Baengele ba supa, ba ba nang le megotšwana e supa ya dipetso tsa bofelo
1 Jaanong ka bona sesupo se sengwe mo legodimong se segolo se se gakgamatsang: ka bona baengele ba supa, ba tshotse dipetso di supa tsa bofelo; ka gonne bogale jwa Modimo bo fediwa ka tsona.
2 Ka ba ka bona sengwe, e kete lewatle la galase le le tlhakanyeng le molelo, le ba ba fentseng sebata le setshwantsho sa sona le palo ya leina la sona ba eme fa lewatleng la galase, ba tshotse diharepa tsa go baka Modimo.
3 Ba opela sefela sa ga Moše, motlhanka wa Modimo, le sefela sa Kwana ba re:
“Ditiro tsa gago di dikgolo,
di a gakgamatsa,
Morena, Modimo,
Mothatayotlhe;
ditsela tsa gago di siame,
ke tsa boammaaruri,
wena Kgosi ya merafe.
4 Ke mang yo o se kitlang
a go boifa Morena,
a galaletsa leina la gago?
Gonne o boitshepo o le wesi;
merafe yotlhe e tla tla,
e obamela fa pele ga gago;
ka gonne ditiro tsa gago
tsa tshiamo di senogile.”
5 Morago ga dilo tseo ka bona Tempele ya motlaagana wa tshupo mo legodimong e bulwa.
6 Baengele ba supa ba ba tshotseng dipetso tse di supang ba tswa mo Tempeleng ba apere masela a a phepa a a phatsimang, ba itlamile dihuba ka meitlamo ya gouta.
7 Sengwe sa diphedi tse nne sa neela baengele ba supa megotšwana e supa ya gouta, e tletse bogale jwa Modimo o o tshelang go ya bosakhutleng.
8 Tempele ya tlala musi o o tswang mo kgalalelong ya Modimo le mo thateng ya ona, mme ga bo go se ope yo o ka tsenang mo Tempeleng, dipetso di supa tsa baengele ba supa di ise di wediwe.