Boitshekiso ka molora wa kgomo e khunwana
1 Morenaa ba a raya Moše le Arone a re:
2 “Taelo ya molao ke e, eMorenaa e laetseng a re: Raya Baiseraele gore ba go tsisetse kgomo e khunwana e e itekanetseng e e se nang bogole e e iseng e rwale joko.
3 Lo e neele Eleasare moperesiti, mme e ntshediwe kwa ntle ga bothibelelo, e tlhajwe fa pele ga gagwe.
4 Jaanong Eleasare moperesiti a tabole madi a yona ka monwana, a be a a kgatshetse gasupa ntlheng ya mojako wa Tente ya Boipontsho.
5 Jaanong kgomo e fisiwe fa pele ga matlho a gagwe, e bong letlalo la yona le nama ya yona le madi a yona, di fisiwe mmogo le moswang wa yona.
6 Moperesiti a be a tsee logong lwa mosetere le mosiama le lesela la bohibidu jwa madi, a di latlhele mo gare ga molelo o o fisang kgomo.
7 Moperesiti a be a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mmele ka metsi; morago ga moo o ka tsena mo bothibelelong, mme moperesiti o tla nna a itshekologile go fitlha maitsiboa.
8 Le yo o e fisitseng a tlhatswe diaparo tsa gagwe ka metsi, a tlhape mmele ka metsi; o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.
9 Jaanong a monna yo o itshekileng a ole molora wa kgomo eo, a o tshele mo felong fa go itshekileng kwa ntle ga bothibelelo gore o bolokelwe phuthego ya Baiseraele, o tlhakanngwe le metsi a a tlhatswang boitshekologo. Ke wa setlhabelo sa boleo.
10 Le yo o odileng molora wa kgomo a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a be a itshekologe go ya maitsiboeng. A e nne molao o o nnelang ruri wa Baiseraele le wa baeng ba ba jakang mo gare ga bone go re:
Go ama moswi
11 “Yo o amang moswi, le fa e le setoto sa motho ofe, o tla bo a itshekologile malatsi a supa.
12 A a tlhape boleo ka ona molora ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa, foo o tla itsheka. Mme fa a sa tlhape boleo ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa ga a kitla a itsheka.
13 Mongwe le mongwe yo o amang moswi, e bong setoto sa motho yo o suleng, mme a sa tlhape boleo joo, o itshekolotse Tempelana yaMorena. A motho yoo a nyelediwe mo Baiseraeleng. E re ka metsi a a tlhatswang boitshekologo a se ka a kgatshiwa mo go ene, o tla nna a itshekologile. Boitshekologo jwa gagwe bo sa ntse bo le mo go ene.
14 “Molao ke o: Fa motho a swela mo tenteng, foo botlhe ba ba tsenang mo go yona le ba ba leng mo go yona ba tla bo ba itshekologile malatsi a supa.
15 Le dijana tsotlhe tse di sa khurumelwang ka dikhurumelo tse di bofeletsweng mo go tsona di itshekologile.
16 Le mongwe le mongwe yo o amang motho kwa nageng yo o bolailweng ka tšhaka gongwe setoto se sengwe gongwe sefifi sa moswi gongwe phupu o tla bo a itshekologile malatsi a supa.
17 “Mme yo o itshekologileng jalo, a ba bangwe ba mo tabolele molora wa setlhabelo seo sa boleo se se fisitsweng, ba tshele metsi a a elang mo go ona o le mo pitseng.
18 Jaanong monna yo o itshekileng a tsee mosiama, a o ine mo metsing, a be a kgatshe tente le dilo tsotlhe tsa yona le batho ba ba neng ba le teng le ene yo o amileng sefifi gongwe yo o bolailweng gongwe setoto gongwe phupu.
19 Yo o itshekileng a a kgatshe yo o itshekologileng ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa, a mo tlhatswe boleo ka letsatsi la bosupa. Jaanong a yo o neng a itshekologile a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape ka metsi; foo o tla bo a itshekile maitsiboa.
20 “Mme fa motho yo o itshekologileng a sa tlhape boleo, gona a motho yoo a nyelediwe mo phuthegong. Gonne o itshekolotse Felo-ga-Boitshepo gaMorena, mme metsi a a tlhatswang boitshekologo ga a a ka a kgatshiwa mo go ene; o itshekologile.
21 A e nne molao mo go bone o o nnelang ruri. Mme yo o neng a kgatsha metsi a a tlhatswang boitshekologo a tlhatswe diaparo tsa gagwe. Yo o ka amang metsi a a tlhatswang boitshekologo o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.
22 Le tsotlhe tse yo o itshekologileng a di amang di tla itshekologa. Le motho yo o mo amang o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.”