Moferefere wa morafe
1 Ke fa phuthego yotlhe e tlhatlosa mantswe e goa, mme morafe wa lala o lela bosigo joo.
2 Baiseraele botlhe ba ngongoregela Moše le Arone, phuthego yotlhe ya ba raya ya re: “Bogolo re ka bo re swetse kwa lefatsheng la Egepeto! Kampo ra swela mo sekakeng seno!
3 Morenao re isetsang kwa lefatsheng leo gore re ye go swa ka tšhaka, mme basadi ba rona le bana ba rona e nne thopo? A ga go botoka gore re boele kwa Egepeto?”
4 Ba be ba raana ba re: “A re itlhomeleng moetapele, re boele kwa Egepeto!”
5 Mme Moše le Arone ba wela fa fatshe ka difatlhego fa pele ga phuthego yotlhe ya Baiseraele e e phuthegileng.
6 Mme Jošua morwa Nune le Kalebe morwa Jefune, ba e leng ba lesomo le le tswang go tlhola lefatshe, ba ikgagola diaparo,
7 ba raya phuthego yotlhe ya Iseraele ba re: “Lefatshe le re neng re le raletse go le sekaseka ke lefatshe le le molemo thata thata.
8 FaMorenaa re itumelela, o tla re fitlhisa kwa lefatsheng leo, a le re naya; ke lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.
9 Fela lo se rukhutlhegelengMorena, le gona lo se ka lwa boifa batho ba lefatshe leo; gonne re tla ba metsa. Phemelo ya bone e tlogile mo go bone, mme ronaMorenao na le rona. Se ba boifeng!”
10 Jaanong ya re phuthego yotlhe e re e ba kgobotletsa ka majwe, kgalalelo yaMorenaya bonalela Baiseraele botlhe kwa Tenteng ya Boipontsho.
Moše o rapelela morafe
11 Morenaa ba a raya Moše a re: “Batho ba, ba tla nnyatsa goleele go le kae? Ba tla khutla leng go sa dumeleng mo go nna, etswe ba bonye ditshupo tsotlhe tse ke di dirileng mo gare ga bone?
12 Ke tla ba bolaya ka leroborobo, ke ba nyeletsa, mme wena ke tla go dira morafe o mogolo, o o thata bogolo go bone.”
13 Mme Moše a rayaMorenaa re: “Baegepeto ba ka tla ba utlwa; gonne o ntshitse morafe o mo gare ga bone ka thata ya gago.
14 Le gona go ka bolelelwa baagi ba lefatshe la Kanana. Ba utlwile gore wenaMorenao mo gare ga morafe o, le gore wenaMorenao iponatsa go lebagantswe difatlhego le gore leru la gago le ba okame le gore o ba etelela pele ka pinagare ya leru motshegare le ya molelo bosigo.
15 Jaanong fa o ka bolaya morafe o jaaka monna a le mongwe, foo baheitane ba ba utlwetseng tumo ya gago ba tla bua ba re:
16 ‘E re kaMorenaa paletswe ke go fitlhisa morafe o kwa lefatsheng le a le ba ikanetseng, o ba bolaetse mo sekakeng.’
17 Jaanong he, a thata ya Morena e ke e nne kgolo jaaka o buile wa re:
18 ‘Morenao pelotelele, o letlotlo la boutlwelo-botlhoko, o itshwarela molato le tlolo, mme ga a lese ope fela a sa mmetse, mme o beletsa bana tshiamololo ya borraabo go ya losikeng lwa boraro le lwa bone.’
19 A ko o itshwarele molato wa morafe o ka fa bogolong jwa bopelotlhomogi jwa gago, jaaka o ne o ntse o itshwarela morafe o go tloga kwa Egepeto go fitlha fano.”
20 Morenaa araba a re: “Ke ba itshwaretse jaaka o kopile.
21 Fela ruri, ka botshelo jwa me le ka lefatshe lotlhe le tla tlala kgalalelo yaMorena:
22 Ruri, banna botlhe ba ba bonyeng kgalalelo ya me le ditshupo tsa me tse ke di dirileng kwa Egepeto le mo sekakeng, mme ba ntekile gasome, ba gana go utlwa lentswe la me,
23 ga ba kitla ba bona lefatshe le ke le ikanetseng borraabo; botlhe ba ba nnyaditseng ga ba kitla ba le bona.
