BAATLHODI 12

Ifetha le Baeferaime

1 Jaanong banna ba Eferaime ba kuiwa, ba ya kwa bokone, ba feta ba raya Ifetha ba re: “Ke ka ntlha ya eng fa e rile o bolola go tlhabana le Baamone, wa se ka wa re bitsa go ya nao? Re tla go tshubela mo ntlong ya gago ka molelo.”

2 Mme Ifetha a ba fetola a re: “Nna le morafe wa me re ne re le mo ntweng e kgolo thata le Baamone, ka lo kua, mme lwa gana go tla go mpholosa mo diatleng tsa bone.

3 Jaanong ya re ke bona lo sa nthuse, ka tsenya bophelo jwa me mo kotsing, ka bololela Baamone, mmeMorenaa ba neela mo diatleng tsa me. Ke ka ntlha ya eng fa lo mpololetse kajeno go tlhabana le nna?”

4 Ke fa Ifetha a kgobokanya banna botlhe ba Gileate, a tlhabana le Baeferaime, mme ba bolaya Baeferaime; ka gonne Baeferaime ba ne ba buile ba re: “Lo bafalodi ba Eferaime fela;” Gileate o fa gare ga Eferaime le Manase.

5 Mme ba Gileate ba tseela Baeferaime matsibogo a Joretane. Jaanong e ne ya re fa motshabi wa Baeferaime a re: “Nteng ke tshele!” banna ba Gileate ba mmotse ba re: “A o Moeferaime?” Fa a re: “Nnyaya!”

6 ba mmuise ba re: “E re Šibolethe!” Mme fa a re Sibolethe, a sa ele tlhoko go bua ka tshwanelo, ba mo tshware ba mmolae fa matsibogong a Joretane. Ka sebaka seo ga bolawa Baeferaime ba le 42 000.

7 Ifetha e ne e le tlhogo ya Baiseraele dinyaga tse thataro. Ifetha wa kwa Gileate a ba a swa, a fitlhwa mo motseng wa gagwe kwa Gileate.

Baatlhodi Ibesane le Elone le Abetone

8 Sehularong sa gagwe Baiseraele ba okamelwa ke Ibesane wa kwa Betleheme.

9 Ene o ne a na le bomorwa ba le 30, a nyadisa bomorwadie ba ba 30 ba tswa lapeng la gagwe, a ba a nyadisa bomorwawe basadi ba le 30 ba tswa kwa gongwe. A atlhola Iseraele dinyaga di supa.

10 Ibesane a ba a swa, a fitlhwa mo Betleheme.

11 Sehularong sa gagwe Baiseraele ba busiwa ke Elone wa Mosebulone; a etelela Iseraele pele dinyaga di le some.

12 Elone wa Mosebulone a ba a swa, a fitlhwa kwa Ayalone, mo nageng ya Sebulone.

13 Sehularong sa gagwe Baiseraele ba siamisediwa ke Abetone morwa Hilele wa kwa Phirathone.

14 A na le bomorwa ba le 40 le bana ba bana ba le 30 ba ba palameng diesele di le 70. A siamisetsa Baiseraele dinyaga di le 8.

15 Abetone morwa Hilele wa kwa Phirathone a ba a swa, a fitlhwa kwa Phirathone mo nageng ya Eferaime mo thabeng ya Amaleke.