Ngongorega ya morafe le petso ya teng
1 Mme morafe o ne o ngongoregela tlalelo mo ditsebeng tsaMorena. Ya reMorenaa utlwa, a ba tukela bogale, mme molelo waMorenawa tuka mo go bone, wa fisa bothibelelo mo dithoko.
2 Ke fa batho ba lelela go Moše. Moše a rapelaMorena. Molelo wa tima.
3 Ba taya felo foo leina la Thabera;gonne molelo waMorenao ne o tukile teng mo go bone.
Moše o tlhopha bagolo ba le 70
4 Mme batho ba e leng masele ba ba neng ba le mo go bone, ba ineela mo dikeletsong. Le Baiseraele ba lela gape ba re: “Ke mang yo o tla re jesang nama?
5 Re gopola ditlhapi tse re neng re di ja fela kwa Egepeto, le diphare le magapu le dipepere le dikwii le dikonofole.
6 Mme jaanong mewa ya rona e ngoseletse. Ga go na sepe. Matlho a rona a lebile Mmana fela.”
7 Jaanong Mmana o ne o tshwana le kungwa ya moretlhwa, ponalo ya ona e tshwana le boroku.
8 Batho ba ne ba tsamayatsamaya ba o sela, ba o sila ka lelwala, gongwe ba o setla mo dikikeng, ba o apaya mo dipitseng, ba be ba dira dinkgwe ka ona; moutlwalo wa ona o ne o tshwana le wa dikuku tsa lookwane.
9 E ne ya re monyo o wela mo bothibelelong bosigo, Mmana o wele mo go jona.
10 Jaanong ya re Moše a utlwa batho ba lela ka fa ditshikeng tsa bone, mongwe le mongwe kwa mojakong wa tente ya gagwe,Morenaa tuka bogale thata, mme ga sulafalela Moše.
11 Ke fa Moše a rayaMorenaa re: “O tlhokofaletsang motlhanka wa gago? Ke eng fa ke sa bone bopelotlhomogi mo matlhong a gago, mo o nthwesitseng morwalo ka morafe otlhe o?
12 A ke nna ke imileng morafe otlhe o? Kampo a ke nna ke o tsetseng, fa o nthaya o re, ke ba belege, ke be ke ba amuse jaaka mmelegi a belege lesea, ke ba ise kwa nageng e o e ikanetseng borraabo.
13 Ke tla tsaya nama kae e nka e nayang morafe otlhe o? Gonne ba lelela go nna ba re: ‘Re fe nama gore re je.’
14 Ga ke kgone go belega morafe otlhe o ke le nosi, gonne o a mpalela.
15 Fa o rata go dira jalo ka nna, mpolae bogolo, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago gore ke se tlhole ke bona pogisego ya me.”
16 Ke faMorenaa raya Moše a re: “Mphuthele banna ba le 70 mo batsofeng ba Iseraele, ba o ba itseng, fa e le bagolo ba morafe le baokamedi ba ona, o ba biletse kwa Tenteng ya Boipontsho, ba eme gona nao.
17 Ke tla fologa, ke bua nao teng, ke tsaya mowa o o tshwanang le o o mo go wena, ke o baya mo go bone gore ba go rwadise morwalo wa morafe o, mme o se o rwale o le wesi fela.
18 Mme morafe ò o ree o re: ‘Iitshepisetseng kamoso, foo lo tla ja nama; gonne lo ledile mo ditsebeng tsaMorenalwa re: Ke mang yo o tla re jesang nama? Gonne re ne re phela monate kwa Egepeto. Ka mooMorenao tla lo naya nama gore lo je.
19 Ga lo ne lo ja letsatsi le le lengwe fela le e seng malatsi a le mabedi le e seng a le matlhano le e seng a le some le some le e seng a le 20,
20 mme lo tla ja kgwedi yotlhe go tsamaya e be e lo tlapele, e lo tene. Ka gonne lo latlhileMorenayo o mo gare ga lona, lwa lela fa pele ga gagwe lwa re: Re ne re hudugelang kwa Egepeto?’ ”
21 Moše a fetola a re: “Ke batho ba le 600 000 ba dinao ba ke nang nabo, mme wena o a re, o tla ba naya nama gore ba je kgwedi yotlhe!
22 A ba tla tlhabelwa difutshane le dikgomo gore go ba lekane? Kampo ba tla tshwarelwa ditlhapi tsotlhe tsa lewatle gore di ba lekane?”
23 MmeMorenaa raya Moše a re: “A letsogo laMorenale a tlhaela? Jaanong o tla bona, fa lefoko la me le go dirafalela gongwe nnyaya.”
24 Ke fa Moše a tswela kwa ntle a bolelela morafe mafoko aMorena, a phutha banna ba le 70 mo batsofeng ba morafe, a ba emisa mo tikologong ya Tente.
25 Ya baa gonaMorenaa fologang a le mo lerung a bua nae, a ba a tsaya mowa o o tshwanang le o o mo go ene, a o baya mo banna-bagolong ba le 70. Jaanong ya re ba sena go tsenwa ke Mowa, ba bua jaaka baporofeti, mme ba se ka ba dira gape.
26 Mme banna bagolo ba le babedi ba ne ba setse kwa bothibelelong, leina la mongwe e ne e le Eletate, la yo mongwe e le Metate. Le bone ba tsenwa ke Mowa. Gonne ba ne ba kwadilwe mmogo, mme ba se ka ba tswela kwa Tenteng. Ba ne ba bua jaaka baporofeti mo bothibelelong.
27 Ke fa mosimane a taboga a begela Moše a re: “Eletate le Metate ba bua jaaka baporofeti mo bothibelelong.”
28 Jaanong Jošua morwa Nune, modiredi wa ga Moše go tloga bokaung jwa gagwe, a simolola go bua a re: “Mong wa me, Moše, ba thibele!”
29 Mme Moše a mo raya a re: “A o ntwela ka lefufa? E kete morafe otlhe waMorenae ka bo e le baporofeti,Morenaa bo a tsentse Mowa wa gagwe mo go bone!”
30 Moše a ba a boela kwa bothibelelong, a na le bagolo ba Iseraele.
Morena o tlisa maphurrwana
31 Jaanong ga tswa phefo kwaMoreneng, ya tlisa maphurrwana a tswa ntlheng ya lewatle, ya a gasetsa mo bothibelelong, a tlala ntlheng tsotlhe tsa bothibelelo mo go kana ka leeto la letsatsi mo ntlheng eno le mo go kana ka leeto la letsatsi ntlheng ele, a fofa mabogo a le mabedi godimo ga lefatshe.
32 Jaanong batho ba nanoga ba phutha maphurrwana letsatsi lotlhe leo le bosigo jotlhe le letsatsi lotlhe la kamoso. Yo go neng go twe: Ga a a phutha sepe, o ne a phuthile dihomere di le 10. Mme ba a ikanegela mo tikologong ya bothibelelo.
33 Mme e rile nama e sa ntse e le mo ganong e ise e tlhafunwe,Morenaa tukela morafe bogale;Morenaa ba a bolaya bontsi mo morafeng ka petso e kgolo.
34 Felo foo ga tewa leina la Diphupu-tsa-bohula. Gonne teng go fitlhilwe batho ba ba neng ba ineetse mo bohuleng.
35 Morafe wa ba wa bolola kwa Diphupung-tsa-bohula, wa ya kwa Haserothe, wa nna teng.