Batlhodi ba sekaseka lefatshe la Kanana
1 Morenaa ba a raya Moše a re:
2 “Roma banna gore ba sekaseke lefatshe la Kanana le ke tla le nayang Baiseraele; lo rome monna a le mongwe wa lotso longwe le longwe lwa borraabo ba e leng dikgosana botlhe.”
3 Moše a ba roma ka taelo yaMorenaba le kwa sekakeng sa Pharane; banna botlhe e le ditlhogo tsa Baiseraele.
4 Maina a bone ke a:
Ke Samua morwa Sakhure,
wa lotso lwa ga Rubene,
5 le Safate morwa Hori,
wa lotso lwa ga Simeone,
6 le Kalebe morwa Jefune,
wa lotso lwa ga Juta,
7 le Igale morwa Josefa,
wa lotso lwa ga Isašare,
8 le Hosea morwa Nune,
wa lotso lwa ga Eferaime,
9 le Phaleti morwa Rafu,
wa lotso lwa ga Benyamene,
10 le Gadiele morwa Sodi,
wa lotso lwa ga Sebulone,
11 le Gadi morwa Susi,
wa lotso lwa ga Manase,
wa lotso lwa ga Josefa,
12 le Amiele morwa Gemadi,
wa lotso lwa ga Dane,
13 le Sethure morwa Migaele,
wa lotso lwa ga Asere,
14 le Nagebi morwa Wofsi,
wa lotso lwa ga Nafetale,
15 le Guele morwa Magi,
wa lotso lwa ga Gate.
16 Ke ona maina a banna ba Moše a ba romileng go tlhola lefatshe. Mme Hosea morwa Nune Moše a mmitsa Jošua.
17 Ya re Moše a ba roma go sekaseka lefatshe la Kanana, a ba laela a re: “Go tloga fano lo le tsene nageng ya borwa, lo be lo tlhatlogele kwa dithabeng,
18 lo bone lefatshe gore le ntse jang, le batho ba ba agileng mo go lone gore a ba thata gongwe ba bokoa, a ke ba se kae fela kampo ba bantsi;
19 le ka fa lefatshe le ntseng ka teng, le ba agileng mo go lone gore a le siame gongwe ga le a siama, le gore metse e ntse jang e ba nnang mo go yona, a ke metlaagana fela gongwe metse e e femetsweng;
20 le ka fa mmu wa lefatshe o ntseng ka teng gore a o bogale gongwe o boi; le gore a ditlhare di teng mo go lone gongwe ga di yo, mme lo nne pelokgale, lo tle le maungo mangwe a lefatshe.” E ne e le ka sebaka sa mabutswapele a moweine.
21 Ba bolola ba ya go tlhola lefatshe go tloga kwa sekakeng sa Tsine go ya go fitlha kwa Rehobe fa tseleng e e yang kwa Hamathe.
22 Ba ya kwa nageng ya borwa, ba fitlha kwa Heberone, teng go le Ahimane le Sesai le Thalemai, boora Enake. Motse wa Heberone e ne e le dinyaga di supa o ntse o agilwe pele ga motse wa Soane kwa Egepeto.
23 Ba be ba fitlha kwa molatswaneng wa Ešekole, teng ba kgaola kala e e nang le lesitlha le le lengwe la maungo a moweine, ya sikarwa ke ba le babedi ka thobane. Ba be ba fula digaranata tse dingwe le difeie.
24 Felo foo ga bidiwa Molatswana wa Ešekoleka ntlha ya lesitlha le Baiseraele ba le kgaotseng teng.
25 Ya re ba sena go tlhola lefatshe malatsi a le 40 ba boa.
26 Ba ya ba fitlha kwa go Moše le Arone le phuthegong yotlhe ya Baiseraele kwa sekakeng sa Pharane kwa Kateše, ba ba bolelela tsa kwa ba tswang le phuthego yotlhe, ba ba bontsha maungo a lefatshe.
27 Ba feta ba bolela ba re: “Re tswa go fitlha kwa lefatsheng le o re romileng kwa go lone. Ka nnete, le ela mašwi le dinotshe. Maungo a lone ke a.
28 Mme fela, batho ba ba agileng mo lefatsheng ba thata le metse e femetswe, e bile e megolo thata; le gona re bonye mekaloba teng.
29 Baamaleke ba agile mo nageng ya borwa ya lefatshe; Bahethe le Bajebusi le Baamori ba agile kwa dithabeng; Bakanana ba agile fa lewatleng le fa thoko ga Joretane.”
30 Mme Kalebe a didimatsa morafe o o ngongoregelang Moše a re: “A re yeng, re le thope; ruri, re tla le fenya.”
31 Fela banna ba bangwe ba ba neng ba ile nae ba re: “Ga re ka ke ra kgona go bololela morafe ole, gonne o re feta ka thata.”
32 Ba bolelela Baiseraele dilo tse di bosula ka ga lefatshe le ba neng ba ile go le tlhola ba re: “Lefatshe le re neng re le raletse go le sekaseka ke lefatshe le le jang baagi ba lone ka dintwa. E bile morafe otlhe o re o bonyeng mo go lone ke banna ba baleele.
33 Le gona re bonye mekaloba teng, e bong Baenake, boora mekaloba. Ra iphitlhela re tshwana le tsie fela; le bone ba ne ba re lebile jalo.”