Medimo ya diseto ya ga Miga
1 Go ne go le monna kwa dithabeng tsa Eferaime yo leina la gagwe e leng Miga.
2 Ene a raya mmaagwe a re: “Mma, diselefera di le 1 100 tse di utswilweng mo go wena, bona, diselefera tseo di mo go nna. Ke nna ke di tsereng. Kana o hutsitse khutso ka ntlha ya tsona; le gona o e buile mo ditsebeng tsa me.” Ke fa mmaagwe a re: “A morwaake a tshegofadiwe keMorena!”
3 A busetsa mmaagwe diselefera di le 1 100 jalo, mme mmaagwe a re: “Diselefera tseo ke di tlhaoletseMorena, ke di ntsha ka ntlha ya ga morwaake go dira modimo wa seseto le o o bopilweng. Mme jaanong ke rata go di go busetsa.”
4 Mme a busetsa mmaagwe diselefera tseo; mmaagwe a tsaya diselefera di le 200, a di neela mothudi; ene a dira modimo wa seseto le o o bopilweng ka tsona; wa ba wa nna mo ntlong ya ga Miga.
5 Miga, monna yoo o ne a na le tempelana ya medimo, a dira khiba ya boperesiti le medimo ya lelapa, a dira mongwe wa bomorwawe moperesiti, a nna moperesiti wa gagwe.
6 Ka sebaka seo go ne go se na kgosi mo Iseraeleng; mongwe le mongwe a dira tse di kgatlhang matlho a gagwe.
7 Jaanong go ne ga tla lekau le tswa kwa Betleheme wa Juta kwa losikeng lwa Juta. E ne le Molefi, a tlile teng go jaka.
8 Monna yoo o ne a tlogile kwa Betleheme motseng wa Juta, a ile go jaka fa a ka bonang tiro teng. Jaanong a fitlha kwa dithabeng tsa Eferaime kwa ntlong ya ga Miga a le mo tseleng.
9 Miga a mmotsa a re: “O tswa kae?” A mo araba a re: “Ke Molefi wa Betleheme wa Juta. Ke mo tseleng go jaka fa nka bonang tiro teng.”
10 Miga a mo raya a re: “Nna le nna, o nne rre le moperesiti wa me; ke tla go naya diselefera di le some ka ngwaga le diaparo le dijo.” Mme ya re a emelela Molefi,
11 a dumela go nna le monna yoo; lekau leo la nna mo go ene jaaka mongwe wa bomorwawe.
12 Mme Miga a tsenya Molefi mo tirong; lekau leo la nna moperesiti wa gagwe, la nna mo ntlong ya ga Miga.
13 Ke fa Miga a re: “Jaanong ke a itse goreMorenao tla ntirela molemo; gonne ke na le moperesiti wa Molefi.”