Ba ba itshekologileng ba ntshiwa mo bothibelelong
1 Morenaa ba a raya Moše a re:
2 “Laela Baiseraele gore ba ntshe balepero botlhe mo bothibelelong le botlhe ba ba tshologang madi a bolwetse le botlhe ba ba itshekologileng ka moswi.
3 Le fa e le banna gongwe basadi, lo ba ntshe; lo ba ntshetse kwa ntle ga bothibelelo gore ba se ka ba itshekolola bothibelelo jwa bone kwa ke agileng teng mo gare ga lona.”
4 Baiseraele ba dira jalo, ba ba ntshetsa kwa ntle ga bothibelelo. Baiseraele ba dira jaakaMorenaa boleletse Moše.
Go lefa molato
5 Morenaa ba a raya Moše a re:
6 “Bua le Baiseraele o re: ‘Fa monna gongwe mosadi a dirile sebe sengwe se se tleng se dirwe ke batho ka go leofelaMorenaka boikanyologo, motho yoo o na le molato;
7 a ba ipobole dibe tsa bone tse ba di dirileng, mme yo o sentseng a lefe molato wa gagwe ka botlalo, a be a oketse karolo ya botlhano ya ona, a nee ene yo a mo senyeditseng.
8 Mme fa a se na wa ga gaboyo o ka lefiwang molato oo, gona a tefa eo e lefelweMorena, e neelwe moperesiti, kwa ntle ga phelehu ya thuanyo e moperesiti o tla mmatlelang boitshwarelo ka yona.
9 Le seabe sengwe le sengwe sa dineo tsotlhe tse di boitshepo tsa Baiseraele tse ba di isetsang moperesiti a e nne sa gagwe.
10 Le dineo tse di boitshepo tsa mongwe le mongwe e tla nna tsa gagwe; se motho a se abelang moperesiti a e nne sa gagwe.’ ”
Tshupelo ya lefufa le metsi a a rogakilweng
11 Morenaa ba a raya Moše a re:
12 “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘Fa mosadi wa monna mongwe a fapoga, a mo leofela ka boikanyologo,
13 mme monna yo mongwe a kopana nae ka mmele, mme go fitlhegela matlho a monna wa gagwe, mme mosadi a sa lemogiwe, le fa mosadi a iitshekolotse tota, mme go se na mosupi yo o ka mo supang, a sa tshwarwa,
14 jaanong fa monna a tsenwa ke mowa wa lefufa, a fufegela mosadi wa gagwe, ka mosadi a iitshekolotse, gongwe a tsenwa ke mowa wa pelaelo, a belaelela mosadi wa gagwe, le fa mosadi a sa iitshekolola:
15 Gona a monna a ise mosadi wa gagwe kwa go moperesiti, a be a ise neo ya tshupelo ya mosadi e e batlegang ka ntlha ya gagwe, e bong karolo ya lesome ya efa ya bupe jwa garase; a se ka a tshela lookwane mo go jona, le e seng go baya tsa maswalo mo go jona; gonne ke tshupelo ya dijo ya lefufa, ke tshupelo ya go gakolola e e gopotsang Modimo molato.
16 “ ‘Mme moperesiti a atametse mosadi, a mo emise fa pele gaMorena.
17 Moperesiti a be a ge metsi a a boitshepo ka sejana sa letsopa, a be a tabole lerole le le fa fatshe mo Taberenakeleng, a le tsenye mo metsing.
18 Jaanong moperesiti a emise mosadi fa pele gaMorena, a bofolele moriri wa tlhogo wa mosadi, a bee tshupelo ya kgopotso e e leng tshupelo ya lefufa mo diatleng tsa gagwe, moperesiti a ntse a tshotse metsi a a tlholelang motho botlhoko.
19 Moperesiti a be a ikanele mosadi, a mo ree a re: Fa monna yo mongwe a sa lala nao, o sa fapoga ka itshekologo ka go thelelela monna wa gago, gona metsi a a tlholelang motho botlhoko ga a kitla a go direla petso.
20 Mme fa o fapogile ka boaka o ntse o le fa tlase ga monna wa gago; fa o iitshekolotse, mme monna yo mongwe a ikopanya nao kwa ntle ga monna wa gago –
21 gona a moperesiti a ikanele mosadi ka ikano ya khutso, a ree mosadi a re: Foo aMorenaa go dire yo o hutsitsweng, yo o tlholetsweng botlhoko mo morafeng wa ga eno;Morenaa dire gore letheka la gago le tlhorege le mpa ya gago e buduloge.
22 A metsi a a tlholang botlhoko a tsene mo matennye a gago go go budulosa mpa le go go tlhorisa letheka. Mme mosadi a a re: A go nne jalo! A go nne jalo!
23 “ ‘Moperesiti a be a kwale dikhutso tseo mo pampiring, a be a di phimolele mo metsing a a tlholang botlhoko.
24 A be a nose mosadi metsi a a tlholelang motho botlhoko gore metsi ao a tsene mo go ene go dira botlhoko jo bo galakang.
25 Jaanong moperesiti a tsee tshupelo ya lefufa mo seatleng sa mosadi, a e kgadikanye fa pele gaMorena, a be a e bee mo aletareng.
26 A moperesiti a tabole bupe jwa tshupelo bo tletse seatla e le jo bo fisiwang, a bo tshubele mo aletareng. Morago ga moo a nose mosadi metsi ale.
27 Jaanong e tla re fa a sena go mo nosa metsi, fa mosadi a iitshekolotse a diretse monna wa gagwe ka boikanyologo, gona metsi a a tlholang botlhoko a tla tsena mo go ene go dira botlhoko jo bo galakang, mme mpa ya gagwe e tla buduloga le letheka la gagwe le tla tlhorega, mme mosadi yoo o tla nna sekao sa thogako mo morafeng wa ga gabo.
28 Fela fa mosadi a sa iitshekolola a le phepa, ga a kitla a bona petso, mme o tla fiwa bana.
29 “ ‘Ke ona molao wa lefufa, fa mosadi a fapoga ka boaka a ntse a le fa tlase ga monna wa gagwe, a iitshekolola;
30 gongwe fa monna a tsenwa ke mowa wa lefufa, a fufegela mosadi wa gagwe. Foo a a emise mosadi jalo fa pele gaMorena, mme moperesiti a direle mosadi ka fa molaong otlhe o.
31 Monna ene o tla bo a se na molato, mme mosadi o tla rwala molato wa gagwe.’ ”