Melao ka ga Meletlo e megolo
1 Morenaa ba a raya Moše a re:
2 “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘Dipaka tsa Meletlo yaMorenatse lo tshwanetseng go di kua go nna dikgobokano tse di boitshepo, e bong dipaka tsa meletlo ya me ke tse:
3 Tiro a e dirwe ka malatsi a marataro, mme letsatsi la bosupa ke la Sabata la boikhutso jo bo tletseng ke la pitso e e boitshepo yaMorena. Lo se ka lwa dira tiro epe ka lone. Ke la Sabata laMorenamo mafelong otlhe kwa lo nnang teng.
4 Dipaka tsa meletlo yaMorenatsa go phuthegela kwa Felong-ga-Boitshepo tse lo tshwanetseng go di kua ka dinako tsa tsona ke tse:
Paseka
5 “ ‘Ka kgwedi ya ntlha e le 14 maitsiboa ke Tlolaganyo yaMorena.
6 Mme ka letsatsi la 15 la kgwedi eo ke Moletlo waMorenawa dinkgwe tse di sa bedisiwang; lo je dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa.
7 Ka letsatsi la ntlha go nne kgobokano e e boitshepo ya lona ya Moletlo, lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone.
8 Lo fisetseMorenaditlhabelo malatsi a supa. Letsatsi la bosupa ke la kgobokano e e boitshepo ya Moletlo. Lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone.’ ”
9 Morenaa ba a raya Moše a re:
10 “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re lo sena go fitlha kwa lefatsheng le ke tla le lo nayang, mme lo roba thobo ya lona, gona lo ise ngata ya ntlha ya mabutswapele a lona kwa go moperesiti.
11 Ene a kgadikanye ngata eo fa pele gaMorenagore lo kgatlheMorenaka yona. Moperesiti a e kgadikanye ka letsatsi le le tlhomaganang le la Sabata.
12 Mme ka letsatsi le lo kgadikanyang ngata eo ka lone lo direleMorenasetlhabelo sa phiso sa kwana e e se nang bogole ya ngwaga o le mongwe
13 mmogo le tshupelo ya dijo ya sona, e bong ya dikarolo tse pedi tsa some tsa efa ya bupe jo bo boleta, bo tlhakantswe le lookwane e le tshupelo ya molelo yaMorenae e nkgang monate le tshupelo ya noo ya teng ya weine ya karolo ya bone ya hina.
14 Lo se ka lwa ja senkgwe le dipabe tsa letlhafula pele ga letsatsi leo, pele lo ise lo tlise tshupelo ya Modimo wa lona. Ke molao o o sa khutleng wa ditshika tsa lona mo mafelong otlhe kwa lo nnang teng.
Tebogo ya Thobo
15 “ ‘Jaanong go tloga ka letsatsi le le tlhomaganang le Sabata le lo tlisitseng ngata ya kgadikanyo ka lone lo bale dibeke di supa tse di tletseng,
16 go ya go fitlha letsatsing le le tlhomaganang le Sabata wa bosupa, lo bale malatsi a le 50. E be gona lo isetsangMorenatshupelo ya bupe jo bošwa.
17 Lo tlise dinkgwe di le pedi tsa kgadikanyo, di tswa mo malapeng a lona, e nne tsa dikarolo tse pedi tsa lesome tsa efa ya bupe jo bo boleta, di besiwe di bedisitswe e le mabutswapele aMorena.
18 Mmogo le dinkgwe tseo lo tlise dikwana di supa tse di se nang bogole tsa ngwaga o le mongwe le poana e le nngwe le diphelehu di le pedi; e nne tsa setlhabelo sa phiso saMorenammogo le ditshupelo tsa tsona tsa dijo le tsa noo di fisediweMorenago nna tsa monko o o monate.
19 Lo dire phoko e le nngwe setlhabelo sa boleo le dikwana di le pedi tsa ngwaga o le mongwe setlhabelo sa tebogo.
20 A moperesiti a di kgadikanye mmogo le dinkgwe tsa mabutswapele go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele gaMorenammogo le dikwana tse pedi; ke tse di itshepetsengMorenago nna tsa moperesiti.
21 Lo tlhabe mokgosi ka lone letsatsi leo wa gore lo kgobokanele kwa Felong-ga-Boitshepo ka lone; se direng tiro epe ya mosebetsi ka lone. Ke molao o o sa khutleng gotlhe kwa le nnang teng.
