JOŠUA 24

Taelo ya ga Jošua

1 Jošua a ba a phuthela ditso tsotlhe tsa Iseraele kwa Šegeme, a bitsa bagolo ba Baiseraele le ditlhogo tsa bone le baatlhodi ba bone le bakwaledi ba bone. Ba tla ba eme fa pele ga Modimo.

2 Ke fa Jošua a raya morafe otlhe a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Bogologolo borraeno ba ne ba agile kwa moseja ga noka ya Ferathe, e bong Thara rraagwe Aborahame le rraagwe Nahore, ba direla medimo e sele.

3 Mme ke tsere rraeno Aborahame kwa moseja ga noka ya Ferathe, ka mo tsamaisa mo lefatsheng lotlhe la Kanana, ka atisa losika lwa gagwe, ka mo naya Isaka.

4 Mme Isaka ka mo naya Jakobe le Esau. Ka naya Esau dithaba tsa Seire gore e nne tsa gagwe. Mme Jakobe le bana ba gagwe ba ya kwa Egepeto.

5 Ka roma Moše le Arone, ka betsa Baegepeto jaaka ke dirile mo go bone. Morago ga moo ka lo ntsha teng.

6 Ka ntsha borraeno kwa Egepeto, lwa fitlha fa lewatleng, mme Baegepeto ba latelela borraeno ka dikoloi tsa ntwa le ka bapalami kwa Lewatleng la Motlhaka.

7 Ke fa ba lelelaMoreneng, mme a baya lefifi fa gare ga lona le Baegepeto, a ba nwetsa mo lewatleng, la ba bipa. Matlho a lona a bonye tse ke di diretseng Baegepeto. Jaanong lwa nna mo sekakeng malatsi a mantsi.

8 “ ‘Morago ga moo ka lo isa kwa lefatsheng la Baamori ba ba neng ba agile kwa moseja ga Joretane; ba tlhabana le lona, mme ka ba neela mo diatleng tsa lona, lwa thopa lefatshe la bone, ka ba nyeletsa fa pele ga lona.

9 Ga tsoga Balake morwa Siphore, kgosi ya Moabe, a lwa le Iseraele; a roma a bitsa Bileame morwa Beore gore a lo hutse.

10 Mme ka gana go utlwa Bileame, mo a bileng a lo tshegofatsa; ka lo pholosa jalo mo diatleng tsa gagwe.

11 Mme ya re lo tshela Joretane, lo fitlha kwa Jerigo, beng ba Jerigo ba tlhabana le lona, bone Baamori le Baferesi le Bakanana le Bahethe le Bagiregasi le Bahewi le Bajebusi, mme ka ba neela mo diatleng tsa lona.

12 Ka roma mefu, ya lo etelela pele, ya ba leleka gore ba lo tshabe jaaka dikgosi tse pedi tsa Baamori, e se ka ditšhaka tsa lona le e seng ka mara a lona.

13 Ka lo naya lefatshe le lo sa itapisang ka lone le metse e lo sa e agang; lo nna mo go yona. Lo ja masimo a moweine le ditlhare tsa olefa tse lo sa di jwalang.’

14 “Jaanong he, boifangMorena, lo mo direle ka nnete le ka boikanyego! Tlosang medimo e borraeno ba neng ba e direla kwa moseja ga noka ya Ferathe le kwa Egepeto, lo direleMorena.

15 Mme fa e le bosula mo matlhong a lona go direlaMorena, itlhopheleng kajeno yo lo ratang go mo direla, a medimo e borraeno ba neng ba e direla ba le kwa moseja ga noka ya Ferathe kampo medimo ya Baamori ba lo agileng mo lefatsheng la bone, mme nna le ba lapa la me re tla direlaMorena.”

16 Ke fa morafe o araba o re: “A go nne kgakala le rona go ka tlogelaMorenale go ka direla medimo e sele.

17 GonneMorenake Modimo wa rona; ke ona o o re ntshitseng le borraetsho kwa lefatsheng la Egepeto kwa ntlong ya botlhanka; ke ona o o dirileng ditshupo tse dikgolo tsele mo matlhong a rona; ke ona o o re bolokileng mo tseleng yotlhe e re e tsamaileng le mo merafeng yotlhe e re neng re e raletse.

18 Ke eneMorenayo o lelekileng merafe yotlhe eo le Baamori, baagi ba lefatshe le fa pele ga rona. Le rona re rata go direlaMorena; gonne ke ene Modimo wa rona.”

19 Mme Jošua a raya morafe a re: “Ga lo ne lo kgona go direlaMorena; gonne ene ke Modimo o o boitshepo, ke Modimo o o lefufa; ga o kitla o lo itshwarela ditlolo tsa lona le maleo a lona.

20 Gonne fa lo ka tlogelaMorena, lwa direla medimo e sele, o tla lo fetogela, a lo direla tse di botlhoko, a lo nyeletsa a sena go lo direla tse di molemo.”

21 Mme morafe wa raya Jošua wa re: “Nnyaya, re tla direlaMorena.”

22 Ke fa Jošua a raya morafe a re: “Lona lo itshupela ka losi, fa lo itlhophetseMorenago mo direla.” Ba re: “Ee, re a itshupela.”

23 “Ka moo he tlosang medimo e sele e e mo go lona, mme a dipelo tsa lona di sekamele ka faMoreneng, Modimo wa Iseraele!”

24 Ke fa morafe o raya Jošua o re: “Re tla direlaMorena, Modimo wa rona, re utlwa lentswe la ona.”

25 Jošua a tlhomamisetsa morafe kgolagano ya Modimo jalo ka letsatsi leo, a o beela molao le ngwao kwa Šegeme.

26 Jošua a ba a kwala mafoko ao mo lokwalong lwa molao wa Modimo, a ba a tsaya letlapa le legolo, a le tlhoma teng fa tlase ga setlhare sa eike, se se fa Tempelaneng yaMorena.

27 Mme Jošua a raya morafe otlhe a re: “Bonang, letlapa le e tla nna mosupi ka ga rona; gonne le utlwile mafoko otlhe aMorenaa o a buileng le rona; le gona e tla nna mosupi ka ga lona, e se re gongwe lwa itatola Modimo wa lona.”

28 Ke fa Jošua a naya morafe tsela, mongwe le mongwe a boela kwa legaeng la gagwe.

Loso lwa ga Jošua le lwa ga Eleasare

29 Mme morago ga dilo tseo Jošua morwa Nune motlhanka waMorenaa swa a le dinyaga di le 110.

30 Ba mo fitlha mo nageng ya gagwe kwa Thimenatshera e e kwa dithabeng tsa Eferaime ntlheng ya bokone ya thaba ya Gaaše.

31 Baiseraele ba ne ba direlaMorenaka malatsi otlhe a ga Jošua le ka malatsi otlhe a bagolo ba ba neng ba phela sebaka se seleele sehularong sa ga Jošua, e le ba ba itseng ditiro tsotlhe tsaMorenatse o di diretseng Baiseraele.

32 Le marapo a ga Josefa a Baiseraele ba duleng nao kwa Egepeto ba a fitlha mo Šegeme mo karolong ya tshimo e Jakobe o neng a e rekile mo go bomorwa Hemore rraagwe Šegeme ka dipapetlana tsa madi di le kgolo, a ba a e naya Josefa go nna boswa.

33 Le Eleasare morwa Arone, e rile a swa, ba mo fitlha mo motseng wa Gibea wa ga Phinehase morwawe, o a o filweng kwa dithabeng tsa ga Eferaime.