Tiro ya baperesiti le Balefi
1 JaanongMorenaa raya Arone a re: “Wena le bomorwao le ba lotso lwa ga rraago lo tla rwala molato wa tse di ka leofelwang Felo-ga-Boitshepo, mme wena le bomorwao lo tla rwala molato, fa lo ka leofela boperesiti jwa lona.
2 Mme le ba ga eno ba lotso lwa ga Lefi, ba lotso lwa ga rraago o ba atametse gore ba ikopanye nao, ba go direle, fa wena le bomorwao lo ntse lo le tirelong fa pele ga Tente ya Tshupo.
3 A ba tlhokomele tirelo ya gago le tirelo ya Tente yotlhe; fela ba se ka ba atamela dilo tse di mo Tenteng e e Boitshepo le aletare, ka go re ba ka swa bone le lona.
4 A ba ikopanye nao, ba tlhokomele tirelo ya Tente ya Boipontsho, e bong tsotlhe tse di dirwang kwa Tenteng, mme go se ka ga atamela o sele kwa go lona.
5 Lo tlhokomele tirelo ya Felo-ga-Boitshepo le ya aletare gore bogale jwa Modimo bo se ka jwa tlhola bo wela Baiseraele.
6 Bona, ke nna ka nosi ke tsereng ba ga eno, e bong Balefi mo gare ga Baiseraele, ka ba lo naya, ba neetsweMorenagore ba dire tsa tirelo ya Tente ya Boipontsho.
7 Mme wena le bomorwao lo tlhokomele boperesiti jwa lona mo dilong tsotlhe tsa aletare le tsa ka fa teng ga lesire lo direle teng. Ke lo naya boperesiti e le tirelo e lo e fiwang. O sele yo o ka atamelang o tshwanetse go bolawa.”
Dikabelo tsa baperesiti
8 Morenaa ba a raya Arone a re: “Bona, ke nna ka nosi ke go fileng tse di sadisiwang tsa diabe tsa me, e bong tsa dineo tsotlhe tse Baiseraele ba di isang kwa Felong-ga-Boitshepo; ke di go file go nna kabelo ya gago le bomorwao go nna tshiamelo e e nnelang ruri.
9 Se e tla nnang sa gago ke se se sa fisiweng sa dineo tse di boitshepotshepo, e bong dineo tsotlhe tsa bone tsa ditshupelo tsa dijo le tsa ditlhabelo tsa boleo le tsa ditlhabelo tsa molato tse ba di ntlisetsang e le tefa; ke tsona tse di boitshepotshepo tsa gago le bomorwao.
10 Lo di jele fa Felong fa go Boitshepotshepo. Ba batonanyana botlhe ba ka di ja. A e nne tse di boitshepo mo go wena.
Dikabelo tsa baperesiti
11 “Se le sona e tla nnang sa gago ke diabe tsa dineo tse dingwe tsa bone, e bong tsa ditshupelo tsa kgadikanyo tsotlhe tsa Baiseraele; ke di file wena le bomorwao le bomorwadio e le tshiamelo e e nnelang ruri. Botlhe ba ba itshekileng mo lapeng la gago ba ka di ja.
12 “Ke go file diabe tsa lookwane lo lontle lotlhe le tsa matute a moweine a a monate otlhe le tsa mabele a a pila otlhe, e bong tse di gaisang ka molemo tsa tsona, tse ba di neelangMorena.
13 Mabutswapele a tsotlhe tsa lefatshe la bone a ba tla a tsisetsangMorenae tla nna a gago; botlhe ba ba itshekileng mo lapeng la gago ba ka a ja.
14 “Tsotlhe tse di itshepiseditsweng Modimo mo Baiseraeleng e tla nna tsa gago.
15 “Maitibolo a nama yotlhe a ba a tsisetsangMorena, a batho le a diruiwa e tla nna a gago. Fela o letlelele leitibolo la motho go rekololwa; o be o letlelele leitibolo la seruiwa se se sa itshekang go rekololwa.
