1 Ya re morago ga malatsi a se kae ka sebaka sa kotulo ya mabele a korong, Simesone a etela mosadi wa gagwe ka potsane a re: “Nte ke tsene kwa mosading wa me mo ntlwaneng;” mme rraagwe a se ka a mo dumelela go tsena.
2 Rraagwe a re: “Ke itheile ka re: Ga o tlhole o mo rata; ka mo neela molekane wa gago. A ga ke re: Monnawe o mo gaisa ka bontle. A ene e nne wa gago mo boemong jwa yole.”
3 Mme Simesone a ba raya a re: “Gona fa nka se nne molato fa pele ga Bafelesita, fa ke ba direla bosula.”
4 Ke fa Simesone a ya a tshwara diphokojwe di le 300, a tsaya metswaiso, a bofaganya megatla ya tse pedi le tse pedi, a bofelela motswaiso o le mongwe fa gare ga megatla e mebedi mo go tse tsotlhe.
5 Mme ya re a sena go tshuba metswaiso a di lesa, tsa tshabela kwa masimong a Bafelesita, tsa tshuba mabele a a sa leng letlhakeng le a a mo seboaneng le masimo a moweine le a ditlhare tsa olefa.
6 Ke fa Bafelesita ba botsa ba re: “Ke mang yo o dirileng jalo?” Ba re: “Ke Simesone mogwe wa monna wa kwa Thimena, ka gonne o mo amogile mosadi, a mo neela mongwe-ka-ene.” Ka moo Bafelesita ba bolola, ba fisa mosadi le rraagwe ka molelo.
7 Mme Simesone a ba raya a re: “Fa lo dira tse di ntseng jalo, ruri, ga nkitla ke ikhutsa ke ise ke ipusolosetse mo go lona.”
8 Ke fa a ba remaganya dirope le matheka, ya nna polao e kgolo; morago a tsamaya a ya go nna mo logageng lwa Etame.
Simesone o fenya Bafelesita
9 Mme Bafelesita ba bolola, ba thibelela mo nageng ya Juta; ba anama kwa Legi.
10 Banna ba Juta ba botsa ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa lo re bololetse?” Ba re: “Re bolotse go golega Simesone gore re mo direle jaaka a re diretse.”
11 Ke fa banna ba le 3 000 ba Juta ba fologela kwa logageng lwa Etame, ba raya Simesone ba re: “A ga o itse gore Bafelesita ba a re busa? Jaanong ke eng se o se re diretseng?” A ba araba a re: “Ke ba diretse fela jaaka ba ntiretse.”
12 Ba mo raya ba re: “Re tsile go go golega le go go neela mo diatleng tsa Bafelesita.” Simesone a ba raya a re: “Inkaneleng pele gore ga lo kitla lo mpolaya ka losi.”
13 Ba mo araba ba re: “Nnyaya, re tla go golega fela, re go neela mo diatleng tsa bone, mme ruri ga re kitla re go bolaya.” Jaanong ba mo golega ka dithapo tse pedi tse dintšhwa, ba mo ntsha mo logageng.
14 Ya re a fitlha kwa Legi, Bafelesita ba mo kgatlhantsha, ba ntse ba thela lešalaba. Mme Mowa waMorenawa tsena mo go ene; dithapo tse di neng di le mo mabogong a gagwe tsa nna jaaka ditlhale tse di fisitsweng ke molelo; dikgole tse a golegilweng ka tsona tsa kumagana, a bofologa mabogo.
15 A bona lotlhaa lo lošwa lwa esele, a ntsha letsogo, a lo tsaya, a bolaya banna ba le sekete ka lone.
16 Ke fa Simesone a boka a re:
“Ka lotlhaa lwa esele ke ba
dirile mekoa ya ditoto;
ka lotlhaa lwa esele ke bolaile
banna ba le sekete.”
17 Ya re a sena go bua jalo, a latlha lotlhaa lo a neng a lo tshwere, a bitsa felo foo Mmoto-wa-lotlhaa.
18 Mme ya re a nyorilwe thata a lelelaMorenenga re: “Ke wena o dirileng pholoso e kgolo e ka letsogo la motlhanka wa gago. A jaanong ke tla swa ka lenyora, ke wela mo diatleng tsa ba ba sa rupang?”
19 Ke fa Modimo o phantsha khuti e e kwa Legi go tswa metsi mo go yona. Ya re a nwa, a boelwa ke nonofo, a phela. Ke ka moo e bidiwang Motswedi wa moledi; o sa le teng kwa Legi le kajeno.
20 A siamisetsa Iseraele mo metlheng ya Bafelesita dinyaga di le 20.