NUMERI 34

Melelwane ya lefatshe la Kanana

1 Morenaa ba a bua le Moše a re:

2 “Laela Baiseraele o ba ree o re: ‘E tla re lo sena go tsena mo lefatsheng la Kanana, e nne loneboswa jwa lona, e bong lefatshe la Kanana ka fa melelwaneng ya lone.

3 Ntlha ya borwa ya lona a e bape le naga ya Etomo go tloga kwa sekakeng sa Tsine; molelwane wa lona wa borwa o simologe kwa mafelelong a Lewatle la Letswai ntlheng ya botlhabatsatsi.

4 Jaanong molelwane wa lona o thelele fa Phateng-ya-Diphepheng, o e pote ntlheng ya borwa, o fetele kwa Tsine, o be o felele ntlheng ya borwa ya Kateše-Barenea, o be o fetele kwa Hasare-Atare le kwa Asemone.

5 Kwa Asemone molelwane wa lona o thelele go ya kwa nokaneng ya Egepeto, o be o khutle fa lewatleng.

6 “ ‘Mme molelwane wa lona wa bophirimatsatsi a e nne lewatle le legolo, e bong losi lwa lone; a lone e nne molelwane wa lona wa bophirimatsatsi.

7 “ ‘Molelwane wa lona wa bokone e nne o: Lo itshegele molelwane go tloga kwa lewatleng le legolo go ya kwa thabeng ya Hore.

8 Lo sege molelwane go tloga kwa thabeng ya Hore go ya fa go tsenwang mo nageng ya Hamathe; molelwane o be o felele kwa Setate.

9 Molelwane o be o fetele kwa Siferone, o khutle kwa Hasare-Enane. A e nne ona molelwane wa lona wa bokone.

10 “ ‘Lo be lo itshegele molelwane wa lona wa botlhabatsatsi go tloga kwa Hasare-Enane go ya kwa Sefame.

11 Molelwane o be o fologele kwa Ribela ntlheng ya botlhabatsatsi ya Aine go tloga kwa Sefame; molelwane o be o fologe, o ame dithota tsa letsha la Khinerethentlheng ya botlhabatsatsi.

12 Molelwane o be o fologele kwa Joretane, o khutle kwa Lewatleng la Letswai. A e nne lone lefatshe la lona ka fa melelwaneng ya lone tikologong’ ”.

13 Mme Moše a laela Baiseraele a re: “Ke lone lefatshe le lo tshwanetseng go le kgaogana ka tengwa gore e nne la lona, leMorenao laetseng go le naya ditso di le 9 le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase.

14 Gonne lotso lwa Barubene ka fa dikgotleng tsa bone le lotso lwa Bagate ka fa dikgotleng tsa bone le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase ba setse ba amogetse boswa jwa bone.

15 Ditso tse pedi le bontlhanngwe jwa lotso ba amogetse boswa jwa bone ka kwano ga Joretane go lebagana le Jerigo ntlheng ya botlhabatsatsi.”

Bagogi ba ba tshwanetseng go kgaoganya lefatshe

16 Morenaa ba a raya Moše a re:

17 “Maina a banna ba ba tshwanetseng go lo kgaoganya lefatshe boswa ke a: Ke moperesiti Eleasare le Jošua morwa Nune.

18 Gape lo tsee kgosana e le nngwe ya lotso longwe le longwe go kgaoganya lefatshe boswa.”

19 Maina a banna bao ke a:

Ke Kalebe morwa Jefune,

wa lotso lwa ga Juta

20 le Semuele morwa Amihute,

wa lotso lwa Basimeone

21 le Elitate morwa Khiselone,

wa lotso lwa ga Benyamene

22 le kgosana Bukhi morwa Jogeli,

wa lotso lwa Badane

23 le kgosana Haniele morwa

Efote, wa lotso lwa Bamanase,

boora Josefa

24 le kgosana Kemuele

morwa Sifetane,

wa lotso lwa Baeferaime

25 le kgosana Elisafane

morwa Pharenage,

wa lotso lwa Basebulone

26 le kgosana Phaletiele

morwa Asane, wa lotso lwa

Baisašare

27 le kgosana Ahihute morwa

Selomi, wa lotso lwa Baasere

28 le kgosana Phetahele

morwa Amihute, wa lotso lwa

Banafetale.

29 Ke bao baMorenao ba laetseng go kgaoganya Baiseraele boswa mo lefatsheng la Kanana.