NUMERI 3

Bomorwa Arone

1 Boora Arone le Moše mo sebakeng seMorenao buileng le Moše kwa thabeng ya Sinai ka sona ke ba:

2 Maina a bomorwa Arone ke a: Ke Natabe, morwawe wa ntlha le Abihu le Eleasare le Ithamare.

3 Ke ona maina a bomorwa Arone baperesiti ba ba tloditsweng, ba tlhomiwa gore ba dire tsa boperesiti.

4 Mme Natabe le Abihu ba ne ba swa fa pele gaMorena, ka ba ne ba tlisitse molelo o sele fa pele gaMorenakwa sekakeng sa Sinai. Ba ne ba se na bomorwa. Mme Eleasare le Ithamare ba sala ba dira tsa boperesiti, ba okametswe ke Arone rraabo.

Balefi ke badiredi ba baperesiti

5 Morenao ne a bua le Moše a re:

6 “Atametsa ba lotso lwa ga Lefi, o ba bee fa pele ga Arone moperesiti gore ba mo direle,

7 ba tlhokomele tsa tirelo ya gagwe le ya phuthego yotlhe fa pele ga Tente ya Boipontsho, ba dire tsa tirelo ya Taberenakele.

8 Ba tlhokomele didiri tsotlhe tsa Tente ya Boipontsho le tsa tirelo ya Baiseraele go dira tsa tirelo ya Taberenakele.

9 Balefi o ba neele Arone le bomorwawe; o ba abetswe ke Baiseraele.

10 Mme Arone le bomorwawe o ba tlhome gore ba tlhokomele boperesiti jwa bone. Fa o sele a ka atamela boperesiting, a a bolawe.”

11 Morenaa ba a raya Moše a re:

12 “Bona, nna ka nosi ke tsere Balefi, ka ba ntsha mo Baiseraeleng mo boemong jwa maitibolo otlhe a a tsalwang pele ke Baiseraele gore Balefi e nne ba me.

13 Gonne maitibolo otlhe ke a me; ka letsatsi le ke bolaileng maitibolo otlhe kwa lefatsheng la Egepeto ka lone ke iitshepiseditse maitibolo otlhe mo Iseraeleng a batho le a diruiwa gore e nne a me, nnaMorena.”

Balefi ba a balwa

14 Morenaa ba a raya Moše kwa sekakeng sa Sinai a re:

15 “Bala Balefi ka fa dikgotleng tsa bone le ka fa ditshikeng tsa bone; ba batonanyana botlhe go simolola ka ba kgwedi e le nngwe le bomogoloa-bone o ba bale.”

16 Moše a ba bala ka fa taelong yaMorena, jaaka a laetswe.

17 Bomorwa Lefi ka maina a bone e ne e le Geresone le Kahathe le Merari.

18 Maina a bomorwa Geresone ka fa ditshikeng tsa bone ke Lebeni le Simei.

19 Bomorwa Kahathe ka fa ditshikeng tsa bone ke Amerame le Isehare le Heberone le Usiele.

20 Bomorwa Merari ka fa ditshikeng tsa bone ka Magedi le Muši. Ke tsona ditshika tsa ga Lefi ka fa dikgotleng tsa bone.

21 Boora Geresone ke losika lwa Balebeni le losika lwa Basimei. Ke tsona ditshika tsa Bageresone.

22 Ba ba badilweng ba bone ka fa palong ya ba batonanyana botlhe go simolola ka ba kgwedi e le nngwe le bomogoloa-bone, fa palo e kopana, ke ba le 7 500.

23 A ba ditshika tsa Bageresone ba thibelele ka fa morago ga Taberenakele ntlheng ya bophirimatsatsi.

24 Kgosana ya kgotla ya Bageresone ke Eliasafe morwa Laele.

25 Tshwanelo ya boora Geresone kwa Tenteng ya Boipontsho ke go tlhokomela Taberenakele le tente le thulelo le sebipo sa mojako wa Tente ya Boipontsho

26 le masela a a lepeletseng a logora lwa lelapa le sebipo sa kgoro ya lelapa le le mo tikologong ya Taberenakele le aletare le megala ya lone le tiro yotlhe ya teng.

27 Boora Kahathe ke losika lwa Baamerame le losika lwa Baisehare le losika lwa Baheberone le losika lwa Bausiele. Ke tsona ditshika tsa Bakahathe.

28 Ba ba badilweng ba bone ka fa palong ya ba batonanyana botlhe go simolola ka ba kgwedi e le nngwe le bomogoloa-bone ke ba le 8 600. Ba tlhokomela tirelo ya Felo-ga-Boitshepo.

