NUMERI 32

Barubene le Bagate le bontlhanngwe jwa Bamanase ba abelwa boswa kwa moseja ga Joretane

1 Barubene le Bagate ba ne ba na le diruiwa tse dintsi thata thata. Jaanong ya re ba bona lefatshe la Jasere le lefatshe la Gileate, ba fitlhela golo foo e le felo ga diruiwa.

2 Ke fa Bagate le Barubene ba tla, ba raya Moše le moperesiti Eleasare le bagolo ba phuthego ba re:

3 “Kwa Atarothe le Dibone le Jasere le Nimera le Hešebone le Eleale le Sebame le Nebo le Beone–

4 lone lefatshe leMorenaa le thopileng fa pele ga phuthego ya Baiseraele – ke lefatshe la diruiwa, mme batlhanka ba gago ba na le diruiwa.”

5 Ba be ba re: “Fa re bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, a lefatshe leo le newe batlhanka ba gago go nna boswa, mme o se ka wa re tshedisa noka ya Joretane.”

6 Mme Moše a fetola Bagate le Barubene a re: “A e ka re ba ga lona ba ya kwa ntweng, lona lwa itulela fa?

7 Ke ka ntlha ya eng fa lo tentsha dipelo tsa Baiseraele gore ba se ka ba tshelela kwa lefatsheng leMorenao le ba neileng?

8 Kana le borraeno ba dirile jalo, jale fa ke ba roma go tswa kwa Kateše-Barenea go ya go tlhola lefatshe.

9 Ya re ba sena go ya go fitlha kwa nokaneng ya Ešekole le go tlhola lefatshe, ba boa ba tentsha dipelo tsa Baiseraele, mo ba bileng ba gana go ya go tsena kwa lefatsheng leMorenao le ba neileng.

10 Ka sebaka seleMorenaa tuka bogale, a ikana a re:

11 ‘Ruri, banna ba ba bolotseng kwa Egepeto go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone ga ba kitla ba bona naga e ke e ikanetseng Aborahame le Isaka le Jakobe, ka ba se ka ba ntshala morago ka botlalo,

12 fa e se Kalebe morwa Jefune, Mokenisi le Jošua morwa Nune; gonne ba setseMorenamorago ka botlalo.’

13 Morenaa ba a tukela Baiseraele bogale, a ba kgarakgatsha kwa sekakeng dinyaga di le 40 ga tsamaya losika lotlhe lo lo dirileng bosula mo matlhong aMorenalwa ba lwa felelela.

14 “Jaanong lona lo tsogile lo le mo boemong jwa borraalona, lo le bana ba baleofi; jaanong lo rata go okeletsa Baiseraele bogale jo bo tukang jwaMorenagape.

15 Fa lo ikepa mo go ene, o ka ba sadisa sebaka gape mo sekakeng, mme lwa senyetsa morafe otlhe o.”

16 Ba mo atamela ba re: “Fano re rata go aga maraka a difutshane a diruiwa tsa rona le metse ya bana ba rona fela.

17 Mme rona ka rosi re tla tlhomela ka pele, re etelela Baiseraele pele go ya re be re ba fitlhise kwa mannong a bone. Fela bana ba rona ba tla sala mo metseng e e femetsweng ka ntlha ya baagi ba lefatshe.

18 Ga re kitla re boela kwa malapeng a rona, mongwe le mongwe wa Baiseraele a ise a amogele boswa jwa gagwe.

19 Gonne ga re rate go rua nabo kwa moseja ga Joretane le kwa pele; gonne boswa jwa rona bo re wetse ka kwano ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi.”

20 Moše a ba raya a re: “Fa lo ka dira ka fa lefokong leo, lwa tlhomela fa pele gaMorenago ya ntweng,

21 mme mongwe le mongwe wa lona yo o tlhometseng a tshela Joretane fa pele gaMorenago ya a be a leleke baba ba gagwe fa pele ga gagwe,

22 le lefatshe le be le thopiwa fa pele gaMorena, lo bo lo boa morago ga moo, gona lo tla bo lo se na molato fa pele gaMorenale Baiseraele, mme lefatshe leno e tla nna boswa jwa lona fa pele gaMorena.

23 Mme fa lo sa dire jalo, gona lo leofelaMorena, mme lo tla lemoga petso ya boleo jwa lona e e tla lo welang.

24 Ikageleng he metse ya bana ba lona le maraka a difutshane tsa lona, lo dire ka fa lo buileng ka teng.”

25 Bagate le Barubene ba araba Moše ba re: “Batlhanka ba gago ba tla dira jaaka go laetse mong wa rona.

26 Bana ba rona le basadi ba rona ba tla nna teng mo metseng ya Gileate le diruiwa tsotlhe tsa rona.

27 Mme batlhanka ba gago, botlhe ba ba tlhometseng go bolola fa pele gaMorenaba tla fetela kwa ntweng jaaka mong wa rona a buile.”

28 Ke fa Moše a laela moperesiti Eleasare le Jošua morwa Nune le ditlhogo tsa dikgotla tsa ditso tsa Baiseraele ka ga bone.

29 Moše a ba raya a re: “Fa Bagate le Barubene ba ka tshela Joretane le lona, ba tlhomeletse ntwa botlhe fa pele gaMorena, lefatshe la ba la thopiwa ke lona, gona lo ba nee lefatshe la Gileate go nna boswa.

30 Mme fa ba sa tshele le lona ba tlhometse, gona a ba nne mo gare ga lona kwa lefatsheng la Kanana.”

31 Bagate le Barubene ba araba ba re: “TseMorenao di laetseng batlhanka ba gago re tla di dira.

32 Re tla tshelela kwa lefatsheng la Kanana fa pele gaMorenare tlhometse, mme boswa jwa rona jwa naga bo ntse bo le ka kwano ga Joretane.”

33 Bagate le Barubene le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase morwa Josefa Moše a ba naya jalo naga ya bogosi jwa ga Sihone kgosi ya Baamori le ya bogosi jwa ga Oge kgosi ya Basane, e bong lefatshe le metse ya lone le dinaga tsa yona le metse ya lefatshe tikologong.

34 Ke fa Bagate ba aga Dibone le Atarothe le Aroere

35 le Aterothe-Sofane le Jasere le Jogebeha

36 le Bethe-Nimera le Betharane, ya nna metse e e femetsweng le maraka a difutshane.

37 Barubene ba aga Hešebone le Eleale le Khiriathaime

38 le Nebo le Baale-Meone – maina a fetotswe – le Sibema; ba be ba taya metse e ba e agileng maina a bone.

39 Bomorwa Magire oora Manase ba ya kwa Gileate, ba thopa naga ya teng, ba leleka Baamori ba ba neng ba le gona.

40 Ke fa Moše a naya Bamagire oora Manase naga ya Gileate, mme ba nna mo go yona.

41 Jaire oora Manase a ya a thopa metsana ya bone ya ditente, a e bitsa metsana ya ditente ya ga Jaire.

42 Noba a ya a thopa motse wa Kenathe le metsana ya teng, a o taya leina la gagwe Noba.