Bajuta le Basimeone ba tshwara Atoni-Beseke
1 E rile morago ga loso lwa ga Jošua Baiseraele ba botsaMorenaba re: “Ke mang mo go rona yo o tshwanetseng go bololela Bakanana pele go tlhabana nabo?”
2 Morenaa re: “A go bolole Juta! Bonang, ke neetse lefatshe mo diatleng tsa gagwe.”
3 Ke fa Juta a raya mogolowe Simeone a re: “Bololela le nna kwa nageng ya me, re ye go tlhabana le Bakanana! Le nna ke tla ya nao kwa nageng ya gago.” Mme Simeone a ya nae.
4 Ya re Bajuta ba bololaMorenaa neela Bakanana le Baferesi mo diatleng tsa bone; ba bolaya banna ba le 10 000 ba bone kwa Beseke.
5 Ba fitlhela kgosi Atoni-Beseke a le mo Beseke, ba tlhabana nae, ba fenya Bakanana bao le Baferesi bao.
6 Fela Atoni-Beseke a tshaba, mme ba mo latelela, ba mo tshwara, ba mo kgaola menwana ya kgonotšwe ya diatla le ya dinao.
7 Ke fa Atoni-Beseke a re: “Dikgosi tse di 70 tse di kgaotsweng menwana ya kgonotšwe ya diatla le ya dinao di ne di sela matlhotlhora fa tlase ga lobati lwa bojelo lwa me. Jaanong Modimo o mpusoloseditse ka tse ke di dirileng.” Ba mo isa kwa Jerusalema, a swela gona.
Bajuta ba thopa Jerusalema le Heberone
8 Jaanong Bajuta ba tlhasela Jerusalema, ba mo thopa, ba bolaya baagi ba teng ka bogale jwa tšhaka, ba fisa motse ka molelo.
9 Morago ga moo Bajuta ba ya go tlhabana le Bakanana ba ba neng ba agile kwa dithabeng le kwa borwa le mo nageng e e kwa tlase.
10 Bajuta ba be ba bololela Bakanana ba ba neng ba agile kwa Heberone – leina la Heberone pele e ne e le Khiriathe-Areba – ba fenya Sesai le Ahimane le Thalemai.
Otheniele o thopa motse wa Debire
11 Go tswa teng ba bololela baagi ba Debire, mme leina la Debire pele e ne e le Khiriatshefere.
12 Ke fa Kalebe a re: “Yo o ka fenyang Khiriatshefere, a mo thopa, ke tla mo neela morwadiake Agesa go nna mosadi wa gagwe.”
13 Ke fa Otheniele morwa Kenase, monnaa Kalebe, a mo thopa. Jaanong a mo neela morwadie Agesa go nna mosadi wa gagwe.
14 Jaanong ya re Agesa a tla kwa go ene, Otheniele a mo tlhotlheletsa gore a lope tshimo mo go rraagwe. Ke fa Agesa a fologa ka pele mo eseleng, mme Kalebe a mmotsa a re: “Go rileng?”
15 Agesa a mo raya a re: “Mphe lesego la go ntsamaisa sentle; e re ka o mpeile kwa nageng e e sekaka ya borwa, ke kopa gore o mphe le metswedi ya metsi.” Ke fa Kalebe a mo naya metswedi e e kwa godimo le e e kwa tlase.
Diphenyo tsa Bajuta le Babenyamene
16 Mme bomorwa Hobabe wa Mokeni kgaitsadia mosadi wa ga Moše ba ne ba bolotse kwa Motseng wa Mekolanemmogo le Bajuta, ba ya kwa sekakeng sa Juta se se mo ntlheng ya borwa ya motse wa Arate. Ba ya ba nna mmogo le morafe.
17 Mme Juta a ya a na le Simeone morwa-rraagwe, ba fenya Bakanana ba ba neng ba agile kwa Sefathe; motse o ba o senya ka khutso ya Modimo, ba o taya leina la Horema.
18 Mme Bajuta ba palelwa ke go thopa Gasa le naga ya teng le Ašekalone le naga ya teng le Ekerone le naga ya teng.
19 MmeMorenaa bo a na le Bajuta, mo ba bileng ba thopa dithaba; gonne ba ne ba sa kgone go leleka baagi ba naga e e kwa tlase, ka bone ba na le dikoloi tsa ntwa tsa tshipi.
20 Kalebe a abelwa Heberone jaaka Moše a laetse, mme a leleka bomorwa ba bararo ba ga Enake teng.
21 Babenyamene ba se ka ba leleka Bajebusi ba ba neng ba agile kwa Jerusalema. Bajebusi ba nna jalo mmogo le Babenyamene mo Jerusalema go fitlha letsatsing la kajeno.
Bajosefa le Bamanase ba thopa Bethele
22 Bajosefa le bone ba ne ba bololela Bethele, mmeMorenaa bo a na nabo.
23 Jaanong e rile Bajosefa ba ntse ba tlhola Bethele – gale leina la motse oo e ne e le Luse –
24 batlhodi ba bona monna a tswa mo motseng, ba mo raya ba re: “A ko o re bontshe fa go tsenwang teng mo motseng. Foo re tla go direla ka bopelotlhomogi.”
25 A ba bontsha fa go tsenwang teng mo motseng, mme ba itaya motse ka bogale jwa tšhaka, mme monna yole le ba losika lwa gagwe botlhe ba ba naya tsela.
26 Monna yole a ya kwa lefatsheng la Bahethe, a aga motse, a o bitsa Luse. E sa ntse e le leina la ona le gompieno.
Ditšhaba tse di sa lelekwang ke Baiseraele
27 Mme Bamanase ba se ka ba leleka baagi ba Betšheane le ba metsana ya teng le ba Thaenage le ba metsana ya teng le ba Dore le ba metsana ya teng le ba Ibeleame le ba metsana ya teng le ba Megito le ba metsana ya teng. Bakanana ba kgona jalo go nna mo lefatsheng le.
28 Mme e rile Baiseraele ba sena go tia, ba dira masalela a Bakanana balala, mme go leleka ba se ka ba ba leleka.
29 Baeferaime le bone ba se ka ba leleka Bakanana ba ba neng ba agile kwa Gesere. Bakanana ba nna mo gare ga bone kwa Gesere.
30 Le Basebulone ba se ka ba leleka baagi ba Kiterone le baagi ba Nahalole, mme Bakanana ba nna mo gare ga bone, ya nna balala.
31 Le Baasere ba se ka ba leleka baagi ba Ako le baagi ba Sitone le ba Ahelabe le ba Agesibe le ba Heleba le ba Afike le ba Rehobe,
32 mme Baasere ba nna mo gare ga Bakanana ba ba neng ba agile mo lefatsheng pele ka ba se ka ba ba leleka.
33 Le Banafetale ba se ka ba leleka baagi ba Betšhemeše le baagi ba Bethanathe; ba nna jalo mo gare ga Bakanana baagi ba lefatshe. Mme baagi ba Betšhemeše le ba Bethanathe ba nna balala ba bone.
34 Mme Baamori ba ne ba patikelela Badane kwa dithabeng, gonne ba ne ba sa ba dumelele go fologela kwa lebaleng.
35 Baamori ba kgona jalo go nna kwa Hare-Herese le kwa Ayalone le kwa Saalebime. Mme diatla tsa Bajosefa tsa ba imela, ba nna balala ba bone.
36 Kana molelwane wa Baamori o ne o tswa kwa Phateng-ya-Diphepheng le kwa Sela, o be o tlhatlogela pele.