Metse ya Balefi
1 Jaanong ditlhogo tsa ditshika tsa Balefi tsa atamela kwa go Eleasare moperesiti le kwa go Jošua morwa Nune le kwa ditlhogong tsa ditshika tsa ditso tsa Iseraele
2 tsa bua nabo mo Silo mo lefatsheng la Kanana tsa re: “Morenao laetse ka Moše gore re fiwe metse go nna mo go yona le mafulo a yona a diruiwa tsa rona.”
3 Ke fa Baiseraele ba naya Balefi metse eo le mafulo a yona mo nageng ya bone ka fa taelong yaMorena.
4 Jaanong tengwa ya tswela ditshika tsa ga Kahathe, mme bomorwa Arone moperesiti ba e leng Balefi ba abelwa metse e le 13 ka tengwa mo lotsong lwa ga Juta le lwa ga Simeone le lwa ga Benyamene.
5 Mme ba bangwe ba losika lwa ga Kahathe ba abelwa metse e le some ka tengwa ka fa ditshikeng tsa bone mo lotsong lwa ga Eferaime le lwa ga Dane le lwa bontlhanngwe jwa ga Manase.
6 Ba losika lwa ga Geresone ba abelwa metse e le 13 ka tengwa ka fa ditshikeng tsa bone mo lotsong lwa ga Isašare le lwa ga Asere le lwa ga Nafetale le lwa bontlhanngwe jwa ga Manase kwa Basane.
7 Ba losika lwa ga Merari ba abelwa metse e le 12 ka fa ditshikeng tsa bone mo lotsong lwa ga Rubene le lwa ga Gate le lwa ga Sebulone.
8 Baiseraele ba naya Balefi metse eo le mafulo a yona ka go tlhama tengwa jaakaMorenaa laetse ka Moše.
9 Mo lotsong lwa Bajuta le lwa Basimeone ba ne ba ntsha metse e e tla bolelwang ka maina.
10 Yona ya nna ya bomorwa Arone ba e leng ba ditshika tsa ga Kahathe mongwe wa bomorwa Lefi; gonne tengwa ya ntlha e ne e le ya bone.
11 Bone ba abelwa motse wa ga Areba, rraagwe Enake, o e leng Heberone mo dithabeng tsa Juta le mafulo a ona mo tikologong ya ona.
12 Mme masimo a motse oo le metsana ya ona ba ne ba di neile Kalebe morwa Jefune go nna boswa jwa gagwe.
13 Bomorwa moperesiti Arone ba newa motse wa botshabelo jwa babolai wa Heberone le mafulo a ona le wa Lebena le mafulo a ona
14 le wa Jathire le mafulo a ona le wa Ešethemoa le mafulo a ona
15 le wa Holone le mafulo a ona le wa Debire le mafulo a ona
16 le wa Aine le mafulo a ona le wa Jota le mafulo a ona le wa Betšhemeše le mafulo a ona. Ke metse e e robongwe ya ditso tse pedi tseo.
17 Mo lotsong lwa Benyamene ba newa motse wa Gibeone le mafulo a ona le wa Geba le mafulo a ona
18 le wa Anathothe le mafulo a ona le wa Alemone le mafulo a ona. Ke metse e mene.
19 Metse yotlhe ya bomorwa Arone baperesiti ke metse e le 13 le mafulo a yona.
20 Ba bangwe ba losika lwa ga Kahathe, e bong Balefi ba ditshika tsa bomorwa Kahathe ba abelwa metse ya bone ka tengwa mo lotsong lwa Eferaime
21 Ba newa motse wa botshabelo jwa babolai wa Šegeme le mafulo a ona mo dithabeng tsa Eferaime le wa Gesere le mafulo a ona
22 le wa Kibesaime le mafulo a ona le wa Bethorone le mafulo a ona. Ke metse e mene.
23 Mo lotsong lwa Dane ba newa wa Eletheke le mafulo a ona le wa Gibethone le mafulo a ona
24 le wa Ayalone le mafulo a ona le wa Gathe-Rimone le mafulo a ona. Ke metse e mene.
25 Mo bontlhanngweng jwa lotso lwa Manase ba newa wa Thaenage le mafulo a ona le wa Ibeleame le mafulo a ona.
26 Metse yotlhe ya ditshika tsa Bakahathe ba bangweke e some le mafulo a yona.
27 Bageresone ba e leng ba ditshika tsa Balefi mo bontlhanngweng jwa lotso lwa Manase ba fiwa motse wa botshabelo jwa babolai wa Golane kwa Basane le mafulo a ona le wa Beešethera le mafulo a ona. Ke metse e mebedi.
28 Mo lotsong lwa Isašare ba fiwa wa Kišione le mafulo a ona le wa Daberathe le mafulo a ona
29 le wa Jaremuthe le mafulo a ona le wa Enganime le mafulo a ona. Ke metse e mene.
30 Mo lotsong lwa Asere ba fiwa wa Mišeale le mafulo a ona le wa Abetone le mafulo a ona
31 le wa Helekathe le mafulo a ona le wa Rehobe le mafulo a ona. Ke metse e mene.
32 Mo lotsong lwa Nafetale ba fiwa motse wa botshabelo jwa babolai wa Keteše mo Galelea le mafulo a ona le wa Hamothe-Dore le mafulo a ona le wa Karethane le mafulo a ona. Ke metse e meraro.
33 Metse yotlhe ya Bageresone ka fa ditshikeng tsa bone ke metse e le 13 le mafulo a yona.
34 Mme Balefi ba bangwe gape ba ditshika tsa Bamerari mo lotsong lwa Sebulone ba fiwa wa Jokeneame le mafulo a ona le wa Karetha le mafulo a ona
35 le wa Dimena le mafulo a ona le wa Nahalale le mafulo a ona. Ke metse e mene.
36 Kwa moseja ga Joretane go lebagana le Jerigo mo lotsong lwa Rubene ba fiwa motse wa botshabelo jwa babolai wa Besere le mafulo a ona le wa Jahase le mafulo a ona
37 le wa Ketemothe le mafulo a ona le wa Mefaathe le mafulo a ona. Ke metse e mene.
38 Mo lotsong lwa Gate ba fiwa motse wa botshabelo jwa babolai wa Ramothe kwa Gileate le mafulo a ona le wa Mahanaime le mafulo a ona
39 le wa Hešebone le mafulo a ona le wa Jasere le mafulo a ona. Ke metse e mene mmogo.
40 Metse yotlhe ya Bamerari ka fa ditshikeng tsa bone ba e leng ba ditshika tsa Balefi ba bangwe ke metse e e 12 e ba e bonyeng ka tengwa.
41 Metse yotlhe ya Balefi mo dinageng tsa Baiseraele e ne e le metse e le 48 le mafulo a yona.
42 Motse mongwe le mongwe wa metse eo wa bo o na le mafulo a ona mo tikologong ya ona. Go ne go ntse jalo mo metseng eo yotlhe.
Baiseraele ba tsaya lefatshe lotlhe
43 Morenao ne a naya Baiseraele lefatshe lotlhe jalo le a neng a le ikanetse borraabo go le ba naya. Ba le rua, ba nna mo go lone.
44 Morenaa ba naya boikhutso mo ntlheng tsotlhe fela jaaka a ikanetse borraabo, go se na ope mo babeng botlhe ba bone yo o ka emelanang nabo.Morenaa neela baba botlhe ba bone mo diatleng tsa bone.
45 Ga go a ka ga tlhaela sepe sa tse di molemo tseMorenao neng a di solofeditse Baiseraele. Tsa dirafala tsotlhe.