BAATLHODI 10

Thola

1 Sehularong sa ga Abimelege ga tsoga Thola morwa Phua morwa Doto, monna wa lotso lwa ga Isašare, go thusa Iseraele. O ne a agile mo motseng wa Samire kwa dithabeng tsa Eferaime.

2 A siamisa Baiseraele dinyaga di le 23; a ba a swa, a fitlhwa mo Samire.

3 Sehularong sa gagwe ga tsoga Jaire wa kwa Gileate, a siamisa Baiseraele dinyaga di le 22.

4 O ne a na le bomorwa ba le 30 ba ba neng ba palama diesele di le 30, ba na le metse e le 30 e e bidiwang metse ya ditente ya ga Jaire go fitlhelela letsatsing la kajeno, e e kwa nageng ya Gileate.

5 Jaire a ba a swa, a fitlhwa kwa Kamone.

Ifetha

6 Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong aMorena, ba direla boBaale le boAšethorethe le medimo ya Siria le ya Sitone le ya Moabe le ya Baamone le ya Bafelesita; ba tlogelaMorena, ba se ka ba mo direla.

7 Ke fa bogale jwaMorenabo tukela Baiseraele, mme a ba rekisa mo diatleng tsa Bafelesita le tsa Baamone.

8 Ba bogisa Baiseraele, ba ba gatelela setlhogo dinyaga di le 18 ka sebaka seo, e bong Baiseraele botlhe ba ba kwa moseja ga Joretane mo nageng ya Baamori e e kwa Gileate.

9 Le gona Baamone ba tshela Joretane go tlhabana le Bajuta le Babenyamene le Baeferaime, mo Baiseraele ba bileng ba pitlaganngwa thata.

10 Ke fa Baiseraele ba lelelaMorenengba re: “Re go leofetse; gonne re go tlogetse, Modimo wa rona, ra direla boBaale.”

11 MmeMorenaa raya Baiseraele a re: “A ga ke re, ke lo golotse mo go Baegepeto le mo go Baamori le mo go Baamone le mo go Bafelesita?

12 Mme ya re Basitone le Baamaleke le Bamaone ba lo pitlaganya, lwa lelela go nna, mme ka lo pholosa mo diatleng tsa bone.

13 Mme lona lo ntlogetse, lwa direla medimo e sele; ke ka moo ke sa ka keng ka tlhola ke lo thusa.

14 Yaang lo lele medimong e lo e itlhophetseng! A yona e lo thuse ka sebaka sa tlalelo ya lona!”

15 Mme Baiseraele ba rayaMorenaba re: “Re leofile. Wena o re direle tsotlhe tse di siameng mo matlhong a gago, fela a ko o re thuse kajeno.”

16 Le gona ba tlosa medimo e sele mo gare ga bona, ba direlaMorena. Ke fa a tlhomoga pelo ka ntlha ya pogisego ya Baiseraele.

17 Jaanong Baamone ba kuiwa, ba thibelela kwa Gileate. Le Baiseraele ba phuthega, ba thibelela kwa Mitsepha.

18 Ke fa batho, e bong dikgosana tsa Gileate, ba raana ba re: “Ke monna ofe yo o tla simololang go tlhabana le Baamone? Ene o tla nna tlhogo ya baagi botlhe ba Gileate.”