JOŠUA 3

Baiseraele ba tshela noka ya Joretane

1 Ya re ka moso Jošua a phakela, ene le Baiseraele botlhe, ba tloga kwa Sitime ba fitlha fa Joretane, ba lala gona ba ise ba tshele.

2 Ya re malatsi a le mararo ale a se na go feta, balaodi ba ralala bothibelelo,

3 ba laola morafe ba re: “E re lo bona Letlole la Kgolagano yaMorena, Modimo wa lona, le sikerwe ke baperesiti ba Balefi, le lona lo bolole mafelong a lona, lo le sale morago.

4 Fela a go nne sebaka fa gare ga lona le lone, e ka nna selekanyo sa mabogo a le kete tse pedi. Lo se ka lwa le atamela gore lo tle lo itse tsela e lo tla tsamayang ka yona; gonne ga lo ise lo ke lo sepele mo tseleng e ka gope.”

5 Mme Jošua a raya morafe a re: “Iitshepiseng, gonne kamosoMorenao tla dira dikgakgamatso mo gare ga lona.”

6 Jošua a ba a raya baperesiti a re: “Sikarang Letlole la Kgolagano, lo etelele morafe pele.” Ba le sikara, ba etelela morafe pele.

7 MmeMorenaa raya Jošua a re: “Ka letsatsi la kajeno ke tla simolola go go dira mogolo mo matlhong a Baiseraele botlhe, ba tle ba lemoge gore ke na nao jaaka ke ne ke na le Moše.

8 Mme jaanong o laele baperesiti ba ba sikereng Letlole la Kgolagano o re: ‘E re fa lo tsena mo metsing fa thoko ga Joretane, lo eme mo go ona.’ ”

9 Ke fa Jošua a raya Baiseraele a re: “Atamelang kwano lo utlwe mafoko aMorena, Modimo wa lona.”

10 Jošua a ba a re: “Se lo tla lemogang ka sona gore Modimo o o phelang o mo gare ga lona le gore ruri o tla leleka Bakanana le Bahethe le Bahewi le Baferesi le Bagiregasi le Baamori le Bajebusi fa pele ga lona,

11 ke se: Lo tla bona Letlole la Kgolagano ya Morena wa lefatshe lotlhe le tshela, le lo etelela pele mo Joretane.

12 Jaanong itlhaoleleng banna ba le some pedi mo ditsong tsa Iseraele, lotso longwe le longwe lo ntshe a le mongwe.

13 Mme e tla re dipato tsa dinao tsa baperesiti ba ba sikereng Letlole laMorena, la Morena wa lefatshe lotlhe, di gata mo metsing a Joretane, metsi a Joretane a kgaolwe. Metsi a Joretane a a tswang kwa godimo a tla ema jaaka lobota lo le longwe.”

14 Jaanong morafe wa tloga mo ditenteng tsa ona go tshela Joretane, baperesiti ba ba sikereng Letlole la Kgolagano ba ntse ba eteletse morafe pele.

15 Joretane o ne a tlaletse ruri go penologela mo dintshing ka malatsi aotlhe a thobo. Ya re baperesiti ba ba sikereng Letlole ba fitlha fa Joretane, mme dinao tsa bone di ikina mo metsing a a fa losing,

16 metsi a a fologang kwa godimo a ema, a gogomoga, a nna mokoa o le mongwe kgakala thata kwa motseng wa Atame o o bapileng le wa Sarethane; mme metsi a a fologelang kwa Lewatleng la Sekaka kwa Lewatleng la Letswai a fela, a kgaogela ruri. Jaanong morafe wa tshela o lebaganye le Jerigo.

17 Jaanong baperesiti ba ba sikereng Letlole la Kgolagano yaMorenaba bo ba eme fa go omileng fa gare ga Joretane, Baiseraele botlhe ba ntse ba tshela fa go omileng, ga tsamaya setšhaba sotlhe sa fetsa go tshela Joretane.