22 “ ‘E re lo roba thobo ya masimo a lona, lo se ka lwa feleletsa go roba matlhakore a masimo a lona, fa lo kotula; lo se ka lwa sela maronopo a thobo ya lona, mme lo a tlogelele bahumanegi le baeng. Ke nnaMorenaModimo wa lona.’ ”
Letsatsi la ntlha la ngwaga o mošwa
23 Morenaa ba a raya Moše a re:
24 “Bua le Baiseraele o re: ‘Letsatsi la ntlha la kgwedi ya bosupa e nne le legolo la boikhutso mo go lona la modumo wa dinaka o o kgothatsang, la go kgobokanela kwa Felong-ga-Boitshepo.
25 Lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone; lo isetseMorenaditlhabelo tsa molelo.’ ”
Letsatsi la thuanyo
26 Morenaa ba a raya Moše a re:
27 “Ka kgwedi ya bosupa eo e le 10 ke letsatsi la thuanyo; lo tshwanetse go kgobokanela kwa Felong-ga-Boitshepo ka lone, le go ikokobetsa, lo isetseMorenaditlhabelo tsa molelo.
28 Lo se ka lwa dira tiro epe ka lone letsatsi leo; gonne ke letsatsi la thuanyo la go agisanya leMorena, Modimo wa lona.
29 Mme mongwe le mongwe yo o sa ikokobetseng ka letsatsi leo o tshwanetse go nyelediwa mo morafeng wa ga gabo.
30 Gape motho mongwe le mongwe yo o dirang tiro nngwe ka lone letsatsi leo ke tla mo isa tatlhegong, ke mo tlosa mo morafeng wa ga gabo.
31 Lo se ka lwa dira tiro epe ka lone. Ke molao o o sa khutleng wa ditshika tsa lona mo mafelong otlhe kwa lo nnang teng.
32 Ke Sabata wa boikhutso jo bo tletseng mo go lona, mme lo ikokobetse. Lo simolole ka la robongwe la kgwedi eo, go tloga maitsiboa go ya maitsiboa a kamoso, lo ikhutse ka Sabata yoo wa lona.”
Moletlo wa Metlaagana
33 Morenaa ba a raya Moše a re:
34 “Bua le Baiseraele o re: ‘Ka kgwedi eo ya bosupa e le 15 ke Moletlo wa Metlaagana waMorenawa malatsi a supa.
35 Ka letsatsi la ntlha go kgobokanelwe kwa Felong-ga-Boitshepo; lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone.
36 Lo nne lo isetseMorenaditshupelo tsa molelo malatsi a supa, mme ka letsatsi la robedi lo kgobokanele kwa Felong-ga-Boitshepo, lo be lo isetseMorenaditshupelo tsa molelo; ke kgobokano ya go khutlisa Meletlo. Lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone.
37 “ ‘Ke tsona dipaka tsa Meletlo yaMorenatse lo tshwanetseng go di kua gore go kgobokanelwe kwa Felong-ga-Boitshepo, go be go isediweMorenaditshupelo tsa molelo, e bong ditlhabelo tsa phiso le ditshupelo tsa dijo le ditlhabelo tse di jewang le ditshupelo tsa noo ka fa go batlegang letsatsi lengwe le lengwe ka teng.
38 Kwa ntle ga tsona go tsisiwa tsa boSabata baMorenale dineo tsa lona le dineo tsotlhe tsa maikano a lona le dineo tsotlhe tsa bogalona tse lo di neelangMorena.
39 “ ‘Fela ka kgwedi ya bosupa e le 15 fa lo sena go roba thobo ya masimo, lo tshware Moletlo waMorenamalatsi a supa. Ka letsatsi la ntlha go ikhutsiwe le ka letsatsi la robedi.
40 Ka letsatsi la ntlha lo tsee maungo a ditlhare tse dintle le dikala tsa mekolane le tsa ditlhare tse di raraanyeng le tsa megokare ya noka, lo itumele fa pele gaMorena, Modimo wa lona, malatsi a supa.
41 Lo o dire malatsi a supa ka ngwaga e le Moletlo waMorena; ke molao o o sa khutleng wa ditshika tsa lona; lo o tshware ka kgwedi ya bosupa.
42 Lo nne mo metlaaganeng malatsi a supa; botlhe ba ba tsaletsweng mo Iseraele ba nne mo metlaaganeng
43 gore ba ditshika tsa lona ba tle ba itse gore ke ne ke nnisa Baiseraele mo metlaaganeng, fa ke ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto. Ke nnaMorenaModimo wa lona.’ ”
44 Mme Moše a begela Baiseraele dipaka tsa Meletlo yaMorena.