1 SAMUELE 28

1 E rile ka malatsi ao Bafelesita ba phutha mephato ya bone go ya ntweng go tlhabana le Baiseraele, Agiše a raya Dafita a re: “Itse sentle gore o tshwanetse go bolola le nna mo mophatong, wena le banna ba gago.”

2 Dafita a fetola Agiše a re: “Go siame! Jaanong o tla bona se motlhanka wa gago a kgonang go se dira.” Agiše a raya Dafita a re: “Ka moo ke go dira mofemedi wa tlhogo ya me ka metlha yotlhe.”

Saule o batla thuso kwa mosading wa moitseanape

3 Kana Samuele o ne a sule, Baiseraele botlhe ba ne ba mo leletse, ba mo fitlhile kwa Rama mo motseng wa ga gabo. E bile Saule o ne a tlositse ba ba buisang badimo le baitseanape mo lefatsheng.

4 Jaanong ya re Bafelesita ba phuthega, ba fitlha, ba thibelela kwa Suneme, le Saule a phutha Baiseraele botlhe, ba thibelela kwa Gileboa.

5 Ya re Saule a bona mephato ya Bafelesita, a boifa; pelo ya gagwe ya roroma thata.

6 Saule a botsaMorena, mmeMorenaa se ka a mo araba, e seng ka ditoro le e seng ka Lesedile e seng ka baporofeti.

7 Ke fa Saule a raya batlhanka ba gagwe a re: “Mpatleleng mosadi yo o itseng go buisa baswi gore ke ye kwa go ene, ke mmotse.” Batlhanka ba gagwe ba mo araba ba re: “Mosadi yo o buisang baswi o teng kwa Entore.”

8 Jaanong Saule a iphetola ka go apara diaparo di sele, a ya a na le banna ba le babedi, ba fitlha kwa mosading yole bosigo, mme Saule a re: “A ko o mpolelele tsa boitseanape ka thuso ya mowa wa moswi, o ntlisetse yo ke tla mo go bolelelang.”

9 Mme mosadi yoo a mo fetola a re: “Kana o itse se Saule o se dirileng, fa a fedisa ba ba buisang badimo le baitseanape mo lefatsheng. Ke ka ntlha ya eng, fa o tsile go ntalela gore ke tle ke bolawe.”

10 Ke fa Saule a mo ikanela kaMorenaa re: “Ka bophelo jwaMorena! Ga o kitla o welwa ke molato ope ka tiro e.”

11 Jaanong mosadi a botsa a re: “Ke go tlisetse mang?” A re: “Ntlisetse Samuele.”

12 Ya re mosadi a bona Samuele, a goa ka lentswe le legolo, a ba a raya Saule a re: “O ntsieleditseng? Kana o Saule.”

13 Kgosi ya mo raya ya re: “Se boife! Mme o bona eng?” Mosadi a araba Saule a re: “Ke bona mowa wa moswi o tswa mo lefatsheng.”

14 Saule a mmotsa a re: “Sebopego sa ona ke se se ntseng jang?” Mosadi a re: “Monna mogolo o tlhatloga, a apere kobo.” Ke fa Saule a lemoga gore ke Samuele; a ba a inamela fa fatshe ka sefatlhego a ikoba.

15 Mme Samuele a raya Saule a re: “O ntshwenyetsang ka go mpitsa?” Saule a re: “Ke tlaletswe thata. Bafelesita ba tlhabana le nna, mme Modimo o ntlogetse; ga o tlhole o nkaraba le e seng ka baporofeti le e seng ka ditoro. Ke ka moo ke go biditseng gore o nkitsise se ke tshwanetseng go se dira.”

16 Samuele a ba a re: “O mpoletsang, etsweMorenao go tlogetse, a tswa mmaba wa gago?

17 MorenaO dirile jaaka a buile ka nna. O phamotse bogosi mo diatleng tsa gago, a bo neela yo mongwe, e bong Dafita.

18 Ka gore ga o a ka wa utlwa lentswe laMorena, ga o a ka wa dirafatsa bogale jo bo tukang jwa gagwe mo go Baamaleke; ke ka mooMorenaO GO diretseng tsona tse gompieno.

19 Le gonaMorenao tla go neela le Baiseraele mo diatleng tsa Bafelesita. Gape wena le bomorwao lo tla bo lo na le nna kamoso. Le mephato ya BaiseraeleMorenao tla e neela mo diatleng tsa Bafelesita.”

20 Ya ba gona Saule a welang fa fatshe ka letshogo, a namalala ka boleele jotlhe jwa gagwe, a boifa thata ka ntlha ya mafoko a ga Samuele. Le gona o ne a setse a feletswe ke thata, gonne o ne a ise a je sepe motshegare otlhe le bosigo jotlhe.

21 Jaanong mosadi yole a tla kwa go Saule, mme ya re a mmona a tshogile thata, a mo raya a re: “Kana lelata la gago le dirile se o se le boleletseng, ka se ka ka rekegela botshelo jwa me, ka utlwa mafoko a gago a o a buileng le nna.

22 Jaanong he, le wena a ko o utlwe lentswe la lelata la gago. Ke tla baya thathana ya bogobe fa pele ga gago, e je gore o nne le thata, fa o tsamaya mo tseleng.”

23 Mme a gana a re: “Ga ke rate go ja.” Fela ya re batlhanka ba gagwe le ene mosadi ba mo emelela, a ba utlwa, a namologa fa fatshe, a nna mo bolaong.

24 Jaanong mosadi a bo a na le namane e e nonneng mo lapeng; a akofa a e tlhaba, a ba a tsaya bupe a bo duba, a besa dinkgwe tse di sa bedisiwang.

25 A ba a di tlisa, a di baya fa pele ga Saule le fa pele ga batlhanka ba gagwe. Ya re ba sena go ja ba nanoga, ba tsamaya bosigo joo.