NUMERI 2

Thulaganyo ya ditso mo bothibelelong

1 Morenaa ba a raya Moše le Arone a re:

2 “E re fa Baiseraele ba thibelela, mongwe le mongwe a nne fa sefokeng sa ga gabo le fa ditshupong tsa kgotla ya ga gabo; a ba thibelele mo tikologong ya Tente ya Boipontsho, ba lebagane nayo.

3 “Ba ba tla thibelelang ntlheng ya botlhabatsatsi ke ba sefoka sa bothibelelo jwa ga Juta ka fa mephatong ya bone. Kgosana ya Bajuta ke Nasone morwa Aminatabe.

4 Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone, ke ba le 74 600.

5 Ba ba tla thibelelang go bapa nae ke lotso lwa ga Isašare. Kgosana ya Baisašare ke Nethanele morwa Suare.

6 Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 54 400.

7 Le lotso lwa ga Sebulone. Kgosana ya Basebulone ke Eliabe morwa Helone.

8 Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba gagwe ke ba le 57 400.

9 Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Juta ke ba le 186 400 ka fa mephatong ya bone. Ba tshwanetse go bolola pele.

10 “Ba sefoka sa bothibelelo jwa ga Rubene ba nne ntlheng ya borwa ka fa mephatong ya bone. Kgosana ya Barubene ke Elisure morwa Seteure.

11 Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba gagwe ke ba le 46 500.

12 Ba ba tla thibelelang go bapa nae ke lotso lwa ga Simeone. Kgosana ya Basimeone ke Sedumiele morwa Surišatai.

13 Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 59 300.

14 Le lotso lwa ga Gate. Kgosana ya Bagate ke Eliasafe morwa Rehuele.

15 Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 45 650.

16 Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Rubene ke ba le 151 450 ka fa mephatong ya bone. Ke bone ba mephato ya bobedi ba ba bololang.

17 “Jaanong go tloge Tente ya Boipontsho le bothibelelo jwa Balefi fa gare ga mathibelelo a mangwe. Ba bolole jaaka ba thibelela, mongwe le mongwe a le mo mannong a gagwe ka fa difokeng tsa bone.

18 “Ba sefoka sa bothibelelo jwa ga Eferaime ba nne ntlheng ya bophirimatsatsi ka fa mephatong ya bone. Kgosana ya Baeferaime ke Elisama morwa Amihute.

19 Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 40 500.

20 Ba ba tla thibelelang go bapa nae ke lotso lwa ga Manase. Kgosana ya Bamanase ke Gamaliele morwa Phetasure.

21 Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 32 200.

22 Le lotso lwa ga Benyamene. Kgosana ya Babenyamene ke Abitane morwa Giteoni.

23 Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 35 400.

24 Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Eferaime ke ba le 108 100 ka fa mephatong ya bone. Ke bone ba mephato ya boraro ba ba bololang.

25 “Ba sefoka sa bothibelelo jwa ga Dane ba nne ntlheng ya bokone ka fa mephatong ya bone. Kgosana ya Badane ke Ahiesere morwa Amisatai.

26 Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 62 700.

27 Ba ba tla thibelelang go bapa nae ke lotso lwa ga Asere. Kgosana ya Baasere ke Phagiele morwa Ogorane.

28 Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 41 500.

29 Le lotso lwa ga Nafetale. Kgosana ya Banafetale ke Ahira morwa Enane.

30 Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 53 400.

31 Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Dane ke ba le 157 600. Ke bone ba bofelo ba ba bololang ka fa difokeng tsa bone.

32 Ke bao ba ba badilweng ba Baiseraele ka fa dikgotleng tsa bone. Botlhe ba ba badilweng ba mathibelelo ka fa mephatong ya bone ke ba le 603 550.”

33 Mme Balefi ba se ka ba balelwa mo Baiseraeleng jaakaMorenaa ne a laetse Moše.

34 Baiseraele ba dira fela jaakaMorenaa laetse Moše: Ba thibelela jalo ka fa difokeng tsa bone, ba bolola jalo, mongwe le mongwe ka fa losikeng lwa gagwe fa kgotleng ya ga gabo.