agiše,

3 dikgosana tsa Bafelesita tsa re: “Bahebere ba, ba batlang fa?” Agiše a araba dikgosana tsa Bafelesita a re: “A ga se ene Dafita, motlhanka wa ga Saule, kgosi ya Iseraele, yo o sa bolong go nna le nna, e setse e le malatsi a mantsi gongwe dinyaga, mme ke ise ke bone molato mo go ene go tloga letsatsing le o ineetseng mo go nna ka lone go fitlha letsatsing leno.”

4 Mme dikgosana tsa Bafelesita tsa mo gakalela, tsa mo raya tsa re: “Busa monna yo! A a boele kwa felong ga gagwe fa o mmeileng teng, mme a se ka a fologela le rona kwa tlhabanong, e se re gongwe a re fetogela mmaba mo tlhabanong. Kana monna yo, o ka kgatlha morena wa gagwe ka eng? A ga se ka ditlhogo tsa banna ba?

5 A ga se ene Dafita yo ba mo opetseng dipina ba re: ‘Saule o bolaile dikete, mme Dafita o bolaile kete tse some.’ ”

6 Ke fa Agiše a bitsa Dafita, a mo raya a re: “Ka bophelo jwaMorena! Ruri, o tlhamaletse, le go bolola ga gago le go tsena ga gago le nna mo mophatong go siame mo matlhong a me. Gonne ga ka bona bosula bope mo go wena go tloga letsatsing le o tlileng go nna ka lone go fitlha letsatsing leno, mme ga o a siama mo matlhong a dikgosana.

7 Jaanong he, boa o tsamae ka kagiso gore o se ka wa kgopisa dikgosana tsa Bafelesita.”

8 Dafita a fetola Agiše a re: “Kana ke dirileng? O bonye eng mo motlhankeng wa gago go tloga letsatsing le ke simolotseng go go direla ka lone go fitlha letsatsing leno, mo ke sa tshwanelang go ya le go tlhabana le baba ba kgosi, morena wa me?”

9 Agiše a araba a raya Dafita a re: “Ke a itse, gonne o siame mo matlhong a me jaaka moengele wa Modimo. Fela dikgosana tsa Bafelesita tsa re: ‘A a se ka a bolola le rona mo tlhabanong!’

10 Jaanong phakela ka moso, wena le batlhanka ba morena wa gago ba ba tlileng nao, lo phakeleng ka moso, lo tsamae fa boo sa.”

11 Dafita a phakela jalo, ene le banna ba gagwe gore a tsamae mo mosong, a boele kwa lefatsheng la Bafelesita. Bafelesita bone ba bolola go ya kwa Iserele.