BAATLHODI 13

Botsalo jwa ga Simesone

1 Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong aMorena. Ke faMorenaa ba neela mo diatleng tsa Bafelesita dinyaga di le 40.

2 Jaanong ga bo go le monna mongwe wa losika lwa ga Dane kwa Sorea, yo leina la gagwe e leng Manoa. Mosadi wa gagwe o ne a le moopa, a sa tshole bana.

3 Mme moengele waMorenaa iponatsa mo mosading yoo, a mo raya a re: “Bona, o moopa, ga o belege bana. Mme o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane.

4 Mme jaanong a ko o itise; se nwe weine le fa e le bojalwa le e seng go ja sepe se se sa itshekang.

5 Gonne bona, o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane. A go se tle logare mo tlhogong ya gagwe, gonne mosimane yoo o tla nna moikiledi wa Modimo go tswa botsalong jwa gagwe; o tla simolola go golola Baiseraele mo diatleng tsa Bafelesita.”

6 Mosadi a ya, a bolelela monna wa gagwe a re: “Monna wa Modimo o tlile kwa go nna; o ne a lebega jaaka Moengele wa Modimo, a boitshega thata, mme ga ke a mmotsa kwa a tswang teng; le ene ga a a mpolelela leina la gagwe.

7 O ntheile a re: ‘Bona, o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane. Mme jaanong, se nwe weine le fa e le bojalwa, o se je sepe se se sa itshekang; gonne mosimane yoo, e tla nna moikiledi wa Modimo go tswa botsalong go ya letsatsing la loso lwa gagwe.’ ”

8 Ke fa Manoa a rapelaMorenaa re: “Ao! Morena, a monna wa Modimo yo ò mo romileng, a ke a tle gape kwa go rona, a re rute tse re tshwanetseng go di direla mosimane yo o tla tsalwang.”

9 Modimo wa utlwa lentswe la ga Manoa. Moengele wa Modimo a tla gape kwa mosading a ntse fa fatshe kwa tshimong, mme Manoa, monna wa gagwe, a se na nae.

10 Ke fa mosadi a akofa, a taboga, a itsise monna wa gagwe, a mo raya a re: “Bona, monna yo o neng a tlile kwa go nna maloba o iponaditse gape mo go nna.”

11 Manoa a nanoga, a sala mosadi wa gagwe morago, a fitlha kwa monneng yole, a mmotsa a re: “A ke wena monna yo o buileng le mosadi?” A re: “Ke nna.”

12 Manoa a re: “Jaanong fa lefoko la gago le dirafala, mosimane o tshwanetse go phela jang le go dira eng?”

13 Moengele waMorenaa araba Manoa a re: “A mosadi a itise mo go tsotlhe tse ke di mmoleletseng.

14 A a se je sepe se se tswang mo setlhareng sa moweine; a se ka a nwa weine le fa e le bojalwa; a se ka a ja sepe se se sa itshekang. Tsotlhe tse ke di mo laetseng a a di tshegetse.”

15 Ke fa Manoa a raya Moengele waMorenaa re: “Nte re go die, re go baakanyetse potsane.”

16 Mme Moengele waMorenaa fetola Manoa a re: “Le fa o ka ntia, ga ke ne ke ja dijo tsa gago. Mme fa o rata go direlaMorenasetlhabelo sa phiso, se baakanye.” Kana Manoa o ne a sa itse fa e le Moengele waMorena.

17 Ke fa Manoa a botsa Moengele waMorenaa re: “Leina la gago ke mang gore re tle re go tlotle motlhang lefoko la gago le dirafalang?”

18 Mme Moengele waMorenaa mo fetola a re: “O boletsang leina la me? Kana ke le le gakgamatsang!”

19 Ke fa Manoa a tsaya potsane le tshupelo ya teng ya dijo, a direlaMorenasetlhabelo sa phiso mo godimo ga lefika, mmeMorenaa dira ka mokgwa o o gakgamatsang: Manoa le mosadi wa gagwe ba bona

20 kgabo ya molelo e tlhatlogela kwa legodimong e tswa mo aletareng le Moengele waMorenaa tlhatloga a le mo kgabong ya aletare. Ya re Manoa le mosadi wa gagwe ba bona jalo, ba wela fa fatshe ka difatlhego.

21 Mme Moengele waMorenaa se ka a tlhola a iponatsa gape mo go Manoa le e seng mo mosading wa gagwe. Ke fa Manoa a lemoga gore e ne e le Moengele waMorena.

22 Jaanong Manoa a raya mosadi wa gagwe a re: “Ruri, re tla swa, gonne re bonye Modimo.”

23 Mme mosadi wa gagwe a mo fetola a re: “FaMorenaa ka bo a ratile go re bolaya, o ka bo a se ka a amogela setlhabelo sa phiso le tshupelo ya dijo mo diatleng tsa rona; le gona o ka bo a se ka a re bontsha dilo tsotlhe tse le e seng go re utlwisa tse re sa tswang go di utlwa jaanong.”

24 Mosadi a ba a belega ngwana wa mosimane, a mo taya leina la Simesone. Mosimane a gola, mmeMorenaa mo tshegofatsa.

25 Mowa waMorenawa simolola go mo tlhotlheletsa a le mo bothibelelong jwa ga Dane fa gare ga Sorea le Ešethaole.