JOŠUA 2

Go romiwa batlhodi kwa Jerigo

1 Jošua, morwa Nune, o na a romile banna ba le babedi ba batlhodi mo sephiring go tswa Sitime a re: “Yaang lo tlhole lefatshe le motse wa Jerigo.” Ba ya ba tsena mo ntlong ya mosadi wa seaka yo leina la gagwe e leng Rahabe, ba lala teng.

2 Ke fa kgosi ya Jerigo e begelwa go twe: “Bona, banna ba letse ba tlile mono bosigo, ba tswa kwa Baiseraeleng go tlhola lefatshe le.”

3 Mme kgosi ya Jerigo ya romela kwa go Rahabe ya re: “Ntsha banna ba ba tlileng koo go wena ba ba tsenyeng mo ntlong ya gago; gonne ba tlile go tlhola lefatshe lotlhe le.”

4 Mme mosadi o ne a tsere banna ba babedi bao, a ba fitlhile; a ba a re: “Ka nnete banna bao ba ne ba tla fano go nna, mme ke ne ke sa itse kwa ba tswang teng.

5 Jaanong ya re kgoro e tswalwa ka letlatlana, banna bao ba tswela kwa ntle. Ga ke itse gore ba ile kae. Fela akofang lo ba latele! Lo tla ba tshwara.”

6 Mme ene o ne a ba tlhatloseditse kwa godimo ga ntlo, a ba fitlhile fa tlase ga ditlhaka tsa letseta tsa gagwe tse di tlhatlagantsweng mo godimo ga ntlo.

7 Jaanong banna ba ba latela ka tsela e e yang kwa Joretane go fitlha kwa madibogong. Mme kgoro ya tswalwa balatedi ba bone ba sena go tswela kwa ntle.

8 Mme ya re batlhodi ba ise ba robale, Rahabe a tlhatlogela kwa go bone mo godimo ga ntlo,

9 a raya banna bao a re: “Ke a itse goreMorenao lo neile lefatshe le, le gore therego e re wetse ka lona le jaaka baagi botlhe ba lefatshe le ba nyemile moko, ba lo boifa.

10 Gonne re utlwetse goreMorenao ne a kgadisa metsi a Lewatle la Motlhaka fa pele ga lona, jale fa lo tswa kwa Egepeto le se lo se diretseng dikgosi tse pedi tsa Baamori tse di neng di le kwa moseja ga Joretane, e bong Sihone le Oge, ba lo ba nyeleditseng ka taelo ya Modimo.

11 Mme ya re re utlwa jalo, ra nyema moko, ga se ka ga tlhola go nna le bopelokgale mo go ope go ka lo lwantsha; gonneMorena, Modimo wa lona, ke Modimo kwa godimo mo legodimong le mono tlase mo lefatsheng.

12 Jaanong e re ka ke lo diretse ka bopelotlhomogi, a lo ko lo inkanele gore le lona lo tla direla lelapa la ga rre ka bopelotlhomogi; le gona lo nneele sesupo se se ikanyegang

13 sa gore lo tla lesa rre le mme le bokgaitsadiake le bomorwadia-rre le ba ga gabo botlhe go phela, lo pholosa maphelo a rona mo losong.”

14 Banna bao ba mo raya ba re: “Rona re tla lo emela go ya losong, fa lo sa utlwatse tiro e ya rona. E be e reMorenaa re naya lefatshe le, re go direle ka bopelotlhomogi le ka boikanyo.”

15 Ya baa gona a ba folosang ka thapo, ba tswa ka fenstere; gonne ntlo ya gagwe e ne e tshwaraganye le lobota lwa motse, a agile fa loboteng.

16 A ba raya a re: “Yaang kwa dithabeng, e se re gongwe ba ba ileng go lo batla ba kgatlhana le lona, lo be lo iphitlhe teng malatsi a le mararo go tsamaya balatedi ba lona ba be ba boe. Morago ga moo lo ka wela mo tseleng ya lona.”

17 Mme banna bao ba mo raya ba re: “Re tla bo re bofologile maikanong a gago a o a re ikanisitseng, fa o sa dire jaana:

18 Bona, e re re tla mo lefatsheng le, o gokelele thapo e ya ditlhale tse dikhibidu mo fenstereng e o re folositseng ka yona, o phuthele rraago le mmaago le bokgaitsadio le botlhe ba lapa la ga rraago kwano go wena mo ntlong e.

19 Jaanong mongwe le mongwe yo o tla tswelang kwa ntle, a tswa mo mojakong wa ntlo ya gago, fa a bolawa, e tla nna molato wa gagwe, rona re se na molato; fela mongwe le mongwe yo o tla bong a na nao mo ntlong e, fa a ka tshwarwa ka letsogo, a bolawa, e tla nna molato wa rona.

20 Mme fa o ka utlwatsa tiro e ya rona, re tla bo re bofologile maikanong a gago a o a re ikanisitseng.”

21 Ke fa mosadi a re: “A go nne jalo ka fa lo buileng ka teng!” A ba a ba naya tsela, ba tsamaya. Jaanong a gokelela thapo e khibidu mo fenstereng.

22 Mme bone ba ya ba fitlha kwa dithabeng, ba tlhola teng malatsi a le mararo go tsamaya balatedi ba be ba boa. Balatedi ba ne ba ba batlile mo tseleng yotlhe, mme ba se ka ba ba bona.

23 Jaanong banna ba babedi bao ba boa, ba fologa mo dithabeng, ba tshela noka ba fitlha kwa go Jošua morwa Nune, ba mmolelela tsotlhe tse di ba dirafaletseng.

24 Ba raya Jošua ba re: “Ruri,Morenao neetse lefatshe lotlhe mo diatleng tsa rona; le gona baagi botlhe ba lefatshe leo ba nyemile moko ba a re tshaba.”