TSHENOLO 14

Kwana le bagololwi ba yona mo thabeng ya Sione

1 Jaanong ka bona Kwana e eme mo thabeng ya Sione, e na le batho ba le 144 000, ba go kwadilweng leina la yona le leina la ga Rraa-yona mo diphatleng tsa bone.

2 Ka be ka utlwa lentswe le tswa kwa legodimong, e kete ke mosumo wa metsi a magolo le tumo e kgolo ya maru; lentswe le ke le utlwileng la bo le ntse jaaka la baletsi ba diharepa ba ba letsang diharepa tsa bone.

3 Ba opela sefela se sešwa fa pele ga sedulo sa bogosi le fa pele ga diphedi tse nne le fa pele ga bagolo; mme ga bo go se ope yo o ka ithutang sefela seo, fa e se batho ba ba 144 000 ba ba golotsweng mo lefatsheng.

4 Bao ke bone ba ba sa ikgotlelang ka basadi; ka gonne ba ntse jaaka makgarebe. Bao ke bone ba ba latelang Kwana kwa e ka yang teng. Ke ba ba rekolotsweng mo gare ga batho gore ba nne mabutswapele a Modimo le a Kwana.

5 Mme ga go a bonwa maaka ape mo melomong ya bone. Ga ba na molato ope.

Baengele ba ba bolelang katlholo ya Modimo

6 Ka bona moengele yo mongwe a fofa fa gare ga legodimo, a na le Efangele e e sa khutleng go e bolelela ba ba agileng mo lefatsheng, e bong ditšhaba tsotlhe le ditso le dipuo le merafe.

7 A bua ka lentswe le legolo a re: “Boifang Modimo, lo o obegele; ka gonne nako ya katlholo ya ona e tsile; lo obamele ona o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.”

8 Moengele yo mongwe, e le wa bobedi, a tla morago ga yoo, a re: “O ole, o ole, Babilone yo mogolo yo o nositseng Baditšhaba botlhe bojalwa jo bo bogale jwa boaka jwa gagwe.”

9 Moengele yo mongwe, e le wa boraro, a tla morago ga bao, a bua ka lentswe le legolo a re: “Fa mongwe a obamela sebata le setshwantsho sa sona, a ba a amogela letshwao mo phatleng gongwe mo seatleng,

10 o tla nna le go nwa bojalwa jo bo sa timolwang jwa bogale jwa Modimo jo bo tshetsweng mo senwelong sa bogale jwa ona; o tla tlhokofadiwa ka molelo le sebabole fa pele ga baengele ba ba boitshepo le fa pele ga Kwana.

11 Musi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga go ya bosakhutleng; ga ba na boikhutso bosigo le motshegare, e bong bone ba ba obamelang sebata le setshwantsho sa sona, le mongwe le mongwe yo o amogelang letshwao la leina la sona.”

12 Foo go batlega boitshoko jwa baitshepi ba ba tshegetsang ditaolo tsa Modimo le tumelo mo go Jesu.

13 Ke fa ke utlwa lentswe le tswa kwa legodimong le re: “Kwala o re: Go sego baswi ba ba swelang mo Moreneng go tloga jaanong.”

Mowa o a re: “Ee, ba tla bona boikhutso morago ga matsapa a bone; ka gonne ditiro tsa bone di ba setse morago.”

Thobo ya mabele le phulo ya moweine

14 Jaanong ka bona leru le lesweu le tla, mme mo lerung go ntse mongwe yo o tshwanang le Morwa-Motho, a rwele serwalo sa gouta mo tlhogong, a tshotse sekele e e bogale ka seatla.

15 Moengele yo mongwe a tswa mo Tempeleng, a tlhaeletsa ene yo o ntseng mo lerung a re: “Tsenya sekele ya gago, o robe; gonne nako ya thobo e tsile, mabele a lefatshe a setse a budule thata.”

16 Ke fa yo o ntseng mo lerung a tsenya sekele ya gagwe mo lefatsheng, lefatshe la rojwa.

17 Moengele yo mongwe a tswa mo Tempeleng e e mo legodimong, le ene a tshotse thipa e e bogale.

18 Moengele yo mongwe a tswa kwa aletareng, a na le thata mo molelong, a tlhaeletsa yo o tshotseng thipa e e bogale a re: “Tsenya thipa e e bogale ya gago, o kgaole masitlha a moweine wa lefatshe, ka gonne maungo a ona a budule.”

19 Moengele a tsenya thipa ya gagwe mo lefatsheng, a kgaola masitlha a moweine wa lefatshe, a a latlhela mo segatelong se segolo sa bogale jwa Modimo.

20 Jaanong segatelo sa gatelwa kwa ntle ga motse, madi a tswa mo segatelong, a fitlha kwa marapong a dipitse, bokgakala jwa dimaele di le makgolo a mabedi.