24 Mme Kalebe motlhanka wa me, e re ka a na le mowa o sele, a ntshetse morago ka botlalo, ke tla mo fitlhisa kwa lefatsheng le o tswang go tsena mo go lone, mme ba losika lwa gagwe ba tla le rua.
25 Baamaleke le Bakanana ba agile mo lebaleng. Kamoso lo retologe, lo bolole go ya kwa sekakeng ka tsela e e yang kwa Lewatleng la Motlhaka.”
Morena o watlhaya Baiseraele
26 Morenaa ba a raya Moše le Arone a re:
27 “Phuthego e e bosula e, e tla nna e nngongoregela go fitlha leng? Dingongorego tsa Baiseraele tse ba sa bolong go nngongoregela ka tsona ke di utlwile.
28 Ka moo o ba ree o re: ‘Ka botshelo jwa me! Go buaMorena. Ruri, ke tla lo direla fela jaaka lo buile mo ditsebeng tsa me:
29 Direpa tsa lona di tla namalala mo sekakeng se, e bong botlhe ba ba badilweng ba lona ka fa palong yotlhe ya lona go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone ba lo nngongoregetseng.
30 Ruri, ga lo kitla lo tsena mo lefatsheng le ke le tsholeleditseng letsogo la me, ka ikana go lo agisa mo go lone, fa e se Kalebe morwa Jefune le Jošua morwa Nune.
31 Mme bana ba lona ba lo rileng ba tla nna thopo, ke bone ke tla ba fitlhisang gore ba rue lefatshe le lo le nyaditseng.
32 Mme lona, direpa tsa lona di tla namalala mo sekakeng se.
33 Bana ba lona ba tla nna badisa mo sekakeng dinyaga di le 40, ba rwala boikepo jwa lona go tsamaya direpa tsa lona di be di felelela mo sekakeng.
34 Ka fa palong ya malatsi a soma mane a lo tswang go tlhola lefatshe ka ona, – lo tla rwala ditshiamololo tsa lona dinyaga di le 40 gore lo tle lo itse ka fa ke emelanang le lona ka teng.’
35 NnaMorenake buile jalo; ruri, phuthego yotlhe e e bosula e, e e golaganetseng go lwa le nna, ke tla e direla jalo. Ba tla nyelela mo sekakeng seno, ba swela teng.”
36 Mme banna ba Moše o neng a ba romile go ya go tlhola lefatshe, ba ba fetileng ba ngongoregisa phuthego yotlhe ka ga gagwe ka go bua dilo tse di bosula ka ga lefatshe,
37 banna bao ba ba buileng dilo tse di bosula ka ga lefatshe ba swela fa pele gaMorenaka petso.
38 Mme Jošua morwa Nune le Kalebe morwa Jefune, ba ba neng ba na le banna ba ba tswang go tlhola lefatshe, bona ba phela.
Baiseraele ba ya Kanana, ba fenngwa
39 Ya re Moše a bolelela Baiseraele botlhe mafoko ao morafe wa hutsafala thata.
40 Mo mosong ba phakela, ba tlhatlogela kwa godimo ga thaba, ba re: “Re fano, a re yeng kwa felong faMorenaa buileng ka ga gona; gonne re leofile.”
41 Mme Moše a re: “Lo tlolelang taolo yaMorena? Go tlile go pala.
42 Se bololeng, gonneMorenaga a na le lona. Lo tla bolawa ke baba ba lona.
43 Gonne Baamaleke le Bakanana ba teng fa pele ga lona, mme lo tla swa ka tšhaka; e re ka lo tlhanogetseMorena, ga a kitla a nna le lona.”
44 Mme ba ikgogomosa ba re ba tlhatlogela kwa dithabeng; fela Letlole la Kgolagano la se ka la suta go tswa mo bothibelelong le e seng Moše.
45 Ke fa Baamaleke le Bakanana ba ba neng ba agile mo dithabeng tseo ba fologa ba ba bolaya, ba ba phatlalatsa go ya go fitlha kwa Horema. Mme ba boela kwa bothibelelong.