Tshiamiso ya motho e tswa mo tumelong, e seng mo molaong
1 Bagalatia ba lo se nang tlhaloganyo! Lo loilwe ke mang go se utlwe boammaaruri, lona ba Jesu Keresete o lo tshwantsheditsweng jaaka e kete o bapotswe fa pele ga matlho a lona?
2 Se ke ratang go se utlwa fela mo go lona ke go re: A lo amogetse Mowa ka ditiro tsa molao gongwe ka thero ya tumelo?
3 A lo bosilo mo go kalo? Lo simolotse ka Mowa, a jaanong lo rata go fetsa ka nama?
4 A dilo tse di kalokalo lo di lemogetse lefela? Fa ka nnete e ka nna lefela.
5 Jaanong ona o o lo abelang Mowa o dirisa dithata mo go lona, a ke ka ditiro tsa molao, kampo ka thero ya tumelo?
Aborahame ke sekao sa tumelo. Molao o tsile morago ga gagwe
6 Aborahame “o ne a dumela Modimo, mme tumelo eo ya kaiwa tshiamo ya gagwe.”
7 Itseng jalo he gore ba e leng ba tumelo ke bone bana ba ga Aborahame.
8 Mme e re ka Lokwalo lo bonye pele, fa Modimo o tla siamisa baheitane ka tumelo, lwa bolelela Aborahame Efangele pele e e reng: “Merafe yotlhe e tla tshegofadiwa ka wena.”
9 Ka moo ba e leng ba tumelo ba tshegofadiwa mmogo le Aborahame wa modumedi;
10 mme botlhe ba e leng ba ditiro tsa molao ba mo khutsong; gonne go kwadilwe ga twe: “Go hutsitswe mongwe le mongwe yo o sa direng tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lwa molao.”
11 Go bonala gore ga go ope yo o ka siamisiwang ka molao fa pele ga Modimo; gonne go a twe: “Mosiami o tla phela ka tumelo.”
12 Molao o go sele le tumelo, go a twe: “Yo o dirileng dilo tsa ona o tla phela ka tsona.”
13 Keresete o re rekolotse mo khutsong ya molao, ka a diregile khutso mo boemong jwa rona; gonne go kwadilwe ga twe: “Go hutsitswe mongwe le mongwe yo o pegilweng mo koteng;”
14 go dirafetse jalo gore tshegofatso ya ga Aborahame e fitlhe mo baheitaneng ka Jesu Keresete, le gore rona re amogele Mowa o o solofeditsweng ka tumelo.
15 Bakaulengwe, ke bua ka fa mokgweng wa batho ka re: Kana ga go na ope yo o ka dirololang lokwalo lwa boswa lwa motho, fa lo tlhomamisitswe, le e seng go lo oketsa.
16 Mme jaanong ditsholofetso di boleletswe Aborahame le losika lwa gagwe. Modimo ga o bue o re: “Ditshika,” jaaka e kete di dintsi, mme e le lo lo longwe fela, e bong: “Losika lwa gago,” lo e leng Keresete.
17 Ke bua jaana ka re: Kgolagano e tlhomamisitswe ke Modimo pele; mme molao o o tsileng morago ga dinyaga di le 430, ga o e dirolole le e seng go nyeletsa tsholofetso.
18 Gonne fa boswa bo bonwa ka molao, bo tla bo bo sa tlhole bo bonwa ka tsholofetso; mme Modimo o bo file Aborahame fela ka tsholofetso.
Molao ke mogogi yo o gogelang motho kwa go Keresete
19 Jaanong molao e be e le wa eng? Ke o go okeditsweng tsholofetso ka ona ka ntlha ya ditlolo go ya losika lo lo boleletsweng tsholofetso lo be lo tle, wa tlhongwa ka baengele, wa neelwa mo seatleng sa motsereganyi.
20 Mme jaanong motsereganyi ga se wa a le mongwe fela; Modimo ona o mongwe fela.
21 A jaanong ke go re, molao o thulana le ditsholofetso tsa Modimo? A go se tualo! Gonne fa go ka bo go neilwe molao o o nonofileng go phedisa, foo ruri tshiamo e ka bo e tswa molaong.
22 Mme Lokwalo lo golegeletse botlhe mo boleong gore ba ba dumelang ba newe tse ba di solofeditsweng ka go dumela mo go Jesu Keresete.
23 E rile tumelo e ise e tle, ra bo re le mo tisong ya molao, re tswaletswe teng go ya tumelo e be e bonatsege.
24 Ka moo he, molao o ne wa nna mowatlhai wa rona go re isa kwa go Keresete gore re tle re siamisiwe ka tumelo.
25 Mme e re ka tumelo e tsile, ga re tlhole re le mo taolong ya mowatlhai;
26 gonne lotlhe lo bana ba Modimo ka go dumela mo go Keresete Jesu.
27 Gonne lona lotlhe ba lo kolobeditsweng mo go Keresete, lo apere Keresete.
28 Ga go Mojuta gongwe Mogerika, ga go motlhanka gongwe yo o gololesegileng, ga go monna gongwe mosadi; gonne lotlhe lo tshwana fela mo go Keresete Jesu.
29 Mme fa lo le ba ga Keresete, gona lo losika lwa ga Aborahame le barua-boswa ka fa tsholofetsong.