16 Fa e le thekololo ya lone, o le letlele go rekololwa le le kgwedi le go feta ka fa o le kayang tlhwatlhwa ka teng ka selefera ya dišekele di le tlhano, e le šekele ya Felo-ga-Boitshepo, yona e na le digera di le 20.
17 Fela leitibolo la kgomo gongwe la nku gongwe la podi, o se ka wa letlelela gore le rekololwe; ke maitibolo a Felo-ga-Boitshepo. Kgatsha madi a ona mo aletareng, o be o tshube mafura a ona, e le tshupelo ya molelo ya monko o o monate moMoreneng.
18 Dinama tsa ona e nne tsa gago; e tla nna tsa gago jaaka sehuba sa kgadikanyo le serope sa le le jang.
19 “Diabe tsotlhe tsa dineo tse di boitshepo tse Baiseraele ba di kgethelangMorenake di file wena le bomorwao le bomorwadio, e le tshiamelo e e nnelang ruri. Ke kgolagano ya letswai e e sa khutleng fa pele gaMorenae e diretsweng wena le losika lwa gago.”
20 Morenaa ba a raya Arone a re: “O se ka wa rua boswa kwa lefatsheng la bone le e seng go nna le kabelo mo gare ga bone; ke nna kabelo ya gago le boswa jwa gago mo gare ga Baiseraele.
Dikabelo tsa Balefi
21 “Bona, ke neile Balefi dikarolo tsotlhe tsa lesome mo Baiseraeleng go nna boswa jwa bone ka ntlha ya tirelo ya bone e ba e dirang kwa Tenteng ya Boipontsho.
22 A Baiseraele ba se tlhole ba atamela kwa Tenteng ya Boipontsho; ba ka tla ba ithwesa molato, ba swa.
23 Mme a Balefi ba dire tsa tirelo ya Tente ya Boipontsho gore fa go ka nna molato, o rwalwe ke bone. Ke molao o o nnelang ruri mo ditshikeng tsa bone. A ba se ka ba rua boswa mo gare ga Baiseraele.
24 Gonne dikarolo tsa lesome tsa Baiseraele tse ba di kgethelangMorenake tsona ke di neileng Balefi go nna boswa jwa bone. Ke ka moo ke ba reileng ka re, ba se ka ba rua boswa mo gare ga Baiseraele.”
Kabelo ya Lesome ya Balefi
25 Morenaa ba a bua le Moše a re:
26 “Bua le Balefi o ba ree o re: ‘E ne e re fa lo tsaya dikarolo tsa lesome mo Baiseraeleng tse ke di lo neileng di tswa mo go bone tse e leng boswa jwa lona, lo ntsha seabe saMorenamo go tsona, e bong karolo ya lesome mo go ya lesome.
27 Mme lo tla balelwa lekgetho la lona jaaka la mabele a seboana a batho ba bangwe le jaaka la phulo e e tletseng ya setlhotlhelo.
28 Le lona lo ntshe lekgetho laMorenajalo mo dikarolong tsa lesome tsotlhe tsa lona tse lo di amogelang mo Baiseraeleng. Lekgetho leo laMorenale le tswang mo go tsona lo le neele moperesiti Arone.
29 Lo ntshe lekgetho le le tletseng laMorenamo dineong tsotlhe tse lo di fiwang; a e nne tse di siameng go feta tsotlhe, e le neo e e boitshepo e e tswang mo go tsona.’
30 O be o ree o re: ‘Fa lo ntsha tse di siameng tsa tsona mo go tsona, tse di setseng a e nne tsa Balefi jaaka thobo e e kwa seboaneng le jaaka letlotlo le le kwa setlhotlhelong tsa batho ba bangwe.
31 Lo ka di jela mo felong gongwe le gongwe, lona le ba malapa a lona; gonne ke tuelo ya lona ya tirelo ya lona kwa Tenteng ya Boipontsho.
32 Fa lo ntsha tse di siameng tsa tsona, ga lo ne lo ithwesa boleo ka ntlha ya tsona, lo sa itshepolole dineo tse di boitshepo tsa Baiseraele, mme ga lo ka ke lwa swa.’ ”