29 A ba ditshika tsa Bakahathe ba thibelele ka fa lotlhakoreng lwa borwa lwa Taberenakele.

30 Kgosana ya kgotla ya ditshika tsa Bakahathe ke Elisafane morwa Usiele.

31 Tshwanelo ya bone ke go tlhokomela Letlole le tafole le setlhomo le dialetare le didiri tsa Felo-ga-Boitshepo tse ba direlang ka tsona le lesire la Felo-ga-Boitshepotshepo le tiro yotlhe ya teng.

32 Tlhogo ya dikgosana tsa Balefi ke Eleasare morwa Arone, moperesiti; ke ene mookamedi wa ba ba tlhokomelang tirelo ya Felo-ga-Boitshepo.

33 Boora Merari ke losika lwa Bamagedi le losika lwa Bamuši. Ke tsona ditshika tsa Bamerari.

34 Ba ba badilweng ba bone ka fa palong ya ba batonanyana botlhe go simolola ka ba kgwedi e le nngwe le bomogoloa-bone ke ba le 6 200.

35 Kgosana ya kgotla ya ditshika tsa Bamerari ke Suriele morwa Abigaile; a ba thibelele ka fa lotlhakoreng lwa bokone lwa Taberenakele.

36 Boora Merari ba ne ba laetswe go tlhokomela dipati tsa Taberenakele le mephakarego ya yona le maotwana a yona le ditlhako tsa yona le didiri tsotlhe tsa teng le tiro yotlhe ya teng

37 le maotwana a lelapa tikologong le ditlhako tsa ona le dimapo tsa ona le megala ya ona.

38 Ba ba thibelelang fa pele ga Tente ya Boipontsho ntlheng ya botlhabatsatsi ke Moše le Arone le bomorwawe ba ba tlhokomelang tirelo ya Felo-ga-Boitshepo, e bong tirelo e e tshwanetseng Baiseraele. Mme fa o sele a atamela a a bolawe.

39 Botlhe ba ba badilweng ba Balefi ba ba badilweng ke Moše le Arone ka fa taelong yaMorena, ba batonanyana botlhe go simolola ka ba kgwedi e le nngwe le bomogoloa-bone ke ba le 22 000.

Balefi ba tsaya maemo a batsalwapele

40 MmeMorenaa raya Moše a re: “Bala ba batonanyana botlhe ba e leng batsalwapele ba Baiseraele go simolola ka ba kgwedi e le nngwe le bomogoloa-bone, o tsee palo ya maina a bone.

41 Mme nnaMorenao ntseele Balefi mo boemong jwa bomorwa Baiseraele botlhe ba ba tsetsweng pele le diruiwa tsa Balefi mo boemong jwa maitibolo otlhe a diruiwa tsa Baiseraele.”

42 Ke fa Moše a bala bomorwa Baiseraele botlhe ba ba tsetsweng pele jaakaMorenaa mo laetse.

43 Jaanong ba batonanyana botlhe ba ba tsetsweng pele ka fa palong ya maina go simolola ka ba kgwedi e le nngwe le bomogoloa-bone, ka fa ba badilweng ka teng ba ne ba le 22 273.

Balefi ba tsaya maemo a batsalwapele

44 Morenaa ba a raya Moše a re:

45 “Tsaya Balefi mo boemong jwa bomorwa Baiseraele botlhe ba ba tsetsweng pele le diruiwa tsa Balefi mo boemong jwa diruiwa tsa bone gore Balefi e nne ba me; ke nnaMorena.

46 Fa e le tlhwatlhwa ya kgololo ya ba le 273 ba batsalwapele ba Baiseraele ba ba fetang palo ya Balefi,

47 o tsee dišekele di le tlhano boemong jwa tlhogo ya motho, o tsee dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo: šekele ke digera di le 20.

48 Mme madi ao o a nee Arone le bomorwawe e le a kgololo ya ba ba fetileng palo ya Balefi mo go bone.”

49 Ke fa Moše a tsaya madi a kgololo mo go ba ba fetang palo ya ba ba golotsweng ke Balefi ka go ba emela.

50 A tsaya madi a dišekele di le 1 365 tsa Felo-ga-Boitshepo mo go bomorwa Baiseraele ba ba tsetsweng pele.

51 Mme madi ao a kgololo Moše a a naya Arone le bomorwawe ka faMorenaa mo laetseng ka teng.