BAATLHODI 7

Giteone o fenya Bamidiane

1 Jaanong Jerubaale, e bong Giteone, a phakela le batho botlhe ba ba nang nae, ba thibelela fa motsweding wa Harote, mme bothibelelo jwa Bamidiane bo ne bo le mo ntlheng ya bokone ya gagwe mo lebaleng go tloga fa thoteng ya More.

2 MmeMorenaa raya Giteone a re: “Batho ba ba nang nao ba bantsi. Ke palelwa ke go neela Bamidiane mo diatleng tsa bone, e se re gongwe Baiseraele ba inkgantshetsa ba re: ‘Go ikgolotse rona ka rosi.’

3 Mme jaanong tlhaba mokgosi mo ditsebeng tsa batho o re: ‘Yo o tshogileng le yo o boifang a a boe, a tshabe mo dithabeng tsa Gileate.’ ” Ga boa batho ba le 22 000, ga sala ba le 10 000.

4 MmeMorenaa raya Giteone a re: “Batho ba sa le bantsi. Ba folosetse kwa metsing, ke tle ke ba go fokoletse teng: Yo ke tla go laelang ka ga gagwe ke re: ‘A a ye nao,’ a ene a ye nao; mme mongwe le mongwe yo ke go laelang ka ga gagwe ke re: ‘A a se ye nao,’ a ene a se ka a ya nao.”

5 A folosetsa batho kwa metsing, mmeMorenaa raya Giteone a re: “Mongwe le mongwe yo o kapetsang metsi ka seatla le molomo jaaka ntšwa, mmee go sele; gape mongwe le mongwe yo o khubamang ka mangole go nwa a tomame o mmee go sele.”

6 Palo ya ba ba neng ba a kapetsa, ba a isa ka diatla kwa melomong, e ne e le banna ba le 300; batho botlhe ba bangwe ba ne ba khubame ka mangole go nwa metsi ba tomame.

7 Ke faMorenaa raya Giteone a re: “Ke tla lo golola ka banna ba le 300 ba, ba ba noleng ka go kapetsa, ke neela Bamidiane mo diatleng tsa gago. Mme a batho botlhe ba bangwe ba boele kwa magaeng a bone.”

8 Jaanong ba itseela mefago ya batho le dinaka tsa bone. Mme Giteone a busetsa banna botlhe ba Iseraele kwa magaeng a bone, a sala fela a na le banna ba le 300 bale. Mephato ya Bamidiane e ne e le kwa tlase ga gagwe mo lebaleng.

9 Ya re bosigoMorenaa mo raya a re: “Tsoga o fologele kwa mephatong eo, gonne ke e neetse mo diatleng tsa gago.

10 Mme fa o boifa go fologa, fologa le Phura motlhanka wa gago pele, o ye kwa mephatong eo,

11 o utlwelele se ba se buang teng. Morago ga moo o tla bo o tiile moko go ka fologela teng le go tlhasela mephato eo.” A fologa a na le Phura motlhanka wa gagwe, a fitlha kwa batlhabaning ba ba tlhometseng fa bokhutlong jwa bothibelelo.

12 Mme Bamidiane le Baamaleke le botlhe ba kwa botlhabatsatsi ba bo ba robetse mo lebaleng jaaka segopa sa tsie; dikammele tsa bone e le tse di se nang palo, di le kana ka motlhaba o o fa losing lwa lewatle.

13 Jaanong ya re Giteone a goroga, a fitlhela mongwe a bolelela yo mongwe toro a re: “Utlwa toro e ke e lorileng, ke bonye senkgwe se se besitsweng sa garase se kgokologela mo bothibelelong jwa Bamidiane, se fitlha kwa tenteng, se e itaya, ya wa, sa e pitikolola, ya kanama.”

14 Mme mongwe-ka-ene a araba a re: “Selo se ga se sepe fa e se tšhaka ya ga Giteone morwa Joase, monna wa Moiseraele. Modimo o neetse Bamidiane le mephato yotlhe mo diatleng tsa gagwe.”

15 Ya re Giteone a utlwa polelo e ya toro le phuthololo ya yona, a obamelaMorena, a boela kwa bothibelelong jwa Baiseraele a re: “Tsogang, gonneMorenao neetse mephato ya Bamidiane mo diatleng tsa lona.”

16 Mme a kgaoganya banna ba le 300, a ba dira ditlhopha tse tharo, a tsenya dinaka mo diatleng tsa botlhe le dinkgwana tse di lolea le dirumola mo teng ga dinkgwana;

17 a ba raya a re: “Ntebeng lo dire fela jaaka nna; mme e re ke fitlha fa bothibelelong, lo dire gape jaaka ke dira.

18 E re fa ke letsa lonaka nna le botlhe ba ke nang nabo, le lona lo letse dinaka mo ntlheng tsotlhe tsa bothibelelo, lo thele lešalaba lo re: ‘Ntwa yaMorenale ya ga Giteone!’ ”

19 Giteone le banna ba ba lekgolo ba ba nang nae ba fitlha fa bothibelelong, e le gona go bewang balebeledi ba gare ga bosigo. Ke fa a letsa lonaka, a thuba nkgwana e a e tshotseng ka seatla.

20 Jaanong ba ditlhopha tse tharo ba letsa dinaka, ba thuba dinkgwana, ba tshwara dirumola ka diatla tsa molema le dinaka ka diatla tse di jang, ba di letsa, ba kua ba re: “Tšhaka yaMorenale ya ga Giteone!”

21 Ba ne ba ntse ba eme mongwe le mongwe fa a emeng teng mo tikologong ya bothibelelo, mme mephato yotlhe ya sia, ya goa ya tshaba.

22 Ya re ba ntse ba letsa dinaka tse di 300,Morenaa bolaanya Bamidiane ka ditšhaka tsa bone mo bothibelelong jotlhe, mme ba bangwe ba tshabela kwa Betšhita ntlheng ya Sereta go ya go fitlha kwa losing lwa Abele-Megola gaufi le Tabathe.

23 Jaanong banna ba Iseraele, e bong Banafetale le Baasere le Bamanase botlhe ba kuiwa go latelela Bamidiane.

24 Gape Giteone a roma barongwi kwa dithabeng tsotlhe tsa ga Eferaime a re: “Fologang lo kgatlhantshe Bamidiane, lo ba thibelelele metsi go fitlha kwa Bethe-Bara le Joretane!” Ke fa go kuiwa banna botlhe ba Eferaime, ba ba thibelelela metsi go fitlha kwa Bethe-Bara le Joretane.

25 Le gona ba tshwara dikgosi tse pedi tsa Bamidiane, e bong Orebele Seebe;ba bolaela Orebe kwa Lefikeng la ga Legakabe le Seebe kwa Segatelong sa ga Phiri, ba feta ba latelela Bamidiane. Mme ba isa ditlhogo tsa boOrebe le Seebe kwa go Giteone kwa moseja ga Joretane.